Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 24

Tiro ya Rona e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe e Tshegediwa Jang ka Madi?

Tiro ya Rona e e Dirwang mo Lefatsheng Lotlhe e Tshegediwa Jang ka Madi?

Nepal

Togo

Boritane

Phuthego ya rona e gatisa le go aba Dibaebele le dikgatiso tse dingwe di le dimilione di le makgolokgolo ngwaga le ngwaga kwantle ga go duedisa batho. Re aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le diofisi tsa makala. Re tlhokomela maloko a malapa a Bethele le barongwa ba le diketekete, e bile re rulaganya dithuso tsa namolo ka dinako tsa masetlapelo. Ka jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘madi a a tshegetsang tiro eno yotlhe a tswa kae?’

Ga re ntshe makgetho, karolo ya lesome kgotsa dikoleke. Le fa gone tiro ya rona ya go rera e tlhoka ditshenyegelo tse dintsi, ga re kope batho madi. Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, kgatiso ya bobedi ya makasine wa Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore re dumela gore Jehofa ke ene a re emeng nokeng ka jalo ga re “kitla re kopa batho go re ema nokeng”—mme ga re ise re ko re dire jalo!—Mathaio 10:8.

Ditiro tsa rona di tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Batho ba le bantsi ba anaanela tiro ya rona ya go ruta Baebele mme ba e ntshetsa meneelo. Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go dirisa nako, maatla, madi a bone le dilo tse dingwe tse ba nang le tsone go dira thato ya Modimo mo lefatsheng lotlhe. (1 Ditiragalo 29:9) Kwa Holong ya Bogosi go na le mabokoso a moneelo a botlhe ba ba ratang go ntsha meneelo ba ka tsenyang meneelo ya bone mo go one. Kgotsa ba ka nna ba ntsha meneelo ba dirisa website ya rona ya jw.org. Gantsi madi a re a amogelang a ntshiwa ke batho ba maemo a a kwa tlase, ba ba tshwanang le motlholagadi wa motlhoki yo Jesu a ileng a bua molemo ka ene, yo o neng a latlhela madinyana a tshipi a le mabedi mo letloleng la matlotlo a tempele. (Luke 21:1-4) Ka jalo, mongwe le mongwe a ka itlwaetsa go ‘beela sengwe kwa thoko’ gore a ntshe “fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe.”—1 Bakorintha 16:2; 2 Bakorintha 9:7.

Re tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla tswelela a tlhotlheletsa batho ba ba batlang go mo ‘tlotla ka dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo’ go ema nokeng tiro ya Bogosi gore thato ya gagwe e diragadiwe.—Diane 3:9.

  • Ke eng se se dirang gore phuthego ya rona e farologane le madumedi a mangwe?

  • Meneelo e e ntshiwang ka go rata e dirisiwa jang?