Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!

Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!

Ketapele

Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo!

‘Nka bua jang le batsadi ba me?’ ‘Nka dira jang ditsala?’ ‘Ke eng se se phoso ka go itlosa bodutu ka tlhakanelodikobo?’ ‘Ke eng fa ke nna ke hutsafetse jaana?’

Fa e le gore o kile wa ipotsa dipotso tseo, itse gore ga se wena fela. Go ikaegile ka gore o ile wa batla thuso kae, o ka tswa o ile wa newa dikarabo tse di go tlhakanyang tlhogo le go feta. Go thusa basha gore ba bone kgakololo e e tlhomameng e ba ka e tshepang, ka January 1982 makasine wa Tsogang! o ile wa simolola go gatisa metseletsele ya ditlhogo tse di theilweng mo Baebeleng tse di reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . ” Masomesome a dingwaga morago ga moo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba solegelwa molemo ke ditlhogo tseo e bile ba a di rata. Go dirilwe dipatlisiso tse di tseneletseng ka sengwe le sengwe sa ditlhogo tseno. Tota e bile, e le gore bakwadi ba Tsogang! ba kgone go itse gore basha ba akanya jang le gore ba ikutlwa jang, ba ile ba buisana le makgolokgolo a basha go ralala lefatshe! Le fa go ntse jalo, sa botlhokwa le go feta, kgakololo e e mo setlhogong sa “Basha ba Botsa Jaana” e tswa mo Lefokong la Modimo, Baebele.

Buka e o e tshotseng gone jaanong e gatisitswe la ntlha ka 1989. Le fa go ntse jalo, dikgaolo tsa teng di fetotswe gotlhelele gore di tshwanele mathata a basha ba lebanang le one gompieno. Dikgaolo tse di fetang 30 di tserwe mo ditlhogong tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di gatisitsweng magareng ga 2004 le 2011.

Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 e tla go naya kgakololo e o e tlhokang gore o nne mogolo yo o nang le maikarabelo. Re solofela gore fa o ntse o dirisa kgakololo eno, o tla nna mongwe wa basha le bagolo ba le dimilionemilione “ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Bahebera 5:14.

Bagatisi