Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?

Kgaolo 33

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?

Leba dintlha tse di latelang mme o tshwaye ka ✔ mo lebokosong le le lebaganeng le ntlha nngwe le nngwe e o akanyang gore e a go tlhalosa.

□ Ke batla go itse

□ Ke na le kgatelelo ya maikutlo

□ Ke batla go amogelwa ke balekane

□ Ke batla go fokotsa boima jwa mmele

FA E le gore o tshwaile lengwe la mabokoso a a mo go tsebe 237, go raya gore o na le sengwe se o tshwanang ka sone le balekane ba gago ba ba gogang motsoko kgotsa ba ba kileng ba akanya ka gone. * Ka sekai:

Go kgotsofatsa keletso ya go batla go itse. “Ke ne ke ipotsa gore go ntse jang, ka jalo ke ne ka tsaya sekerete mo mosetsaneng mongwe yo ke tsenang sekolo le ene mme ka ikutswa ka ya go se goga.”—Tracy.

Go lebana le kgatelelo ya maikutlo le go batla go amogelwa ke balekane. “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba rata gore, ‘Ke tlhoka fela sekerete,’ fa a sena go goga o tla bo a kgwa mowa a bo a re, ‘Jaanong ke ikutlwa botoka!’ Le nna fa ke gateletswe mo maikutlong, ke ne ke batla go goga.”—Nikki.

Go fokotsa boima jwa mmele. “Basetsana bangwe ba goga motsoko gore ba nne ba le basesane—go motlhofo go na le go fokotsa mmele ka go itima dijo!”—Samantha.

Mme gone, pele ga o ka tshuba sekerete sa gago sa ntlha—kgotsa sa bobedi—a o ko o eme go sekae mme o akanye. O se ka wa tshwana le tlhapi e e lwelang go ja dijo tse di mo sekgogeng. Gone ke boammaaruri gore tlhapi eno e tla solegelwa molemo ke go bona se e se jang, mme e tla swa! Go na le moo, latela kgakololo ya Baebele mme o dirise “bokgoni jwa gago jwa go akanya.” (2 Petere 3:1) Araba dipotso tse di latelang.

Tota ke Eng Se o Se Itseng ka go Goga Motsoko?

Tshwaya ntlha nngwe le nngwe ka boammaaruri kgotsa maaka.

a. Go goga motsoko go tla fokotsa kgatelelo e ke nang le yone ya maikutlo.

□ Boammaaruri □ Maaka

b. Ke tla hemela kwa ntle mo e ka nnang mosi otlhe wa motsoko.

□ Boammaaruri □ Maaka

c. Go goga motsoko go tla koafatsa botsogo jwa me ke setse ke godile.

□ Boammaaruri □ Maaka

d. Go goga motsoko go tla dira gore batho ba bong bo sele ba nkgatlhegele le go feta.

□ Boammaaruri □ Maaka

e. Fa ke goga, ke nna fela ke gobalang.

□ Boammaaruri □ Maaka

f. Modimo ga a kgathale gore a ke goga motsoko kgotsa ga ke o goge.

□ Boammaaruri □ Maaka

Dikarabo

a. Maaka. Le fa gone go goga motsoko go ka fokotsa ka nakwana matshwao a go gatelelwa mo maikutlong, baitsesaense ba lemogile gore tota nikotine e oketsa selekanyo sa dihoromone tse di bakang go gatelelwa mo maikutlong.

b. Maaka. Dipatlisiso dingwe di bontsha gore diperesente di feta 80 tsa dikarolwana tsa mosi wa sekerete o o o hemelang mo teng, o sala mo mmeleng wa gago.

c. Maaka. Le fa gone dikotsi tsa go goga di oketsega nako nngwe le nngwe fa o goga sekerete, ditlamorago dingwe tsa gone ga o ka ke wa di lemoga ka yone nako eo. Batho ba bangwe ba a tshwakgoga le fa ba gogile sekerete se le sengwe fela. Go goga motsoko go tla fokotsa selekanyo sa mowa o o tsenang mo makgwafong mme go ka direga gore o gotlhole mo go sa feleng. Letlalo la gago le tla tsutsubana o sa ntse o le monnye. Go goga motsoko go ka baka bothata jwa go sa dire sentle ga dirwe tsa tlhakanelodikobo, go tlhobaela ka tsela e e feteletseng le go tshwenyega thata mo maikutlong.

