Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 19

Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?

Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale ke Mang?

Rotlhe re solegelwa molemo ke dijo tsa rona tsa semoya

Pelenyana fela ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a tshwara pokano e e kgethegileng le barutwa ba gagwe ba le banè—Petere, Jakobe, Johane le Anderea. Mme fa a ne a bolelela pele sesupo sa go nna gone ga gagwe mo metlheng ya bofelo, o ne a botsa potso eno ya botlhokwa: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng?” (Mathaio 24:3, 45; Mareko 13:3, 4) Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore e re ka e le “mong” wa bone, o tla tlhoma bangwe ba ba tla nnang ba abela balatedi ba gagwe dijo tsa semoya mo metlheng ya bofelo. Ke bomang ba e neng e tla nna motlhanka yono?

Ke balatedi ba ga Jesu ba tota ba tloditsweng ka moya. “Motlhanka” o abela baobamedi ba ga Jehofa dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. Re ikantse motlhanka yono yo o ikanyegang gore a tswelele a re naya ‘selekanyo sa rona sa dijo ka nako e e tshwanetseng.’—Luke 12:42.

Ba tlhokometse ba ntlo ya Modimo. (1 Timotheo 3:15) Jesu o ne a naya motlhanka maikarabelo a magolo a go tlhokomela tiro e e dirwang mo karolong e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa—go tlhokomela dithoto tsa gagwe, go etelela pele tiro ya go rera le go re ruta mo diphuthegong. Ka jalo, gore “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a kgone go re naya se re se tlhokang ka nako e re se tlhokang ka yone, o aba dijo tsa semoya a dirisa dikgatiso tse re di dirisang mo bodireding, le dithulaganyo tse re nnang le tsone kwa dipokanong le kwa dikopanong.

Motlhanka o ikanyega mo dithutong tsa boammaaruri tsa Baebele le mo taelong e a e neilweng ya go rera dikgang tse di molemo, mme o bontsha botlhale ka tsela e a tlhokomelang dilo tsa ga Keresete ka yone mo lefatsheng. (Ditiro 10:42) Jehofa o segofatsa tiro ya motlhanka yono ka go dira gore batho ba le bantsi ba nne Basupi ba Gagwe le go mo thusa go aba dijo tse dintsi tsa semoya.—Isaia 60:22; 65:13.

  • Jesu o ile a tlhoma mang gore a abele barutwa ba gagwe dijo tsa semoya?

  • Motlhanka o bontsha ka ditsela dife gore o a ikanyega e bile o botlhale?