Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 26

Re ka Thusa Jang go Tlhokomela Holo ya Rona ya Bogosi?

Re ka Thusa Jang go Tlhokomela Holo ya Rona ya Bogosi?

Estonia

Zimbabwe

Mongolia

Puerto Rico

Diholo Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa di emela leina la Modimo le le boitshepo. Ka jalo, re tsaya go nna le seabe mo go bolokeng Holo ya rona ya Bogosi e le phepa, e lebega sentle e bile e le mo boemong jo bo siameng e le tshiamelo e kgolo e bile e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona e e boitshepo. Botlhe ba itumelela go nna le seabe.

Ithaopele go phepafatsa morago ga dipokano. Morago ga pokano nngwe le nngwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela go dirisa nako e khutshwane go phepafatsa Holo ya Bogosi. Gangwe ka beke e phepafadiwa ka botlalo. Mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi o etelela pele mo tirong e e dirwang, gantsi a dirisa lenaane go bona gore ke ditiro dife tse di tshwanetseng go dirwa. Go ikaegile ka se se tshwanetseng go dirwa, bangwe ba ithaopela go feela, go koropa, go phimola lerole, go baakanya ditulo, go phepafatsa matlwana, go tlhatswa difensetere le diipone, go tsholola matlakala kgotsa go phepafatsa kwa ntle ga holo. Bobotlana gangwe mo ngwageng, go bewa letsatsi la go phepafatsa Holo ya Bogosi ka botlalo. Fa re ruta bana ba rona go nna le seabe mo go phepafetseng, re ba ruta go tlotla lefelo la rona la kobamelo.—Moreri 5:1.

Ithaopele go thusa fa go na le sengwe se se tlhokang go baakanngwa. Ngwaga le ngwaga Holo ya Bogosi e tlhatlhobiwa mo teng le ka fa ntle go bona gore a e mo boemong jo bo siameng. Morago ga moo, go dirwa thulaganyo ya ka metlha ya go baakanya holo mo go tlhokegang gone, mme seno se tla thusa gore go se ka ga nna le ditshenyegelo tse di sa tlhokegeng. (2 Ditiragalo 24:13; 34:10) Holo ya Bogosi e e phepa le e e tlhokometsweng sentle, ke lefelo le le tshwanelang le re ka obamelang Modimo wa rona mo go lone. Fa re nna le seabe mo tirong ya go phepafatsa, re bontsha kafa re ratang Jehofa le lefelo la rona la kobamelo ka gone. (Pesalema 122:1) Seno gape se kgatlha le batho ba ba mo lefelong la rona.—2 Bakorintha 6:3.

  • Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhokomela lefelo la rona la kobamelo?

  • Ke dithulaganyo dife tse di dirwang gore Holo ya Bogosi e nne e le phepa?