Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?

Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?

Kgaolo 34

Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?

O ka araba jang dipotso tse di latelang? Tshwaya ka ✔ mo lebokosong go bapa le karabo ya gago.

A balekane bangwe ba gago ba nwa bojalwa ba ise ba nne mo dingwageng tsa go ka nwa kgotsa ba nwa bobe?

□ Ee □ Nnyaa

A balekane ba gago ba kile ba go pateletsa go nwa bojalwa?

□ Ee □ Nnyaa

A o kile wa nwa bobe?

□ Ee □ Nnyaa

GO NWA bobe ke eng? Bangwe ba re ke go nwa go fitlha o tagwa. Pego nngwe ya U.S. National Institute on Alcohol Abuse and Alcoholism e ile ya leka go tlhalosa seo ka tlhamalalo. E ile ya re go nwa bobe ke “fa banna ba nwa dino di le tlhano kgotsa go feta ka nako e le nngwe mme basadi bone ba nwa di le nnè kgotsa go feta ka nako e le nngwe.”

Fa e le gore o kile wa raelesega go nwa go tlola kgotsa go nwa le fa o se mo dingwageng tse motho a letleletsweng go nwa ka tsone, itse gore ga se wena fela. Basha ba le bantsi ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. * Mme gone ipotse, ‘A tota ke itse lebaka la go bo ke batla go nwa le ditlamorago tse ke tla lebanang le tsone ka ntlha ya bojalwa?’ Ka sekai, o tla araba jang dipotso tseno tsa boammaaruri kgotsa maaka? Tshwaya ka how would you answer these true-or-false questions? Place a ✔ mo lebokosong go bapa le karabo ya gago mme o akanye ka dintlha tse di latelang.

a. Lebaka fela la go bo basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba nwa ke ka gonne ba rata moutlwalo wa bojalwa.

□ Boammaaruri □ Maaka

b. E re ka basha ba sa ntse ba le bannye e bile ba itekanetse sentle mo mmeleng, ga ba lebane thata le ditlamorago tse di maswe tsa bojalwa jaaka bagolo.

□ Boammaaruri □ Maaka

c. Go nwa bobe ga go ka ke ga go bolaya.

□ Boammaaruri □ Maaka

d. Baebele e kgala go nwa bojalwa.

□ Boammaaruri □ Maaka

e. Go koafala mo mmeleng ke jone fela bothata jo bo bakiwang ke go nwa bobe.

□ Boammaaruri □ Maaka

a. Lebaka fela la go bo basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba nwa ke ka gonne ba rata moutlwalo wa bojalwa. Karabo—Maaka. Patlisiso nngwe e e kaga bojalwa e e dirilweng kwa Australia e bontsha gore diperesente di le 36 tsa basha ba ba ileng ba botsolodiwa, ba re ba nwa ka gonne ba batla go amogelwa ke balekane ba bone. Kwa United States, dipatlisiso di bontsha gore diperesente di le 66 tsa basha tsa re di nwa ka ntlha ya kgatelelo ya balekane. Le fa go ntse jalo, ba ba fetang halofo ba re ba nwa gonne ba batla go itebatsa mathata.

b. E re ka basha ba sa ntse ba le bannye e bile ba itekanetse sentle mo mmeleng, ga ba lebane thata le ditlamorago tse di maswe tsa bojalwa jaaka bagolo. KaraboMaaka. Setlhogo sengwe mo makasineng wa Discover sa re, “Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore basha ba ba nwang bojalwa ba tsenya botsogo jwa bone mo kotsing.” Jang? “Basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba nwang mo go feteletseng ba ka nna ba senya karolo e kgolo ya ditlhaloganyo tsa bone.”

Go nwa bojalwa mo go feteletseng gape go amanngwa le go tswa diso, go tsofala ka bonako, go nona, go tshwakgolwa ke bojalwa le diokobatsi. Gape go ka senya fela thata ditshika tsotlhe tsa mmele, sebete le pelo.

c. Go nwa bobe ga go ka ke ga go bolaya. Karabo—Maaka. Go nwa bojalwa mo go feteletseng go dira gore boboko bo se ka jwa bona okosejene e e lekaneng; dikarolo tsa botlhokwa tsa mmele di ka nna tsa simolola go sa bereke sentle mme kgabagare tsa swela ruri. Matshwao a teng a ka akaretsa go kgwa, go idibala le go hema ka bonya kgotsa go sa heme sentle. Ka dinako tse dingwe go ka felela ka gore motho a swe.

d. Baebele e kgala go nwa bojalwa. Karabo—Maaka. Baebele ga e kgale go nwa bojalwa, e bile ga e kgatlhanong le gore basha ba ijese monate. (Pesalema 104:15; Moreri 10:19) Gone ke boammaaruri gore o tshwanetse wa bo o na le dingwaga tse di letlelelwang go ya ka molao gore o nwe bojalwa.—Baroma 13:1.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa ka go nwa mo go feteletseng. Diane 20:1 ya re, “Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.” Bojalwa bo ka dira gore o itshware jaaka seeleele! Gone ke boammaaruri gore bo ka go tlisetsa boitumelo jwa nakwana mme fa o bo nwa mo go feteletseng, bo “loma jaaka noga,” bo go tlogela o le mo mathateng a mantsi.—Diane 23:32.

e. Go koafala mo mmeleng ke jone fela bothata jo bo bakiwang ke go nwa bobe. Karabo—Maaka. Fa o tagwa, o ipaya mo kotsing ya go tshwarwa makgwakgwa—le e leng go betelelwa. Mo godimo ga moo, le wena o ka nna wa nna kotsi mo go ba bangwe, o itshwara ka tsela e o sa keng o itshwara ka yone. Baebele e tlhagisa gore fa o nwa bobe, “ga o ka ke wa kgona go akanya kgotsa go bua sentle.” (Diane 23:33, Today’s English Version) Ka bokhutshwane fela, o tla bo o itira sematla! Ditlamorago tse dingwe tse di sa itumediseng di ka akaretsa go latlhegelwa ke ditsala, go sa dire sentle kwa sekolong le kwa tirong, go humanega le go nna le rekoto ya bokebekwa.—Diane 23:21.

