Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 4

Ke ka Ntlha Yang fa re Ile ra Gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha?

Ke ka Ntlha Yang fa re Ile ra Gatisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha?

Congo (Kinshasa)

Rwanda

Kapetla ya Symmachus ya lekgolo la boraro kgotsa la bonè la dingwaga C.E., e e nang le leina la Modimo mo go Pesalema 69:31

Ka masomesome a dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ntse ba dirisa, ba gatisa le go anamisa dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, re ne ra bona go tlhokega gore re gatise thanolo e ntšha e e neng e tla thusa batho go ithuta ‘kitso ya boammaaruri’ gonne seo e le thato ya Modimo ka batho botlhe. (1 Timotheo 2:3, 4) Ka jalo ka 1950, re ne ra simolola go golola dikarolo tsa Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, ka puo e re e dirisang gone jaanong. Baebele eno e ne ya ranolelwa mo dipuong di feta 130, ka tsela e e dumalanang e bile e bua se se neng se kwadilwe mo mekwalong ya ntlhantlha.

Go ne go tlhokega Baebele e e ka tlhaloganngwang motlhofo. Fa nako e ntse e ya, dipuo di a fetoga mme bontsi jwa dithanolo di na le mafoko a a sa itsiweng le a bogologolo, a go leng thata go a tlhaloganya. Gape go ne ga bonwa mekwalo ya seatla ya bogologolo e e neng e dumalana le mekwalo ya ntlhantlha, e e neng ya thusa gore go tlhaloganngwe Sehebera, Searamaika le Segerika se se neng se dirisiwa mo Baebeleng.

Go ne go tlhokega thanolo e e neng e tla tlhalosa lefoko la Modimo jaaka le ntse. Go na le gore baranodi ba fetole lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ba tshwanetse go ranola go dumalana le mekwalo ya ntlhantlha. Le fa go ntse jalo, mo dithanolong di le dintsi, leina la Modimo, Jehofa, ga le a dirisiwa mo Dikwalong tse di Boitshepo.

Go ne go tlhokega Baebele e e tlotlomatsang Mokwadi wa yone. (2 Samuele 23:2) Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, leina la ga Jehofa le buseditswe mo le neng le tlhaga teng ka makgetlo a ka nna 7 000 mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele ya seatla, jaaka re bona mo sekaing se se fa tlase. (Pesalema 83:18) Ka ntlha ya dipatlisiso tse di tseneletseng tse di tsereng dingwagangwaga, Baebele eno e balega motlhofo e bile e tlhalosa sentle tsela e Modimo a akanyang ka yone. Go sa kgathalesege gore o na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya gago kgotsa ga o na yone, re go kgothaletsa gore o nne le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Lefoko la ga Jehofa letsatsi le letsatsi.—Joshua 1:8; Pesalema 1:2, 3.

  • Ke ka ntlha yang fa re ile ra swetsa ka gore go tlhokega thanolo e ntšha ya Baebele?

  • Ke eng se motho yo o batlang go ithuta thato ya Modimo a tshwanetseng go itlwaetsa go se dira letsatsi le letsatsi?