Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 13

Mmulatsela ke Eng?

Mmulatsela ke Eng?

Canada

Ka ntlo le ntlo

Thuto ya Baebele

Thuto ya botho

Gantsi lefoko “mmulatsela” le kaya motho yo o bulelang ba bangwe tsela e ba ka e latelang. Jesu o ne a tshwana le mmulatsela, e re ka a ne a rometswe mo lefatsheng go tla go dira bodiredi jo bo nayang batho botshelo le go ba bulela tsela ya go bona poloko. (Mathaio 20:28) Le gompieno, balatedi ba gagwe ba a mo etsa ka go dirisa nako e ntsi kafa go kgonegang ka gone ba ‘dira barutwa.’ (Mathaio 28:19, 20) Bangwe ba bone ba ile ba bo ba tsenela tirelo e e bidiwang bobulatsela.

Mmulatsela ke moreri wa nako e e tletseng. Basupi ba ga Jehofa botlhe ke baboledi ba dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba ile ba rulaganya matshelo a bone gore ba nne babulatsela ba nako e e tletseng, ba fetsa diura di le 70 kgwedi le kgwedi mo tirong ya go rera. Gore ba kgone go dira seno, bontsi jwa bone ba fokotsa diura tse ba di berekang kwa tirong ya boitshediso. Ba bangwe ba tlhophiwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa mafelong a go tlhokegang thata baboledi ba Bogosi kwa go one, mme kgwedi le kgwedi ba fetsa diura di le 130 kgotsa go feta mo bodireding. Babulatsela ba kgotsofalela go tshela botshelo jo bo sa raraanang, ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang. (Mathaio 6:31-33; 1 Timotheo 6:6-8) Ba ba sa kgoneng go nna babulatsela ba nako e e tletseng ba ka nna babulatsela ba ba thusang fa ba kgona, mme ba oketsa tirelo ya bone ka go fetsa diura di le 30 kgotsa 50 ka kgwedi ba rera.

Mmulatsela o tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le batho. Fela jaaka Jesu, re lemoga gore le gompieno batho ba le bantsi ba tlhoka thata go itse ka Modimo le ka boikaelelo jwa gagwe. (Mareko 6:34) Mme re na le kitso e e ka kgonang go ba thusa gone jaanong, e ba naya tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Go rata baagelani go tlhotlheletsa mmulatsela gore a dirise nako le maatla a gagwe gore a thuse ba bangwe go itse ka Modimo. (Mathaio 22:39; 1 Bathesalonika 2:8) Ka ntlha ya seno, tumelo ya gagwe e a nonofa, o atamalana le Modimo mme o nna le boitumelo jo bogolo.—Ditiro 20:35.

  • O ka tlhalosa jang mmulatsela?

  • Ke eng se se tlhotlheletsang bangwe go nna babulatsela ba nako e e tletseng?