Sa botlhokwa le go feta, akanya kafa go nwa bojalwa bobe go ka senyang kamano ya gago le Jehofa ka gone. Jehofa Modimo o batla gore o mo direle ka “mogopolo otlhe wa gago”—e seng ka mogopolo o o sentsweng go sa tlhokege ke go nwa bojalwa bobe. (Mathaio 22:37) Lefoko la Modimo ga le kgale fela “go nwa beine mo go feteletseng” mme gape le kgala le “mekete ya go nwa.” (1 Petere 4:3) Ka jalo, go nwa bobe go kgatlhanong le thato ya Mmopi wa rona e bile go ka dira gore o se ka wa itumelela go nna le kamano e e gaufi le Modimo.

O Tla Dira Tshwetso Efe?

A o tla etsa balekane ba gago ba ba nwang bojalwa bobe? Baebele ya re: “A ga lo itse gore fa lo nna lo ikisa mo go ofe fela jaaka batlhanka gore lo mo utlwe, lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo utlwa?” (Baroma 6:16) A o batla go nna motlhanka wa balekane ba gago kgotsa wa bojalwa?

Ke eng se o ka se dirang fa o setse o tsene ka tlhogo mo mokgweng wa go nwa bojalwa bobe? Kopa thuso ka bonako ka go bua le motsadi wa gago kgotsa tsala e e godileng semoyeng. Bua le Jehofa ka thapelo mme o mo kope gore a go thuse. Tota e bile, ke “thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.” (Pesalema 46:1) E re ka kgatelelo ya balekane e le yone e dirang gore basha ba nwe bojalwa bobe kgotsa ba nwe ba sa le bannye, o ka nna wa tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo fa o tlhopha ditsala. * Go dira diphetogo tse di ntseng jalo ga go motlhofo mme gone o ka kgona ka thuso ya ga Jehofa.

MO KGAOLONG E E LATELANG

O ka kgona go fenya go tshwakgolwa ke diokobatsi. Bona gore jang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Bona lebokoso le le reng,  “Ke Bomang Ba ba Go Dirang?” mo tsebe 249.

^ ser. 32 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 8 le 9 ya buka eno le Kgaolo 15 ya Bolumo 2.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Letagwa le . . . tla humanega.”—Diane 23:21.

KAKANTSHO

Tlhalosa mabaka a go bo o batla go nwa bojalwa. Go tswa foo, o akanye ka ditsela tse dingwe tse di siameng tse o ka itumelelang botshelo kgotsa wa fokotsa kgatelelo ya maikutlo ka tsone.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go ya ka patlisiso nngwe ya kwa United States, “basha ba ba itlwaeditseng go nwa bobe ba lofa sekolo ka makgetlo a le robedi go feta ba ba sa nweng bobe, ga ba dire sentle mo dithutong tsa bone tsa sekolo, ba a gobala e bile ba senya dithoto.”

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa balekane ba me ba batla gore re dirise bojalwa ka tsela e e feteletseng, ke tla re ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa balekane ba gago ba rata gore ba bangwe ba kopanele le bone mo go sa diriseng bojalwa sentle?

● A go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go tla dira gore batho ba bong bo sele ba go kgatlhegele, mme ke eng fa o araba jalo?

[Mafoko a a mo go tsebe 250]

“Fa bana ba ke tsenang sekolo le bone ba nnaya bojalwa, ke ba bolelela gore ga ke tlhoke bojalwa gore ke itumele.’’—Mark

[Lebokoso mo go tsebe 249]

 Ke Bomang Ba ba Go Dirang?

Go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo baneng ba ba tsenang sekolo se segolwane kwa Engelane, Scotland le kwa Wales, nngwennèng ya bana ba dingwaga tse 13 le 14 “ba ne ba bolela gore ba ile ba nwa bobotlana mefuta e le metlhano ya dinotagi ka nako e le nngwe.” Mo patlisisong e e dirilweng mo go ba ba nang le dingwaga tse 15 le 16, halofo ya bone e ile ya bua se se tshwanang. Go ya ka U. S. Department of Health and Human Services, mo e ka nnang dimilione di le 10,4 tsa basha ba dingwaga tse 12 go ya go tse 20 ba ne ba re ba nwa bojalwa. Mo palong eno, ba le dimilione tse 5,1 ba bone e ne e le ba ba nwang bobe mme go na le ba bangwe ba le dimilione tse 2,3 ba ba neng ba nwa mo go feteletseng e bile ba nwa bobe mo e ka nnang makgetlo a le matlhano mo kgweding.” Patlisiso e e dirilweng kwa Australia e bontshitse gore basetsana ba le bantsi kwa nageng eo, ba nwa bobe go feta basimane—ba nwa dino tse di magareng ga di le 13 le di le 30 ka nako e le nngwe!

[Setshwantsho mo go tsebe 251]

Bojalwa bo ka loma jaaka noga