Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 7

Dipokano Tsa Rona di Tshwarwa Jang?

Dipokano Tsa Rona di Tshwarwa Jang?

New Zealand

Japane

Uganda

Lithuania

Kwa dipokanong tsa Bakeresete ba bogologolo go ne go opelwa, go rapelwa, go balwa e bile go ithutiwa Dikwalo. Go ne go sa dirwe dingwao dipe. (1 Bakorintha 14:26) O ka solofela se se tshwanang le kwa dipokanong tsa rona.

Se se rutiwang se theilwe mo Baebeleng e bile se re solegela molemo. Ka mafelobeke, diphuthego di a kopana go reetsa puo ya Baebele ya metsotso e le 30 e e tlhalosang kafa Dikwalo di re thusang ka gone mo botshelong le kafa di tlhalosang ka gone se se diregang mo motlheng wa rona. Rotlhe re kgothalediwa go leba mo Dibaebeleng tsa rona fa go ntse go balwa. Morago ga puo eo, go na le Thuto ya “Tora ya Tebelo” e e tsayang ura, e mo go yone maloko a phuthego a nnang le seabe mo setlhogong se se tswang mo makasineng o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo. Thuto eno e re thusa go dirisa kaelo ya Baebele mo matshelong a rona. Mo diphuthegong tsotlhe tse di fetang 100 000 lefatshe ka bophara, go ithutiwa one makasine oo.

Re thusiwa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta. Gape re kopana mmogo maitseboa mo gare ga beke go tla go itumelela thulaganyo ya dikarolo di le tharo, e e bidiwang Botshelo le Bodiredi Jwa Rona, e e theilweng mo tshedimosetsong e e tswang mo kgatisong ya Bukana ya Botshelo le Bodiredi, ya kgwedi le kgwedi. Karolo ya ntlha ya pokano eno, e e bidiwang Matlotlo A a Mo Lefokong la Modimo, e re thusa go tlwaelana le karolo ya Baebele e phuthego e tla bong e e badile go sa le gale. Karolo e e latelang e e reng, Tlhagafalela Bodiredi, e akaretsa dipontsho tse di bontshang gore re ka tlotla le batho ba bangwe jang ka Baebele. Mogakolodi o nna a butse matlho gore a re thuse gore re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona jwa go bala le go bua. (1 Timotheo 4:13) Karolo ya bofelo e e reng, Botshelo Jwa Bokeresete, e bontsha kafa re ka dirisang melaometheo ya Baebele ka teng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. E akaretsa motlotlo wa dipotso le dikarabo o o re thusang go tlhaloganya Baebele ka botlalo.

Fa o nna teng kwa dipokanong tsa rona, ga go pelaelo gore o tla kgatlhiwa ke thuto ya Baebele ya maemo a a kwa godimo e o tla e amogelang.—Isaia 54:13.

  • Ke eng se o ka solofelang go se utlwa kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa?

  • Mo dipokanong tsa rona tse di tshwarwang beke le beke, ke efe mo go tsone e o ka ratang go nna teng kwa go yone?