Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 1

Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba Mofuta Ofe?

Basupi ba ga Jehofa ke Batho ba Mofuta Ofe?

Denmark

Taiwan

Venezuela

India

O itse Basupi ba ga Jehofa ba le kae? Bangwe ba bone e ka tswa e le baagelani ba gago, badiri mmogo le wena kgotsa o tsena sekolo le bone. Kgotsa gongwe ba kile ba tlotla le wena ka Baebele. Tota re bomang, mme ke ka ntlha yang fa re bua le batho ka se re se dumelang?

Re batho fela ba ba tlwaelegileng. Re godile ka ditsela tse di farologaneng e bile re tswa mo maemong a a sa tshwaneng. Bangwe ba rona ba ne ba le mo bodumeding jo bongwe, fa ba bangwe bone ba ne ba sa dumele mo Modimong. Le fa go ntse jalo, pele ga re nna Basupi, rotlhe re ne ra ipha nako ya go tlhatlhoba dithuto tsa Baebele ka kelotlhoko. (Ditiro 17:11) Re ne ra dumela se re neng re se ithuta, mme go tswa foo ra itlhophela go obamela Jehofa Modimo.

Re solegelwa molemo ke go ithuta Baebele. Fela jaaka batho ba bangwe, re tlhagelwa ke mathata e bile re na le makoa. Mme e re ka re leka go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, tsela e re tshelang ka yone e tokafala fela thata. (Pesalema 128:1, 2) Leo ke lengwe la mabaka a go bo re bua le batho ba bangwe ka dilo tse di molemo tse re di ithutileng mo Baebeleng.

Re tshela ka melao e e siameng ya Modimo. Melao eno e e mo Baebeleng, e re thusa go nna re itumetse le go tlotla ba bangwe, le go nna le dinonofo tse di jaaka boikanyegi le bopelonomi. E dira gore setšhaba se nne le batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng le ba ba nang le maikarabelo, e bile e dira gore go nne le malapa a a utlwanang le a a nang le boitsholo jo bontle. E re ka re tlhatswegile pelo gore “Modimo ga a na tlhaolele,” re karolo ya lelapa la semoya la bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba ba utlwanang, ba ba sa kgaoganngweng ke tlhaolele le dipolotiki. Le fa gone re le batho fela ba ba tlwaelegileng, ka tsela nngwe re tlhomologile.—Ditiro 4:13; 10:34, 35.

  • Basupi ba ga Jehofa ba tshwana le batho ba bangwe ka ditsela dife?

  • Ke melao efe e e siameng e Basupi ba ga Jehofa ba ithutileng yone fa ba ntse ba bala Baebele?