Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore ke Fitlhelele Mekgele ya Me?

Nka Dira Eng Gore ke Fitlhelele Mekgele ya Me?

Kgaolo 39

Nka Dira Eng Gore ke Fitlhelele Mekgele ya Me?

Ke eng se o ka ratang go nna le sone mo dilong tse di latelang?

□ Go itshepa ka mo go oketsegileng

□ Ditsala tse di oketsegileng

□ Boitumelo jo bo oketsegileng

TOTA o ka kgona go nna le dilo tseno ka boraro jwa tsone! Jang? Ka go ipeela mekgele le go e fitlhelela. Ela tlhoko dintlha tse di latelang:

Go itshepa ka mo go oketsegileng. Fa o ipeela mekgele e mennye o bo o kgona go e fitlhelela, o tla nna le bopelokgale jwa go ipeela e megolwane. Gape o ka kgona go itshepa fa o lebane le dikgwetlho tsa letsatsi le letsatsi—tse di jaaka go lebana le kgatelelo ya balekane.

Ditsala tse di oketsegileng. Batho ba itumelela go tsalana le batho ba ba ratang go ipeela mekgele—ba ba itseng se ba se batlang e bile ba iketleeletsa go se fitlhelela.

Boitumelo jo bo oketsegileng. Boammaaruri ke gore: Ga o ka ke wa itumelela botshelo fa o nna fela o kgobegile marapo kgotsa o nna o letile gore sengwe se se itumedisang se direge mo botshelong jwa gago. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o ipeela mekgele o bo o e fitlhelela, o nna le kgotsofalo gonne o fitlheletse sengwe. A o setse o siametse go simolola? Ditsebe tse di latelang di tla go thusa thata! *

✔1 ITSE MEKGELE YA GAGO

1. Akanya ka mekgele e o batlang go ipeela yone. Itumelele kgato eno! O se ka wa e sekaseka; kwala mekgele yotlhe fela e o akantseng ka yone. Bona gore a o ka kwala bobotlana e le lesome.

2. Sekaseka se o se kwadileng. Ke mekgele efe mo go e o e kwadileng e go bonalang e kgatlha thata? E e gwetlhang thata? Ke efe e o ka itumelelang thata go ipona o e fitlheletse? Se lebale gore gantsi mekgele e e molemolemo ke e wena o e tsayang e le botlhokwa thata.

3. Baya dilo tse di tlang pele, kwa pele. Kwala lenaane la mekgele ya gago go ya ka tatelano e o batlang go e fitlhelela ka yone.

✔2 RULAGANYA

Mo mokgeleng mongwe le mongwe o o o tlhophileng, dira se se latelang:

Kwala mokgele wa gago.

Go ithuta Se-Spain gore ke ipaakanyetse loeto lwa go ya kwa Mexico

Ipeele nako e o batlang go o fitlhelela ka yone. Boammaaruri ke gore, fa o beile mokgele mme o sa baya nako ya go o fitlhelela, mokgele oo e tla nna toro fela!

July 1

Rulaganya dikgato tse o tla di tsayang.

Dikgato

1. Go batla buka ya dipolelwana

2. Go ithuta mafoko a masha a le lesome beke le beke.

3. Go reetsa batho ba bangwe fa ba bua Se-Spain.

4. Go kopa mongwe gore a sekaseke thutapuo ya me le tsela e ke bitsang mafoko ka yone.

Akanyetsa dikgoreletsi tse o ka lebanang le tsone. Go tswa foo, akanya kafa o tla di fenyang ka gone.

Dikgoreletsi tse nka lebanang le tsone

Ga go na ope yo o buang Se-Spain gaufi

Dira maitlamo. Ipolelele gore o tla dira sotlhe se o ka se kgonang go fitlhelela mokgele oo. Jaanong saena o bo o kwale letlha.

Kafa nka di fenyang ka teng

Go itseela tshedimosetso e e rekotilweng ya Se-Spain mo atereseng ya www.pr418.com.