d. Maaka. Mmatlisisi mongwe e bong Lloyd Johnston, o lemogile gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba gogang motsoko, “ga ba kgatlhegelwe thata ke bontsi jwa batho ba bong bo sele.”

e. Maaka. Batho ba le diketekete ba ba sa gogeng motsoko, ba a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go hema mosi wa motsoko; o tla gobatsa ba lelapa la gaeno, ditsala tsa gago tota le diruiwa tsa gago.

f. Maaka. Ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go intlafatsa “leswe lengwe le lengwe la nama.” (2 Bakorintha 7:1) Ga go pelaelo gore go goga motsoko go leswafatsa mmele. Fa o tlhopha gore o se ka wa nna phepa, o ikgobatsa le go gobatsa ba bangwe ka go dirisa motsoko, ga o ka ke wa nna tsala ya Modimo.—Mathaio 22:39; Bagalatia 5:19-21.

Kafa o ka Ganang ka Gone

Jaanong, o tla dira eng fa mongwe a go naya sekerete? Gantsi go araba ka tsela e e motlhofo mme o tiisitse o re, “Nnyaa ke a leboga, ga ke goge motsoko,” go ka go thusa. Fa motho yono a nnela go go pateletsa kgotsa e bile a go kgoba, se lebale gore ke se o se itlhophetseng. Gongwe o ka nna wa re:

● “Ke ithutile ka dikotsi tsa go goga motsoko mme ka swetsa ka gore ga nkitla ke goga.”

● “Ke na le dilo dingwe tse ke tshwanetseng go di dira mo isagweng, tse di ntlhokang gore ke bo ke sa ntse ke tshela.”

● “A o nyatsa tshwanelo e ke nang le yone ya go itirela ditshwetso?”

Mme gone, fela jaaka basha ba ba umakilweng pelenyana mo kgaolong eno, o ka tswa o lemogile gore ke wena o ipakelang kgatelelo gonne o eletsa go goga. Fa e le gore go ntse jalo, o ka lwantshana le keletso eno ka go ipotsa dipotso tse di jaaka tseno:

● ‘A tota go goga motsoko go tla ntsholegela molemo? Ka sekai, fa ke swetsa ka gore ke goge motsoko fela ka gonne ke batla go amogelwa ke balekane ba me, a gone ba tla nkamogela le fa go na le dilo tse dingwe gape tse ke sa tshwaneng le bone ka tsone? A tota ke batla go amogelwa ke batho ba ba tla itumelelang go mpona ke senya botsogo jwa me?’

● ‘Go goga motsoko go tla ntlhoka madi a a kana kang, go tla nteretse mathata afe a botsogo, mme a go tla dira gore batho ba bangwe ba tswelele ba ntlotla?’

● ‘A ke tla batla go ananya kamano ya me le Modimo ka tlhwatlhwa fela ya sekerete?’

Mme gone, go tweng fa e le gore o setse o tshwakgogile? Ke eng se o ka se dirang gore o tlogele go goga motsoko?

Se se Ka go Thusang Gore o Tlogele

1. Ititeye sehuba. Kwala mabaka a gago a go bo o batla go tlogela motsoko mme o nne o sekaseke lenaane leo gangwe le gape. Go eletsa go nna o le phepa fa pele ga Modimo go ka go tlhotlheletsa fela thata.—Baroma 12:1; Baefeso 4:17-19.

2. Kopa thuso. Fa e le gore o ntse o goga motsoko mo sephiring, eno ke nako ya gore o bolelele mongwe mme o kope thuso. Bolelela batho ba o ntseng o ba lobela gore jaanong o tlogela motsoko, mme o kope gore ba go eme nokeng. Fa e le gore o batla go direla Modimo, mo kope ka thapelo gore a go thuse.—1 Johane 5:14.

