Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 25

Diholo Tsa Bogosi—Goreng di Agiwa Mme di Agiwa Jang?

Diholo Tsa Bogosi—Goreng di Agiwa Mme di Agiwa Jang?

Bolivia

Nigeria, ya bogologolo le e ntšha

Tahiti

Jaaka leina Holo ya Bogosi le tlhalosa, thuto ya Baebele e e rutiwang koo e bua thata ka Bogosi jwa Modimo—jo e leng setlhogo sa bodiredi jwa ga Jesu.—Luke 8:1.

Ke mafelo a kobamelo ya boammaaruri. Basupi ba ga Jehofa ba dira dithulaganyo tsa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo go one mafelo ano. (Mathaio 24:14) Diholo Tsa Bogosi di farologana ka bogolo le tsela e di agiwang ka yone, mme tsotlhe ke mafelo a a lebegang sentle a a seng magasigasi, bontsi jwa tsone di dirisiwa ke diphuthego di feta e le nngwe. Mo dingwageng tsa bosheng, re ile ra aga Diholo Tsa Bogosi di le diketekete (e leng palogare ya diholo di le tlhano ka letsatsi) gore palo ya baboledi le diphuthego tse di ntseng di oketsega di nne le mafelo a di kopanelang mo go one. Seno se kgonega jang?—Mathaio 19:26.

Di agiwa ka meneelo e e ntshediwang letlole la go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi. Meneelo eno e romelwa kwa ofising ya lekala gore diphuthego tse dingwe tse di batlang go aga kgotsa go baakanya Holo ya Bogosi, di kgone go adima madi ano.

Di agiwa ke baithaopi ba ba sa duelweng ba ba tswang mo maemong a a farologaneng. Go rulagantswe Ditlhopha Tsa go Aga Diholo Tsa Bogosi mo dinageng di le dintsi. Ditlhopha tsa baagi le baithaopi di nna di tsamaya mo diphuthegong tse di farologaneng mo nageng ya bone, tota le kwa mafelong a a kgakala, gore ba thuse Basupi ba mafelo ao go aga Diholo tsa bone tsa Bogosi. Mo dinageng tse dingwe go tlhomilwe Basupi ba ba tshwanelegang go etelela pele go agiwa le go baakanngwa ga Diholo Tsa Bogosi tsa mo kgaolong ya eo. Le fa gone batho ba le bantsi ba ba nang le bokgoni jwa kago mo kgaolong eo ba ithaopela go thusa mo mafelong otlhe a go agiwang mo go one, maloko a phuthego ya lefelo leo ke one a a nnang teng ka bontsi go tla go thusa. Ka ntlha ya moya wa ga Jehofa le maiteko a batho ba gagwe ba a dirang ka moya otlhe, tiro eno yotlhe e kgona go fitlhelelwa.—Pesalema 127:1; Bakolosa 3:23.

  • Ke ka ntlha yang fa mafelo a rona a kobamelo a bidiwa Diholo Tsa Bogosi?

  • Ke eng se se re thusang gore re kgone go aga Diholo Tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe?