Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 14

Babulatsela ba Diretswe Dikolo Dife?

Babulatsela ba Diretswe Dikolo Dife?

United States

Sekolo sa Gileade, Patterson, New York

Panama

Thuto ya Modimo ga e bolo go nna sengwe se Basupi ba ga Jehofa ba itsegeng ka sone. Go na le sekolo se se kgethegileng se se diretsweng ba ba dirang tiro ya go rera ka Bogosi ka nako e e tletseng go ba thusa gore ba ‘wetse bodiredi jwa bone ka botlalo.’—2 Timotheo 4:5.

Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela. Fa mmulatsela a setse a feditse ngwaga a le mo tirelong ya nako e e tletseng, o kwadisiwa mo sekolong se se tsayang malatsi a le marataro se se ka nnang sa tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi. Boikaelelo jwa sekolo seno ke go thusa mmulatsela gore a atamalane thata le Jehofa, gore a nne setswerere mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi jwa gagwe le go tswelela pele a le mo tirelong eno.

Sekolo sa Baboledi ba Bogosi. Sekolo seno se se tsayang dikgwedi di le pedi se diretswe go thapisa babulatsela ba ba nang le maitemogelo ba ba ikemiseditseng go tlogela lefelo la bone mme ba ye go direla gongwe le gongwe kwa ba tlhokegang gone. Tota ba a bo ba re, “Ke fano! Roma nna” ba etsa sekao sa Moefangedi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba direla mo lefatsheng, Jesu Keresete. (Isaia 6:8; Johane 7:29) Go fudugela kgakala le legae go ka nna ga ba tlhoka gore ba tshele botshelo jo e seng jwa maemo a a kwa godimo. Ditlwaelo, maemo a bosa le dijo tsa lefelo le ba fudugetseng kwa go lone di ka nna tsa bo di farologane gotlhelele le tse ba di tlwaetseng. Go ka nna ga tlhokega gore ba ithute puo e ntšha. Sekolo seno se thusa bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang le banyalani ba dingwaga tse di fa gare ga 23 le 65, gore ba nne le dinonofo tsa bomodimo tse ba tla di tlhokang mo kabelong ya bone le bokgoni jo bo tla ba thusang gore Jehofa le phuthego ya gagwe e ba dirise ka botlalo.

Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Ka puo ya Sehebera lefoko “Gileade” le kaya “Mokoa wa Bosupi.” Fa e sa le sekolo sa Gileade se tlhomiwa ka 1943, baalogi ba ba fetang 8 000 ba sekolo seno ba ile ba tlhomiwa go nna barongwa go ya go neela bosupi jo bogolo “kwa ntlheng ya lefatshe” mme ba ile ba atlega fela thata. (Ditiro 13:47) Fa baalogi ba ne ba goroga lekgetlo la ntlha kwa Peru, go ne go se na diphuthego mo nageng eo. Gone jaanong go na le diphuthego di feta 1 000. Fa barongwa ba ne ba simolola go direla kwa Japane, go ne go na le Basupi ba ba kwa tlase ga lesome mo nageng eo. Gone jaanong go na le Basupi ba feta 200 000. Khoso ya Gileade e e tsayang dikgwedi di le tlhano e akaretsa go ithuta Lefoko la Modimo ka botlalo. Ba ba direlang e le babulatsela ba ba kgethegileng kgotsa barongwa ba ba leng mo bodireding jwa tshimo, ba ba kwa diofising tsa lekala, kgotsa ba ba dirang tiro ya potologo ba lalediwa go ya sekolong seno gore ba newe thapiso e e tseneletseng gore ba thuse go nitamisa le go nonotsha tiro ya lefatshe lotlhe.

  • Boikaelelo jwa Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela ke bofe?

  • Sekolo sa Baboledi ba Bogosi se diretswe bomang?