Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 6

Go Kopana Mmogo le Bakeresete ka Rona go re Solegela Molemo Jang?

Go Kopana Mmogo le Bakeresete ka Rona go re Solegela Molemo Jang?

Madagascar

Norway

Lebanona

Italy

Le fa gone re tshwanelwa ke go tsamaya mo dikgweng le go itshokela maemo a bosa a a sa siamang, re nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go sa kgathalesege dikgwetlho tsa botshelo tse Basupi ba ga Jehofa ba lebanang le tsone le go ikutlwa ba lapile fa ba tswa tirong, ke ka ntlha yang fa ba dira maiteko a go kopana le badumedimmogo le bone?

Go re solegela molemo. Fa Paulo a ne a bua ka Bakeresete ba re kopanelang le bone, o ne a re “a re akanyetsaneng.” (Bahebera 10:24) Polelwana eno e kaya “go ba tlhaloganya ka botlalo,” mo go rayang gore re ba itse sentle. Ka jalo, mafoko ano a moaposetoloi a re kgothaletsa gore re amege ka ba bangwe. Fa re ipha nako ya go itse malapa mangwe a Bakeresete, re tla lemoga gore bangwe ba bone ba ile ba kgona go fenya diteko tse di tshwanang le tse rona re lebanang le tsone mme seo se ka re thusa gore le rona re di fenye.

Go re thusa go nna le botsala jo bo nnelang ruri. Fa re le kwa dipokanong, batho ba re kopanelang le bone ke setlhopha sa batho ba e leng ditsala tse re atamalaneng le tsone, ga se batho fela ba re ba itseng. Ka dinako tse dingwe re ipelela boitlosobodutu jo bo agang le bone. Go kopana mmogo jalo go re solegela molemo jang? Re ithuta go godisa tsela e re anaanelang ba bangwe ka yone mme seo se nonotsha lorato lwa rona. Mme fa ditsala tseno tsa rona di lebana le mathata, re a di thusa ka gonne re setse re na le botsala jo bo nonofileng. (Diane 17:17) Fa re tsalane le maloko otlhe a phuthego, re bontsha gore re ‘tlhokomelana ka tsela e e tshwanang.’—1 Bakorintha 12:25, 26.

Re go kgothaletsa go tlhopha batho ba ba dirang thato ya Modimo go nna ditsala tsa gago. O tla bona ditsala tse di ntseng jalo mo Basuping ba ga Jehofa. Tsweetswee o se ka wa letla sepe se go thibela go tsalana le rona.

  • Ke ka ntlha yang fa go nna gone kwa dipokanong go re solegela molemo?

  • O ka rata go re etela leng kwa phuthegong ya rona gore o tlwaelane le Basupi?