Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Khabara E e Mo Gare

Khabara E e Mo Gare

Khabara E e Mo Gare

Go Basha ba Rona ba ba Rategang,

Rraalona yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo o lo rata fela thata. O batla gore lo itumele. Mme gone, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A tota go a kgonega gore motho a itumele gompieno?’ Eo ke potso e e siameng. Boammaaruri ke gore re lebana le mathata a le mantsi mo botshelong. Go lebega letsatsi le letsatsi re tlhagelwa ke mathata a a ka re amogang boitumelo. Mme se se itumedisang ke gore Rraarona yo o lorato o tla re thusa! Lefoko la gagwe le na le kaelo e re e tlhokang gore re kgone go lebana le maemo a a thata a botshelo. Le fa gone Baebele e kwadilwe bogologolo, le gompieno kgakololo ya yone e sa ntse e thusa fela jaaka fa e ne e kwalwa la ntlha.—Pesalema 119:98, 99; 2 Timotheo 3:16, 17.

Re rulagantse gore kgatiso eno e kwalwe ka gonne re lo rata. Re batla gore lo itumele mme lo atlege mo botshelong. Ke gone ka moo re lo kgothaletsang gore le fa lo ka bala buka eno lwa e fetsa, ka metlha fa lo lebana le mathata lo boele gape kwa go yone go batla kgakololo. Boikaelelo jo bongwe jo bogolo jwa buka eno ke go dira gore wena le batsadi ba gago lo tokafatse tsela e lo buisanang ka yone. Re solofela gore lo tla e bala lo bo lo ithute dikarolo tse dingwe tsa yone mmogo. Dira gore botlhale jwa batsadi ba gago le maitemogelo a ba nang le one a go solegele molemo!

Re lo eleletsa tsotlhe tse di molemo,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa