Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 28

Ke Eng Se o Ka se Fitlhelang mo Website ya Rona

Ke Eng Se o Ka se Fitlhelang mo Website ya Rona

Fora

Poland

Russia

Jesu Keresete o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Mathaio 5:16) Gore re kgone go dira jalo, re dirisa thekenoloji ya bosheng ka tsela e e molemo, go akaretsa le Internet. Aterese ya rona ya Internet ya jw.org, ke ya semolao mme e na le tshedimosetso e e tlhalosang se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang le tiro ya bone. Ke tshedimosetso efe e nngwe e e fitlhelwang mo go yone?

Dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse gantsi di bodiwang. O ka kgona go bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse gantsi batho ba ipotsang tsone. Ka sekai, pampitshana ya setlhogo se se reng, A Pogo e Tla Fela? le ya setlhogo se se reng, A Tota Baswi ba ka Tshela Gape? di gone mo Internet ka dipuo di feta 600. Gape o tla fitlhela Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka dipuo di feta 130 le dikgatiso tse dingwe tse di ka go thusang go ithuta Baebele, go akaretsa le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? le dikgatiso tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ka nna wa bala kgotsa wa reetsa bontsi jwa dikgatiso tseno mo Internet kgotsa wa itseela dingwe tsa tsone ka difomete tse di tlwaelegileng tse di jaaka MP3, PDF kgotsa EPUB. O ka nna wa printa ditsebe di se kae tsa kgatiso nngwe ka puo ya motho yo o kgatlhegang mme wa mo naya tsone gore a kgone go ipalela! Go na le dibidio tsa puo ya diatla ka dipuo di le dintsi. O ka nna wa itseela diterama tsa mmalo wa Baebele, diterama tsa Baebele le mmino o o monate o o ka itumelelang go o reetsa ka nako ya gago.

Tshedimosetso ya boammaaruri ka Basupi ba ga Jehofa. Gape go nna go tsenngwa dikgang tsa bosheng le dibidio tse di khutshwane tse di buang ka tiro ya rona e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, ditiragalo tse di amang Basupi ba ga Jehofa le tiro e re e dirang go namola batho ka dinako tsa mathata. O ka bona lenaane la dikopano tsa kgaolo tse di tla tshwarwang le tshedimosetso ya go ikgolaganya le diofisi tsa rona tsa makala.

Dilo tseno di re thusa go phatsimisetsa lesedi la boammaaruri kwa dikarolong tse di kgakalakgakala tsa lefatshe. Batho ba ba mo dikontinenteng tsotlhe, go akaretsa le Antarctica, ba solegelwa molemo ke molaetsa ono. Re rapelela gore “lefoko la ga Jehofa le nne le tsamaye ka bofefo” mo lefatsheng lotlhe, gore Modimo a galalediwe.—2 Bathesalonika 3:1.

  • Aterese ya Internet ya jw.org e thusa batho ba le bantsi jang go ithuta boammaaruri jwa Baebele?

  • Ke eng se o ka batlang go batlisisa ka sone mo atereseng ya rona ya Internet?