3. Baya letlha le o batlang go tlogela ka lone. Ipeele dibeke tse pedi kgotsa tse di kwa tlase mme o tshwaye mo khalendareng ya gago letsatsi le o ikemiseditseng go tlogela ka lone. Bolelela ba lelapa la gaeno le ditsala tsa gago gore o batla go tlogela go goga motsoko ka letlha leo.

4. Di batle mme o di latlhe. Pele letsatsi le o batlang go tlogela ka lone le goroga, phuruphutsha mo kamoreng, mo koloing le mo diaparong, o batle disekerete tse di ka tswang di le teng. Di latlhe. Latlha dilaetara, dimmetšhise le diterei tsa molora wa motsoko.

5. Batla tsela e e tla go thusang go itshokela maikutlo a a bakiwang ke go tlogela go goga motsoko. Nwa jusi e ntsi kgotsa metsi mme o nne le nako e e lekaneng ya go robala. Nna o gakologetswe gore bothata jono ke jwa nakwana fela, mme melemo ya teng yone ke e e nnelang ruri!

6. Tila dilo tse di ka go raelang. Tila maemo le mafelo a a ka go raelang go goga motsoko. Gape o ka nna wa tlhoka gore o se tlhole o tsalana le batho ba ba gogang.—Diane 13:20.

O se Ka wa Raelesega

Ngwaga le ngwaga, dikhampani tsa motsoko di dirisa dibilionebilione tsa didolara mo papatsong. Tota di a bo di kwaile bomang? Kgatiso nngwe ya khampani ya motsoko ya re: “Mosha yo o gogang motsoko gone jaanong, e tla nna moreki yo mogolo mo isagweng.”

O se ka wa letla borakgwebo ba motsoko ba go feletsa madi. Ke eng fa o itetla go tsietsega? Ga go ope wa bone yo o go batlelang molemo, e ka tswa e le borakgwebo kgotsa balekane ba gago ba ba gogang. Go na le go ba reetsa, reetsa kgakololo e e fitlhelwang mo Baebeleng mme o ithute “gore o solegelwe molemo.”—Isaia 48:17.

MO KGAOLONG E E LATELANG

A ditsala tsa gago di go pateletsa go nwa bojalwa? Bona gore ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go itse se se go siametseng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Le fa gone setlhogo seno se bua ka batho ba ba gogang sekerete, mathata le dikotsi tse go tlotliwang ka tsone di nna gone le mo bathong ba ba jang motsoko o o tšhotlhiwang.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Ithibeng mo go sengwe le sengwe se se dirang gore mebele ya rona . . . e se ka ya nna phepa.”—2 Bakorintha 7:1, Contemporary English Version.

KAKANTSHO

O se ka wa itsietsa ka go ipolelela gore: “Ga nkitla ke goga sekerete sotlhe, ke tla se hupa gangwe fela.” Gantsi diipato tse di ntseng jalo di dira gore o boele mo go gogeng motsoko.—Jeremia 17:9.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Motsoko o o se nang mosi—o o jaaka motsoko o o tšhotlhwang—o na le nikotine e ntsi go feta sekerete e bile o na le metswako e e ka nnang 25 ya botlhole jo bo bakang kankere, jo bo oketsang dikotsi tsa gore motho yo o o dirisang a tsenwe ke kankere ya mometso le ya molomo.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa moithutikanna a mpateletsa go goga motsoko ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Le fa o ka tswa o itse ka dikotsi tsa go goga motsoko, ke eng fa o sa ntse o ka raelesega go goga?

● Ke eng se se go tlhatswitseng pelo gore go goga motsoko ga go a siama?

[Mafoko a a mo go tsebe 240]

“Fa ke newa sekerete, ke nyenya fela ke bo ke re, ‘nnyaa ke a leboga, ga ke batle go tsenwa ke kankere.’’’—Alana

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 241]

A Tota Matekwane a Kotsi?

