Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?

Kgaolo 37

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?

Mo go Allison, e leng mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome wa kwa Australia, Mantaga mongwe le mongwe o ngomola pelo.

A re: “Mongwe le mongwe o bua ka se a neng a se dira ka mafelobeke. Ba bua dilo tse go utlwalang di kgatlha tota, tse di jaaka gore ba ne ba ile diphathing tse kae, ba ile ba suna basimane ba le kae—tota le gore ba ile ba kgona jang go tshabela mapodise . . . Go utlwala go tshosa tota, mme go a kgatlha! Ba goroga mo lapeng ka ura ya botlhano mo mosong mme batsadi ba bone ga ba re sepe. Nna ke tshwanetse ka bo ke robetse le e leng pele ba simolola maitiso a bone!

“Fa ba sena go mpolelela tse ba neng ba di dira ka mafelobeke, ba mpotsa se ‘nna’ ke neng ke se dira. . . . Ke ile dipokanong tsa Bokeresete. Ka ya tirelong ya tshimo. Ke ikutlwa e kete ke fetilwe ke monate. Ka jalo, ka metlha ke ba raya ke re ke ne ke sa dire sepe. Mme ba tla bo ba mpotsa gore ke eng fa ke ne ke sa tsamaye le bone.

“Fa Mantaga a fetile, o akanya gore gongwe dilo di tla nna botoka. Mme ga go a nna jalo. Ka Labobedi, mongwe le mongwe o tla bo a bua ka mafelobeke a a latelang! Ka metlha ke nna fa fatshe ke bo ke ba reetsa fa ba ntse ba bua. Ruri ke ikutlwa ke le learogi!”

A LE wena letsatsi la gago la Mantaga kwa sekolong le ntse jalo? Gongwe o ka tswa o ikutlwa e kete kwa ntle di a boa, ke menate fela mme wena o lotleletswe mo ntlong—kgotsa o ikutlwa e kete o kwa parakeng e e nang le ditshamekisi tse di palangwang mme wena ga o a letlelelwa go palama sepe sa tsone. Ga se gore o batla go dira sengwe le sengwe se balekane ba gago ba se dirang. O eletsa e kete le wena o ka nna le dinako tsa go ijesa monate! Ka sekai, o ka rata go ijesa monate ka tsela efe mo mafelobekeng ano a a tlang?

□ tantshe

□ phathi

□ konsarata ya mmino

□ filimi

□ tse dingwe ․․․․․

O tlhoka boitlosobodutu. Tota e bile, Mmopi wa gago o batla gore o ipelele bosha jwa gago. (Moreri 3:1, 4) Mme gone, le fa ka dinako tse dingwe o ka nna wa belaela seno, batsadi ba gago le bone ba batla gore o ijese monate. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore batsadi ba gago ba tshwenngwa ke dilo tseno tse pedi tsa botlhokwa: (1) gore o tla bo o dira eng le gore (2) o tla bo o na le bomang.

Mme gone, go tweng fa e le gore o laleditswe go tswa le ditsala tsa gago mme o ipotsa gore batsadi ba gago ba tla reng? Ela tlhoko dilo tse tharo tse o ka tlhophang go di dira le ditlamorago tsa tsone.

TLHOPHO A O SE KA WA BA KOPA—TSAMAYA FELA

Lebaka la go bo o ka akanyetsa go dira seno: O batla go kgatlha ditsala tsa gago, o ba bontsha gore wena o a itaola. O akanya gore wena o itse go feta batsadi ba gago kgotsa ga o tlotle go le kalo tsela e ba lebang dilo ka yone.—Diane 14:18.

Ditlamorago: Gongwe ditsala tsa gago di ka nna tsa kgatlhega mme gape di tla ithuta sengwe ka wena—gore o leferefere. Fa o kgona go tsietsa batsadi ba gago, o ka nna wa tsietsa le ditsala tsa gago. Fa batsadi ba gago ba ka lemoga, ba tla utlwa botlhoko ba bo ba ikutlwe ba tsieditswe, mme ba ka nna ba go beela dithibelo tse di oketsegileng! Go sa ikobele batsadi ba gago le go itsamaela fela ke tshwetso ya boeleele.—Diane 12:15.

TLHOPHO B O SE KA WA BA KOPA—O SE KA WA TSAMAYA

Lebaka la go bo o ka akanyetsa go dira seno: O akanya ka taletso mme o swetsa ka gore se se tla bong se dirwa ga se dumalane le melaometheo ya gago kgotsa gore go laleditswe batho bangwe ba e seng ditsala tse di molemo. (1 Bakorintha 15:33; Bafilipi 4:8) Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o batla go tsamaya mme o se na bopelokgale jwa go kopa batsadi ba gago.

Ditlamorago: Fa o sa tsamaye ka gonne o itse gore go ya koo e tla bo e le tshwetso e e seng botlhale, o tla nna le bopelokgale jwa go araba ditsala tsa gago. Mme fa o sa ye fela ka gonne o tshaba go kopa batsadi ba gago, o ka nna wa feleletsa o ntse kwa gae o hutsafetse, o akanya gore ke wena fela motho yo o sa ijeseng monate.

TLHOPHO C BA KOPE—MME O UTLWE GORE BA RENG

Lebaka la go bo o ka akanyetsa go dira seno: O lemoga gore batsadi ba gago ba na le taolo mo go wena e bile o tlotla tsela e ba lebang dilo ka yone. (Bakolosa 3:20) O rata batsadi ba gago e bile ga o batle go ba utlwisa botlhoko ka go ngwega ba sa itse. (Diane 10:1) Gape o na le tshono ya go tlhalosa kgang ya gago.

Ditlamorago: Batsadi ba gago ba tla bona gore o a ba rata e bile o a ba tlotla. Mme fa ba bona kopo ya gago e utlwala, ba ka nna ba go dumelela go tsamaya.

Lebaka La go Bo Batsadi ba ka Gana

Mme gone, o tla dira eng fa batsadi ba gago ba gana? Seno se ka go betisa pelo. Le fa go ntse jalo, go tlhaloganya tsela e ba lebang dilo ka yone go ka nna ga go thusa go lebana le dithibelo tse ba go beetseng tsone. Ka sekai, gongwe ba ka tswa ba gana ka ntlha ya lebaka kgotsa mabaka a a latelang.

Ba na le kitso le maitemogelo go go feta. Fa o ne o kgona go itlhophela, o ne o ka batla go thuma mo lefelong le le nang le bafalotsi ba ba thusang batho gore ba se ka ba nwela. Ka ntlha yang? Ka gonne fa o ntse o le mo metsing o ijesa monate, ga o kgone go bona dikotsi tsotlhe tse di ka tlhagang. Mme bafalotsi bone, ba mo lefelong le le botoka le le ba thusang go bona dikotsi sentle.

Ka tsela e e tshwanang, e re ka batsadi ba gago ba na le kitso le maitemogelo, ba ka tswa ba bona dikotsi tse wena o sa kgoneng go di bona. Fela jaaka bafalotsi ba ba fa losing lwa lewatle, boikaelelo jwa batsadi ba gago ga se go go senyetsa monate, mme ke go go thusa go tila dikotsi tse di ka go sulafaletsang boitumelo mo botshelong.

Ba a go rata. Batsadi ba gago ba eletsa thata go go sireletsa. Lorato lo ba tlhotlheletsa go dumela fa go kgonega le go gana fa go tshwanela. Fa o ba kopa go dira sengwe, ba ipotsa gore a ba ka go naya tetla ya se o se kopang le gore a ba tla kgona go lebana le ditlamorago tse di ka nnang teng. Ba tla dumalana ka bobone—e bile ba tla go naya tetla—fa fela ba tlhatswegile pelo gore tota ga go na sepe se se kotsi se se ka go diragalelang.

Se o Ka se Dirang Gore Batsadi ba Gago ba go Neye Tetla

Go na le dintlha di le nnè tse o ka di dirisang.

Go ikanyega: Sa ntlha, o tshwanetse go ipotsa jaana ka boikanyegi: ‘Ke eng fa ke batla go tsamaya? A tota se se dirwang koo ke a se rata kgotsa ke fela gore ke batla gore ditsala tsa me di nkamogele? A ke ka gonne mongwe yo ke mo kgatlhegelang o tla bo a le teng?’ Go tswa foo, bolelela batsadi ba gago boammaaruri. Ba kile ba nna basha mme ba go itse sentle. Ka jalo, le fa o ka reng, ba tla lemoga maitlhomo a gago. Ba tla anaanela boikanyegi jwa gago mme le wena o tla solegelwa molemo ke botlhale jwa bone. (Diane 7:1, 2) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o sa ikanyege, o dira gore ba se ka ba go tshepa e bile o fokotsa ditshono tsa gore ba go neye tetla.

