Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 17

Balebedi ba ba Etang ba re Thusa Jang?

Balebedi ba ba Etang ba re Thusa Jang?

Malawi

Pokano ya tirelo ya tshimo

Tirelo ya tshimo

Pokano ya bagolwane

Gantsi mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika go umakiwa Barenabase le moaposetoloi Paulo. Banna bano e ne e le balebedi ba ba etang, ba etela diphuthego tsa bogologolo. Goreng? Ba ne ba tshwenyegile thata ka boemo jwa semoya jwa bakaulengwe ba bone. Paulo o ne a re o batla go ‘boa mme a etele bakaulengwe,’ go bona gore ba ntse ba tsoga jang. O ne a ikemiseditse go tsamaya dikilometara di le makgolokgolo gore a ye go ba nonotsha. (Ditiro 15:36) Le gompieno balebedi ba ba etang ba na le boikutlo jo bo tshwanang.

Ba tla go re kgothatsa. Molebedi mongwe le mongwe wa potologo o etela diphuthego di ka nna 20 kgotsa go feta, a fetsa beke mo go nngwe le nngwe ya tsone, gabedi mo ngwageng. Re solegelwa molemo ke maitemogelo a banna bano le basadi ba bone, fa e le gore ba nyetse. Ba leka ka natla go itse mongwe le mongwe wa rona, bagolo le basha, mme ba itumelela go tsamaya le rona mo bodireding jwa tshimo le kwa bathong ba re ithutang Baebele le bone. Balebedi bano ba potologo ba tsamaya le bagolwane go dira maeto a bodisa, mme gape ba re nonotsha ka dipuo tse ba di neelang kwa dipokanong le kwa dikopanong.—Ditiro 15:35.

Ba bontsha go kgatlhegela botlhe. Balebedi ba potologo ba kgatlhegela thata boemo jwa semoya jwa diphuthego tse ba di etelang. Ba kopana le bagolwane le batlhanka ba bodiredi go sekaseka se se fitlheletsweng mo phuthegong, le go ba naya dikgakololo tse di tlhokegang tsa kafa ba ka diragatsang maikarabelo a bone ka gone. Ba thusa babulatsela gore ba kgone go atlega mo tirong ya bone, mme gape ba itumelela go itse batho ba ba sa tswang go kopanela le phuthego le go utlwa gore ba ntse ba gatela pele jang semoyeng. Mongwe le mongwe wa bakaulengwe bano o ithaopa ka go rata gore e nne ‘modirimmogo gore re solegelwe molemo.’ (2 Bakorintha 8:23) Re tshwanetse go etsa tumelo ya bone le boineelo jwa bone mo Modimong.—Bahebera 13:7.

  • Ke ka ntlha yang fa balebedi ba potologo ba etela diphuthego?

  • Re ka solegelwa molemo jang ke maeto a bone?