Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 2

Ke ka Ntlha Yang fa re Bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

Ke ka Ntlha Yang fa re Bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

Noa

Aborahame le Sara

Moshe

Jesu Keresete

Batho ba le bantsi ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke leina la bodumedi bongwe jo bosha. Le fa go ntse jalo, dingwaga di feta 2 700 tse di fetileng, batlhanka ba Modimo yo o esi wa boammaaruri ba ne ba bidiwa “basupi” ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Go tla go fitlha ka 1931, re ne re ntse re itsiwe re le Baithuti ba Baebele. Ke ka ntlha yang fa re ile ra ipitsa Basupi ba ga Jehofa?

Le tlhalosa Modimo wa rona. Go ya ka mekwalo ya seatla ya bogologolo, leina la Modimo, Jehofa, le tlhaga mo Baebeleng ka makgetlo a le diketekete. Mo dithanolong di le dintsi, leina leno le ne la ntshiwa mme mo boemong jwa lone ga tsenngwa direto tse di jaaka Morena kgotsa Modimo. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ikitsise Moshe ka leina la gagwe e bong Jehofa, a re: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng.” (Ekesodo 3:15) Ka tsela eno, o ne a itlhaola mo medimong yotlhe ya maaka. Re motlotlo go bo re bidiwa ka leina le le boitshepo la Modimo.

Le tlhalosa tiro ya rona. Batho ba le bantsi ba ba tshedileng mo metlheng ya bogologolo, go simolola ka monna yo o siameng e bong Abele, ba ne ba neela bosupi jwa gore ba dumela mo go Jehofa. Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Noa, Aborahame, Sara, Moshe, Dafide le ba bangwe, ba ile ba nna bangwe ba ‘leru leno le legolo la basupi.’ (Bahebera 11:4–12:1) Fela jaaka motho mongwe a ka neela bosupi kwa kgotlatshekelo mo boemong jwa motho yo o se nang molato, re ikemiseditse go bolelela ba bangwe boammaaruri ka Modimo wa rona.

Re etsa Jesu. Baebele e mmitsa “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri.” (Tshenolo 3:14) Jesu ka boene o ne a re ‘o bonaditse leina la Modimo’ mme a nna a ‘supa ka ga boammaaruri’ ka Modimo. (Johane 17:26; 18:37) Ka jalo, balatedi ba mmatota ba ga Keresete ba tshwanetse go bidiwa ka leina la ga Jehofa le go le itsise batho ba bangwe. Ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba lekang go se dira.

  • Ke ka ntlha yang fa Baithuti ba Baebele ba ile ba simolola go ipitsa Basupi ba ga Jehofa?

  • Jehofa o na le lobaka lo lo kana kang a na le basupi mo lefatsheng?

  • Mosupi wa ga Jehofa yo mogolo go ba gaisa botlhe ke mang?