Ellen yo o nnang kwa Ireland a re: “Bangwe ba re go dirisa matekwane ke tsela nngwe ya go itebatsa mathata mme ba bolela gore ga a na ditlamorago dipe tse di sa siamang.” A le wena o kile wa utlwa bangwe ba bua jalo ka matekwane? Bapisa ditlhamane dingwe tse di tlwaelegileng le se tota e leng boammaaruri.

Tlhamane. Matekwane ga a kotsi.

Boammaaruri. Ditlamorago tse di nnelang ruri tse di itsegeng le tse di fopholediwang tsa matekwane ke: go nna le bothata jwa go gakologelwa dilo, go koafala ga bokgoni jwa go ithuta, go se bereke sentle ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse le go sa dire sentle ga dirwe tsa tlhakanelodikobo mo banneng le mo basading. A ka baka go tlhobaela thata, go nna le bothata jwa tlhaloganyo le go tshwenyega ka dilo dingwe ka tsela e e feteletseng. Bana ba ba tsholwang ke basadi ba ba gogang matekwane, gantsi ba nna le bothata jwa go itshwara sentle, ga ba kgone go tlhoma mogopolo e bile ba nna le bothata jo bogolo jwa go dira ditshwetso.

Tlhamane. Mosi wa matekwane ga o bogale jaaka wa sekerete.

Boammaaruri. Fa mosi wa matekwane o bapisiwa le wa motsoko, o ka tsenya mo mometsong wa gago bokgakga jo bo fetang jwa motsoko ka makgetlo a le manè e bile o tsenya mo mading a gago khabonomonokosaete e e kotsi ka makgetlo a le matlhano go feta mosi wa motsoko. Fa o goga dizolo di le tlhano tsa matekwane, o ka kgona go tsenwa ke botlhole jo bo bakang kankere ka selekanyo se se lekanang le sa fa o gogile pakete yotlhe ya disekerete.

Tlhamane. Matekwane ga a tshwakgole.

Boammaaruri. Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba nang le bothata jwa tlhaloganyo kgotsa jwa maikutlo, ba ka tshwakgolwa ke matekwane ka bonako. Ba bangwe bone ba ka tshwakgoga morago ga go a dirisa ka lobaka lo loleele. Mo godimo ga moo, dipatlisiso di bontsha gore basha ba ba gogang matekwane ba mo kotsing e e kwa godimo ya gore ba ka dirisa diokobatsi tse dingwe tse di tshwakgolang, tse di jaaka khokeine.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 244, 245]

Se Motsoko o se Dirang mo Mmeleng wa Gago

Leba batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng ba ba bontshiwang mo dipapatsong tsa disekerete; mme o bapise ditshwantsho tseo le se tota motsoko o se dirang mo mmeleng wa gago.

Molomo le mometso O ka baka kankere

[Setshwantsho]

Loleme lo lo tshwaeditsweng ke kankere

Pelo Ditshika di nna thata di bo di ngotlega, mme pelo e bo e sa kgone go amogela okosejene e e lekaneng, seno se ka go baya ka makgetlo a a menaganeng ganè mo kotsing ya go nna le bolwetse jwa pelo

[Setshwantsho]

Tshika e e thibaneng

Makgwafo O senya dikgetsana tsa mowa, o fisa mometso e bile o ka oketsa ka makgetlo a a fetang 23 dikotsi tsa gore o tshwarwe ke kankere ya makgwafo

[Setshwantsho]

Lekgwafo la motho yo o gogang motsoko

Boboko O oketsa ka makgetlo a a menaganeng ganè dikotsi tsa gore o tshwarwe ke seterouku

Letlalo O ka dira gore o tsofale pele ga nako

Meno O fetola mmala wa meno

Mala O baka kankere

Lobete O baka kankere

Setlha O baka kankere

Diphilo O baka kankere

[Setshwantsho mo go tsebe 239]

Jaaka tlhapi e e lwelang go ja dijo tse di mo sekgogeng, motho yo o gogang motsoko o solegelwa molemo ka nako eo mme o lebana le matswela a a botlhoko