Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 10

Kobamelo ya Lelapa ke Eng?

Kobamelo ya Lelapa ke Eng?

Korea Borwa

Brazil

Australia

Guinea

Go tswa bogologolo Jehofa a ntse a batla gore lelapa le iphe nako ya go nna mmogo go inonotsha le go nonotsha kamano ya lone le ene. (Duteronome 6:6, 7) Ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba iphang nako ya go nna mmogo beke le beke mme ba tshware kobamelo ya lelapa—ba tlotla ba iketlile ka dikgang tsa semoya tse di tla ba nonotshang. Le fa o nna o le nosi, o ka dirisa tshono eo go ipha nako le Modimo, gongwe ka go tlhopha sengwe se o ka se dirang go go thusa go ithuta Baebele.

Ke nako ya go atamalana le Jehofa. “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Fa re ntse re ithuta mo go oketsegileng ka botho le ditiro tsa ga Jehofa mo Lefokong la gagwe, re kgona go mo itse botoka. Tsela e e motlhofo ya go simolola kobamelo ya lelapa ke ka go dirisa bontlhanngwe jwa nako ya lona lo balela Baebele kwa godimo, gongwe lo dirisa thulaganyo ya beke le beke ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi. Mongwe le mongwe mo lelapeng a ka abelwa karolo e e rileng ya mmalo, go tswa foo botlhe mo lelapeng ba ka tlotla ka se ba se ithutileng mo Dikwalong.

Ke nako ya gore maloko a lelapa a atamalane. Tsela e banna le basadi, batsadi le bana ba ratanang ka yone, e a nonofa fa ba ithuta Baebele mmogo e le lelapa. E tshwanetse go nna nako e e itumedisang, e go renang kagiso, e mongwe le mongwe mo lelapeng a itumelelang go nna teng mo go yone. Batsadi ba ka tlhopha ditlhogo tse ba ka tlotlang ka tsone, gongwe ba dirisa dikarolo dingwe tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! kgotsa tse di mo website ya rona ya jw.org, go ikaegile ka dingwaga tsa bana ba bone. Lo ka nna lwa tlotla ka bothata jo bana ba ileng ba lebana le jone kwa sekolong le gore ba ka bo fenya jang. Goreng lo sa lebe thulaganyo nngwe e e bontshiwang mo thelebisheneng ya JW Broadcasting (tv.pr418.com) mme morago ga moo lo bo lo tlotla ka yone? Gongwe lo ka opela dipina tse di tla opelwang kwa dipokanong mme morago ga kobamelo ya lelapa lo itumelele dijonyana tse di motlhofo.

Nako eno e e kgethegileng e lelapa le e dirisang beke le beke go obamela Jehofa mmogo, e tla thusa botlhe go itumelela go ithuta Lefoko la Modimo, mme Jehofa o tla segofatsa maiteko a lona fela thata.—Pesalema 1:1-3.

  • Ke ka ntlha yang fa re ipha nako ya go nna le kobamelo ya lelapa?

  • Batsadi ba ka dira jang gore tiragalo eno e nne e botlhe mo lelapeng ba e itumelelang?