Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 20

Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?

Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?

Setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga

Ba bala lekwalo le le tswang kwa setlhopheng se se laolang

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha se sennye sa ‘baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema,’ se ne se direla e le setlhopha se se laolang, se dira ditshwetso tsa botlhokwa mo boemong jwa phuthego yotlhe ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Ditiro 15:2) Go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko le go ikobela kaelo ya moya wa Modimo go ne go ba thusa go dira ditshwetso tse ba neng ba dumalana ka tsone. (Ditiro 15:25) Ke one mokgwa o o latelwang le gompieno.

Ba dirisiwa ke Modimo go dira thato ya gagwe. Bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba direlang mo Setlhopheng se se Laolang, ba kgatlhegela thata Lefoko la Modimo e bile ba na le maitemogelo a go etelela pele mo dilong tsa semoya le go dira ditshwetso tsa gore tiro ya go rera e tshwanetse go dirwa jang. Ba kopana beke le beke go sekaseka dilo tse bakaulengwe ba bone ba di tlhokang mo lefatsheng lotlhe. Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ba neela ditaelo tse di theilweng mo Baebeleng, ba dirisa makwalo, balebedi ba ba etang kgotsa balebedi ba bangwe. Seno se dira gore batho ba Modimo ba nne le mogopolo o o tshwanang ba bo ba dire tiro e e tshwanang ka kutlwano. (Ditiro 16:4, 5) Setlhopha se se Laolang se etelela pele go rulaganngwa ga dijo tsa semoya, se kgothaletsa botlhe go baya tiro ya go rera kwa pele mo matshelong a bone, e bile ke sone se rulaganyang gore bakaulengwe bangwe ba tlhomiwe go etelela pele mo diphuthegong.

Ba ikobela kaelo ya moya wa Modimo. Setlhopha se se Laolang se ikaegile ka Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, e bong Jehofa le Tlhogo ya phuthego e bong Jesu go bona kaelo. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:23) Maloko a sone ga a itseye e le balaodi ba batho ba Modimo. Bone mmogo le Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng, ‘ba nna ba sala Kwana Jesu morago go sa kgathalesege gore o ya kae.’ (Tshenolo 14:4) Maloko a Setlhopha se se Laolang a anaanela thata fa re ntse re a rapelela.

  • Ke bomang ba ba neng ba le mo setlhopheng se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga?

  • Setlhopha se se Laolang sa gompieno se batla kaelo ya Modimo jang?