Nako e e siameng: E se ka ya re batsadi ba gago ba sa ntse ba goroga mo lapeng ba tswa tirong kgotsa ba tlhomile mogopolo mo dilong tse dingwe, o bo o setse o ba tlhasela o kopa dilo tse dintsintsi. Bua le bone ka nako e o bonang e kete ba iketlile. Le fa go ntse jalo, o se ka wa emela motsotso wa bofelo e bo e le gone o lekang go ba pateletsa gore ba go neye tetla. Batsadi ba gago ga ba ka ke ba itumelela go dira tshwetso ya lepotlapotla. Ba kope di sa ntse di tloga fela, o ba fe nako e e lekaneng ya go akanyetsa kgang mme batsadi ba gago ba tla anaanela gore o amega ka bone.

Dintlha ka botlalo: O se ka wa fitlhela batsadi ba gago dintlha tse ba tshwanetseng go di itse. Ba tlhalosetse ka botlalo se o batlang go se dira. Batsadi ga ba kgotsofale fa o ba araba ka gore “Ga ke itse,” segolobogolo fa ba go botsa gore: “Ke bomang ba ba tla bong ba le koo?” “A go tla bo go na le mogolo mongwe yo o ikarabelelang?” kgotsa “Lo tla fetsa nako mang?”

Boikutlo jwa gago: O se ka wa tsaya batsadi ba gago jaaka baba ba gago. Ba lebe jaaka badirimmogo le wena—ka gonne tota ba batla go go thusa. Fa o tsaya batsadi ba gago e le ditsala tsa gago, ga se gantsi o tla nnang o iphemela mme le bone ba tla dirisana le wena sentle. Tila go bua mafoko a a jaaka, “Ga lo ntshepe,” “Mongwe le mongwe o a ya,” kgotsa “Batsadi ba ditsala tsa me ba ba letla go ya!” Bontsha batsadi ba gago gore o godile sentle mo o ka amogelang tshwetso e ba e dirileng le go e tlotla. Fa o dira jalo, ba tla go tlotla. Mme mo nakong e e tlang, ba tla bona go tlhokega gore ba go neye tetla.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 2, KGAOLO 32

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me.”—Diane 27:11.

KAKANTSHO

Fa o ya kwa kokoanong nngwe, rulaganya go sa le gale gore o tla dira eng fa dilo di simolola go tswa mo taolong. Pele ga o ya, itse se o tla se dirang kgotsa go se bua, gore fa go ka tlhokega gore o tsamaye, o bo o ntse o na le segakolodi se se phepa.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Batsadi ba ba lorato ba dira tshwetso e ba itseng gore e tla sireletsa ngwana wa bone le fa ngwana a ka tswa a sa e rate. Fa ba sa tlhaloganye se o se kopang kgotsa ba akanya gore ga o ba tlhalosetse dintlha tsa botlhokwa ka botlalo, ba ka nna ba gana.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa segakolodi sa me se ntshwenya ka ntlha ya se ke se bonang kgotsa se ke se utlwang fa ke ile go bona filimi kgotsa ke le kwa kokoanong nngwe, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa o ka okaoka go naya batsadi ba gago tshedimosetso yotlhe e ba e tlhokang gore ba kgone go dira tshwetso?

● Ke ditlamorago dife tse di ka nnang gone fa batsadi ba gago ba ka go letla go tsamaya gonne o ne o sa ba naya dintlha ka botlalo?

[Mafoko a a mo go tsebe 268]

“Ke ne ke le seeleele fa ke sa ntse ke le monnye. Fa nako e ntse e ya, dilo dingwe tse di ‘kgatlhang’ tse ke neng ke di dira, di ne di sa tlhole di kgatlha. O tla thanya lo le tsebeng. Ke ikwatlhaela go bo ke ile ka se ka ka reetsa batsadi ba me.’’—Brian

[Setshwantsho mo go tsebe 269]

Fela jaaka bafalotsi ba ba mo losing lwa lewatle, batsadi ba gago ba mo lefelong le le botoka le ba kgonang go bona kotsi