Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 22

Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?

Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?

Solomon Islands

Canada

Afrika Borwa

Maloko a lelapa la Bethele a direla mo mafapheng a a farologaneng, go tlhokomela tiro ya go rera e e dirwang mo nageng kgotsa mo dinageng di le mmalwa. Ba ka direla e le baranodi, ba gatisa dimakasine, ba dira dibuka, ba paka dikgatiso, ba dira dibidio kgotsa dilo dingwe tse di tlhokegang mo tshimong ya bone.

Komiti ya Lekala ke yone e okamelang tiro. Setlhopha se se Laolang se neile Komiti ya Lekala boikarabelo jwa go okamela tiro e e dirwang mo ofising nngwe le nngwe ya lekala. Komiti eno e dirilwe ka bagolwane ba ba tshwanelegang sentle ba le bararo kgotsa go feta. Bagolwane bano ba itsise Setlhopha se se Laolang kafa tiro ya go rera e tsweletseng ka gone le ka mathata a ba lebanang le one mo tshimong e ba e okametseng. Dipego tseno di thusa Setlhopha se se Laolang go sekaseka gore mo isagweng ke ditlhogo dife tse go ka tlotliwang ka tsone mo dikgatisong, kwa dipokanong le kwa dikopanong. Gangwe le gape baemedi ba Setlhopha se se Laolang ba romelwa kwa makaleng a a farologaneng go ya go neela Dikomiti tsa Makala dikgakololo tsa kafa ba ka dirang dikabelo tsa bone ka gone. (Diane 11:14) Go nna le thulaganyo e e kgethegileng e mo go yone moemedi wa ntlokgolo a neelang puo go kgothatsa ba ba mo tshimong e e okametsweng ke lekala leo.

Go thusa diphuthego. Bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo kwa ofising ya lekala ba ntsha tetla ya go tlhomiwa ga diphuthego tse disha le go tlhomiwa ga bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Gape bakaulengwe ba kaela tiro ya babulatsela, barongwa le balebedi ba potologo ba ba direlang mo tshimong e e okametsweng ke lekala la bone. Ba rulaganya dikopano tse dinnye le tse dikgolo, ba okamela go agiwa ga Diholo tse disha tsa Bogosi le go tlhomamisa gore dikgatiso tse di tlhokegang di romelwa kwa diphuthegong. Tiro yotlhe e e dirwang kwa ofising ya lekala e thusa gore tiro ya go rera e dirwe ka thulaganyo.—1 Bakorintha 14:33, 40.

  • Dikomiti tsa Makala di thusa jang Setlhopha se se Laolang?

  • Ke ditiro dife tse di dirwang kwa ofising ya lekala?