․․․․․ ․․․․․

Mosaeno Letlha

✔3 TSAYA KGATO!

Simolola gone jaanong. Ipotse, ‘Nka dira eng gompieno gore ke simolole go berekela go fitlhelela mokgele wa me?’ Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o sa tlhomamisega gore dilo dingwe o tla di dira jang, mme o se ka wa leta seo se go thibela go simolola. Jaaka fa Baebele e tlhalosa, “fa o leta go fitlha phefo le maemo a bosa e nna a a siameng, le ka motlha ga o ka ke wa jala sepe le fa e le go roba sepe.” (Moreri 11:4, Today’s English Version) Batla sengwe se o ka se dirang gompieno—le fa se ka tswa se le sennye—mme o se dire.

Sekaseka mekgele ya gago letsatsi le letsatsi. Ikgopotse gore ke eng fa mongwe le mongwe wa yone o le botlhokwa mo go wena. Bona gore o dirile kgatelopele e e kana kang ka go tshwaya ka ✔ (kgotsa ka go kwala letlha le o weditseng seo ka lone) go lebana le kgato nngwe le nngwe fa o e wetsa.

Akanyetsa se o ka se fitlhelelang. Akanyetsa dilo kwa pele mme o ipone o setse o fitlheletse mokgele wa gago. Akanya kafa o tla ikutlwang ka gone fa o setse o o fitlheletse. Go tswa foo, boela kwa morago mme o akanye ka nngwe le nngwe ya dikgato tse o di rulagantseng. Kwa bofelong, ipone o wetsa kgato nngwe le nngwe, mme o akanye kafa o tla ikutlwang o le motlotlo ka gone fa o setse o fitlheletse mokgele wa gago. Jaanong simolola!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Dikakantsho tseno di dirilwe go akantswe ka mekgele e o ka e fitlhelelang mo lobakeng lo lo khutshwane, mme gone melaometheo eno e dira gape le mo mekgeleng e o ka e fitlhelelang mo tsamaong ya nako.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.”—Diane 21:5.

KAKANTSHO

O se ka wa tshwenyega ka gore o batla go dira fela jaaka o ne o rulagantse. Fetofetoga le maemo, mme o nne o dira diphetogo fa o ntse o berekela go fitlhelela mokgele wa gago.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Fa o ipeela mokgele o mogolo, o tla nna le kgotsofalo e kgolwane fa o setse o o fitlheletse!

O AKANYANG?

● A go a kgonega go nna le mekgele e mentsintsi ka nako e le nngwe?—Bafilipi 1:10.

● A go ipeela mekgele go kaya gore o nne fela o rulaganya sengwe le sengwe mo botshelong jwa gago? —Bafilipi 4:5.

[Mafoko a a mo go tsebe 283]

“Go motlhofo gore o kgobege marapo fa o se na sepe se o tlhomileng mogopolo mo go sone kgotsa se o lebileng pele go se dira. Mme gone, fa o ipeela mekgele o bo o e fitlhelela, o ikutlwa o le motlotlo.’’—Reed

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 283]

Sekai sa Mekgele E o Ka Ratang go e Fitlhelela

Botsala Go tsalana le motho a le mongwe yo o sa lekaneng le nna ka dingwaga. Go tsosolosa botsala jwa bogologolo.

Botsogo Go ikatisa bobotlana metsotso e le 90 beke le beke. Go robala diura di le robedi bosigo bongwe le bongwe.

Sekolo Go tokafatsa maduo a me a dipalo. Go kgona go ikemela fa ba bangwe ba nkgatelela go dira se se sa siamang.

Dilo tsa semoya Go bala Baebele ka metsotso e le 15 letsatsi le letsatsi. Gore mo bekeng eno ke bolelele mongwe yo ke tsenang le ene mo tlelaseng ka se ke se dumelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 284, 285]

Mekgele e tshwana le polane —o tshwanetse go tsaya matsapa gore e nne se o se batlang!