Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?

Ka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?

Kgaolo 38

Ka Dira Jang Gore ke Itumelele go Obamela Modimo?

Josh wa dingwaga tse 16 o rapame mo bolaong jwa gagwe. Mmaagwe o ema fa kgorong. O bua jaana a tiisitse: “Joshua, tsoga! O a itse gore gompieno ke letsatsi la dipokano!” Josh o godisiwa mo lelapeng la Basupi ba ga Jehofa, ka jalo go ya dipokanong tsa Bokeresete ke karolo ya thulaganyo ya lelapa la gaabo. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana Josh o ntse a ikutlwa a sa batle go ya dipokanong.

O bua jaana a ngongorega, “Ao Mama, a ruri go a tlhokega gore ke ye?”

Mmaagwe o mo araba ka gore, “Tlogela go ngongorega o ipaakanye. Ga ke batle go fitlha thari gape!” O a retologa a bo a tsamaya.

Fa mmaagwe a sa ntse a le gaufi mo a ka kgonang go mo utlwa, Josh o phatloga fela a re, “Mama, go sengwe se ke batlang gore o se tlhaloganye. Bodumedi jono ke jwa gago, mme seno ga se reye gore le nna e tshwanetse go nna jwa me.” O a itse gore mmaagwe o mo utlwile e re ka a ne a sa ntse a le gaufi. Mmaagwe ga a mo fetole, o a tswa a bo a itsamaela.

Josh o ikutlwa molato go sekae ka se a se buileng. Tota ga a batle go utlwisa mmaagwe botlhoko. Mme gape ga a batle go ikopa maitshwarelo. Se fela a ka se dirang ke . . .

Josh o ikgoga fela a bo a simolola go ipaakanya. O bua a le nosi a re: “Go ise go ye kae, ke tla tshwanelwa ke go itirela tshwetso. Ga ke tshwane le bana ba bangwe kwa Holong ya Bogosi. Gongwe e bile ga ke batle le go nna Mokeresete!”

A O KILE wa ikutlwa ka tsela e Josh a ikutlwang ka yone mo tiragalong e e mo tsebeng e e fetileng? A ka dinako tse dingwe, fa bangwe ba itumelela go dira ditiro tsa Bokeresete, wena o di dira fela ka gonne o patelesega? Ka sekai:

● A wena o bona go ithuta Baebele go tshwana fela le tiro nngwe ya sekolo e e direlwang kwa gae?

● A ga o rate go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo?

● A gantsi o ikutlwa o borega fa o le kwa dipokanong tsa Bokeresete?

Fa e le gore o arabile ka ee, o se ka wa kgobega marapo. O ka ithuta go itumelela go direla Modimo. Mma re bone gore jang.

KGWETLHO 1 Go Ithuta Baebele

Lebaka la go bo go se motlhofo. Gongwe o akanya gore ga o na “bokgoni jwa go ithuta.” Ga o kgone go tlhoma mogopolo ka lobaka lo loleele—go thata go nna mo lefelong le le lengwe o sa sute! E bile o ka nna wa akanya gore o setse o na le dilo tse dintsi tsa sekolo tse o tshwanetseng go di ithuta.

Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. Ga se fela gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, mme gape “e molemo mo go ruteng le mo go thuseng batho le mo go ba gakololeng le mo go ba bontsheng kafa ba tshwanetseng go tshela ka gone.” (2 Timotheo 3:16, Contemporary English Version) Go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka se o se balang go ka go thusa go tlhaloganya dilo tse pele o neng o sa di tlhaloganye. Boammaaruri ke gore, ga go sepe sa botlhokwa se se ka itlelang fela kwa go wena o sa se berekela ka natla. Fa o batla go nna setswerere mo motshamekong mongwe, o tshwanetse go ithuta melao ya one le go ikatisetsa motshameko oo. Fa o batla go itekanela sentle mo mmeleng, o tshwanetse go ikatisa. Ka tsela e e tshwanang, fa o batla go itse ka Mmopi wa gago, o tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo.

