Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thato ya Modimo ke Eng?

Thato ya Modimo ke Eng?

Modimo o batla gore re tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise, ka kagiso e bile re itumetse!

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘Seno se ka kgonega jang?’ Baebele ya re Bogosi jwa Modimo bo tla dira jalo, e bile ke thato ya Modimo gore batho botlhe ba ithute ka Bogosi joo le ka boikaelelo jwa gagwe ka rona.—Pesalema 37:11, 29; Isaia 9:7.

Modimo o batla gore re solegelwe molemo.

Fela jaaka rre yo o batlelang bana ba gagwe dilo tse di molemo, Rraarona yo o kwa legodimong o batla gore re itumele ka bosakhutleng. (Isaia 48:17, 18) O solofeditse gore ope fela “yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.

Modimo o batla gore re tsamaye mo ditselaneng tsa gagwe.

Baebele ya re Mmopi wa rona o batla go re “ruta ditsela tsa gagwe” gore re ‘tsamaye mo ditselaneng tsa gagwe.’ (Isaia 2:2, 3) O rulagantse “batho ba leina la gagwe” gore ba itsise thato ya gagwe mo lefatsheng lotlhe.—Ditiro 15:14.

Modimo o batla gore re mo obamele re le seoposengwe.

Go na le gore kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e kgaoganye batho, e ba kopanya ka lorato lwa mmatota. (Johane 13:35) Ke bomang gompieno ba ba rutang batho mo lefatsheng lotlhe gore ba direle Modimo ka kutlwano? Re go kopa gore o ithute seno ka go dirisa boroutšhara jono.