Se balekane ba gago ba se bolelang. “Fa ke tsena kwa sekolong se segolwane ke ne ka iphitlhela ke le fa gare ga dinaka tsa nare. Bana ba kwa sekolong ba ne ba dira dilo tsotlhe tse o ka akanyang ka tsone tse di bosula, mme ke ne ke tshwanetse go dira ditshwetso: ‘A seno ke se le nna ke batlang go se dira? A tota batsadi ba me ba nthuta boammaaruri?’ Ke ne ka tshwanelwa ke go iponela seo ka bonna.”—Tshedza.

“Ke ne ke ntse ke dumela gore se ke ithutileng sone e ne e le boammaaruri, le fa go ntse jalo ke ne ke tlhoka go itlhatswa pelo ka seo. Ke ne ke tshwanetse go obamela Modimo ka gonne e le se ke neng ke batla go se dira—e seng ka gonne batsadi ba me ba batla gore ke go dire.”—Nelisa.

Se o ka se dirang. Itirele thulaganyo ya go ithuta e e dumalanang le maemo a gago. O ka nna wa tlhopha ditlhogo tse o tla di ithutang. O tla simolola kae? Gongwe o ka dirisa buka e e jaaka Totatota Baebele e Ruta Eng? * go dira dipatlisiso mo Baebeleng ya gago le go sekaseka dilo tse o di dumelang.

Simolola! Tshwaya ka ✔ go bapa le ditlhogo tsa Baebele di le pedi kgotsa di le tharo tse di fa tlase tse o ka ratang go ithuta mo go oketsegileng ka tsone—kgotsa fa o batla, o ka kwala ditlhogo tse wena o batlang go di ithuta.

□ A Modimo o teng?

□ Nka tlhomamisega jang gore bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhotlheleditswe ke Modimo?

□ Ke eng fa ke tshwanetse go dumela mo popong go na le go dumela mo thutong ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe?

□ Bogosi jwa Modimo ke eng, mme nka itlhatswa pelo jang le go tlhalosetsa ba bangwe gore ruri bo teng?

□ A nka kgona go tlhalosa se ke se dumelang ka kgang ya gore go direga eng fa motho a swa?

□ Ke eng fa ke tshwanetse go tlhatswega pelo gore go tla nna le tsogo ya baswi?

□ Nka tlhomamisega jang gore bodumedi jwa boammaaruri ke bofe?

․․․․․

KGWETLHO 2 Go Nna le Seabe mo Bodireding

Lebaka la go bo go se motlhofo. Go bua le ba bangwe ka Baebele—kgotsa go kopana le bana ba o tsenang sekolo le bone fa o le mo bodireding—go ka tshosa.

Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: ‘Lo dire barutwa, mme lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.’ (Mathaio 28:19, 20) Mme gone, go na le mabaka a mangwe a go dira jalo. Dipatlisiso di bontsha gore mo dinageng dingwe bontsi jwa basha ba dumela mo Modimong le mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, bone basha bao ga ba a tlhomamisega ka isagwe. E re ka o ithutile Baebele, o na le tshedimosetso e bontsi jwa balekane ba gago ba e batlang le e ba e tlhokang! Fa o bua le ba bangwe ka se o se dumelang, o tla kgona go itshepa mme sa botlhokwa le go feta, o tla ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.

Se balekane ba gago ba se bolelang. “Nna le tsala ya me re ne re baakanyetsa ditsela tsa go simolola motlotlo tse di nang le matswela, re ne ra ithuta go araba batho ba ba kgoreletsang motlotlo mme ra ithuta le go dira maeto a go boela. Fa ke sena go simolola go dira ka natla mo bodireding, ke ne ka bo itumelela.” —Nelisa.

“Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ile a nthusa fela thata! O mpheta ka dingwaga di le thataro, o nna a tsamaya le nna mo bodireding mme ka dinako tse dingwe o ntaletsa go ya go fitlhola le ene. O ne a mpontsha ditemana tse di kgothatsang tse di neng tsa nthusa go fetola tsela e ke neng ke akanya ka yone. Ka ntlha ya sekao sa gagwe se se molemo, jaanong le nna ke kgona go thusa batho ba bangwe ba bantsi. Ruri ke mo leboga fela thata!”—Shontay.

Se o ka se dirang. Ka tetla ya batsadi ba gago, batla mongwe mo phuthegong ya lona yo o go fetang ka dingwaga, yo o ka berekang le ene mo bodireding. (Ditiro 16:1-3) Baebele ya re: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.” (Diane 27:17) Go na le melemo e le mentsi ya go itsalanya le batho ba ba godileng, ba ba nang le maitemogelo a a ka go nonotshang. Alexis wa dingwaga tse 19 a re: “Go lapolosa tota go nna mo gare ga batho ba ba godileng.”

Simolola! Fa tlase fano, kwala leina la mongwe mo phuthegong ya lona kwantle ga batsadi ba gago, yo o ka go thusang mo bodireding.

․․․․․

KGWETLHO 3 Go Nna Gone Kwa Dipokanong Tsa Bokeresete

Lebaka la go bo se motlhofo. Morago ga go tlhola letsatsi lotlhe kwa sekolong, go nna gape ura kgotsa go feta, o reeditse dipuo tse di theilweng mo Baebeleng, go ka lapisa pelo.

Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. Baebele e kgothatsa Bakeresete jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.”—Bahebera 10:24, 25.

Se balekane ba gago ba se bolelang. “Gore o itumelele dipokano, go botlhokwa thata gore o baakanyetse. Ka dinako tse dingwe o tlhoka go ipolelela gore o tshwanetse go go dira. Fa o baakanyeditse, o itumelela dipokano ka gonne o a bo o itse se go tlotliwang ka sone, e bile o kgona go nna le seabe.”—Elda.

“Nako nngwe ke ne ka lemoga gore fa ke akgela kwa dipokanong, ke itumelela dipokano le go feta.”—Jessica.

Se o ka se dirang. Iphe nako ya go baakanyetsa go sa le gale mme fa tshono e bulega, o akgele. Seno se tla dira gore o se ka wa ikutlwa o le learogi.

Ka sekai: Ke eng se se itumedisang thata—go bogela motshameko mo thelebisheneng kgotsa go tsena mo lebaleng o tshameka? Ga go pelaelo gore go tsaya karolo go monate go feta go nna mmogedi fela. Ke eng o sa dire se se tshwanang ka dipokano tsa Bokeresete?

Simolola! Mo moleng o o fa tlase, kwala letsatsi le mo go lone o ka kgonang go ipha metsotso e ka nna 30 beke le beke o baakanyetsa dipokano tsa phuthego.

․․․․․

Basha ba le bantsi ba iponetse boammaaruri jwa mafoko a Pesalema 34:8, a a reng: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.” Go bolelelwa fela gore dijo di rokotsa mathe mme o sa di leke, ga go ka ke ga go kgotsofatsa. A ga go botoka gore o di leke mme o ikutlwele gore di utlwala jang? Go ntse fela jalo le ka go obamela Modimo. Leka mme o iponele gore go nna le seabe mo ditirong tsa Bokeresete go na le maduo a a kana kang. Baebele ya re yo e seng moutlwi fela mme gape e le modiri wa tiro, ‘o tla itumela mo go e direng ga gagwe.’—Jakobe 1:25.

MO KGAOLONG E E LATELANG

Ithute kafa o ka ipeelang—le go fitlhelela—mekgele ya gago ka gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:2.

KAKANTSHO

Nna le bukana ya go kwala dintlha fa o le kwa dipokanong tsa Bokeresete. O tla bona nako e feta ka bonako e bile go tla nna motlhofo go ithuta!

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Ga go phoso go dira dipatlisiso ka se o se dumelang. Tota e bile, go botsa dipotso le go dira dipatlisiso ke tsela e e molemo ya go bona gore a tota se o se dumelang ka Modimo se boammaaruri.—Ditiro 17:11.

SE KE SE IKAELETSENG!

Ke tla rulaganya go ipeela metsotso e le ․․․․․ ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi mme ke tla dirisa e le ․․․․․ beke le beke go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete.

Gore ke kgone go tlhoma mogopolo botoka fa ke le kwa dipokanong tsa Bokeresete, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa mosha a ka fitlhela ditiro tse di amanang le kobamelo di bora?

● Ke karolo efe ya kobamelo mo go tse tharo tse go tlotlilweng ka tsone mo kgaolong eno, e o batlang go tokafatsa mo go yone?

[Mafoko a a mo go tsebe 278]

“Bodumedi jo ke leng mo go jone ga e tlhole e le jwa batsadi ba me fela, le nna ke jwa me. Jehofa ke Modimo wa me, mme ga ke batle go dira sepe se se tla senyang kamano ya me le ene.’’—Samantha

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 280, 281]

Ba ne Ba Ipeela Mekgele

Baebele ya re: ‘Ga lo itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.’ (Jakobe 4:14) Ka dinako tse dingwe, loso lo tla lo sa lebelelwa e bile motho a sa ntse a le mmotlana. Fa o ntse o bala maitemogelo a ga Catrina le Kyle, ela tlhoko gore mo nakong e khutshwane e ba e tshetseng, ba ile ba itirela jang leina le lentle le Jehofa Modimo, ka go ipeela mekgele ya semoya le go e fitlhelela.—Moreri 7:1.

Catrina o tlhokafetse a le dingwaga di le 18, le fa go ntse jalo fa a le dingwaga di le 13, o ne a setse a kwadile “tsela e a batlang go tshela ka yone”—lenaane la mekgele e a neng a batla go e fitlhelela. Mekgele ya gagwe e ne e akaretsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, go direla kwa nageng e go nang le tlhokego ya barutisi ba Baebele gone le go bereka le rraagwe mo diporojekeng tsa go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. O ne a re: “Ke neetse botshelo jwa me mo go Jehofa Modimo!” Boikaelelo jwa ga Catrina e ne e le “go tshela go dumalana le melao ya Modimo le ka tsela e e tla mo itumedisang.” Kwa phitlhong ya gagwe, Catrina o ne a tlhalosiwa e le “mosetsana yo montle, yo o neng a ipeetse mokgele wa gore o tla direla Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe.”

Kyle o ne a rutiwa go ipeela mekgele go tloga a sa ntse a le mmotlana. Fa a se na go tlhokafala mo kotsing ya koloi a le dingwaga di le 20, ba losika lwa gagwe ba ne ba bona “buka ya mekgele” e mmaagwe a neng a mo thusa go e dira fa a ne a le dingwaga di le nnè fela. Mekgele ya gagwe e ne e akaretsa go kolobediwa, go neela dipuo kwa Holong ya Bogosi le go direla kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa, kwa a tla thusang mo tirong ya go dirwa ga dikgatiso tse di tla thusang batho go ithuta ka Modimo. Fa mmaagwe Kyle a sena go bona buka ya mekgele e e sa leng e dirilwe dingwaga di le dintsi tse di fetileng, o ne a re: “O fitlheletse mekgele eo yotlhe.”

Wena o ipeetse mekgele efe? Ga o itse gore botshelo bo go tsholetseng ka moso. Ka jalo, dirisa letsatsi lengwe le lengwe ka botlalo. Fela jaaka Catrina le Kyle, dirisa nako ya gago ka tsela e e tla go solegelang molemo. Etsa moaposetoloi Paulo, yo go ela kwa bofelong jwa botshelo jwa gagwe a neng a re: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.” (2 Timotheo 4:7) Kgaolo e e latelang e tla go thusa go dira fela jalo!

[Setshwantsho mo go tsebe 274, 275]

Fa o batla go itekanela sentle mo mmeleng, o tshwanetse go ikatisa. Fa o batla go itekanela sentle mo semoyeng, o tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo