Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 4

O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa

O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa

Jefetha o solofetsa Jehofa eng?

Go ne go se motlhofo mme morwadia Jefetha o ne a dira se rraagwe a neng a se solofeditse

A o bona mosetsana yo o mo setshwantshong seno?— Ke morwadia monna mongwe yo o bidiwang Jefetha. Baebele ga e re bolelele leina la gagwe mme re itse gore o ne a itumedisa rraagwe le Jehofa. A re ithute ka ene le ka rraagwe, e bong Jefetha.

Jefetha e ne e le monna yo o siameng mme o ne a dirisa nako e ntsi a ruta morwadie ka ga Jehofa. Gape e ne e le monna yo o nonofileng e bile e le moeteledipele yo o siameng. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba mo kopa gore a ba etelele pele go ya go lwantsha baba ba bone.

Jefetha o ne a rapela Modimo gore a mo thuse go fenya. Jefetha o ne a solofetsa gore fa a ka fenya, o tla naya Jehofa motho wa ntlha yo o tswang mo ntlong ya gagwe fa a boela gae. Motho yono o ne a tla nna kwa motlaaganeng wa Modimo le go bereka botshelo jwa gagwe jotlhe gone. Motlaagana e ne e le lefelo le batho ba neng ba ya kwa go lone go ya go obamela Modimo ka nako eo. Jefetha o ne a fenya ntwa! A o itse gore ke mang wa ntlha yo o neng a tswa kwa ntlong ya gagwe fa a boela gae?—

Ee, e ne e le morwadia Jefetha! E ne e le ene fela ngwana wa gagwe mme jaanong, Jefetha o ne a tla tshwanela ke gore a mo tsamaise. Seno se ne sa hutsafatsa Jefetha thata. Mme gakologelwa gore o ne a dirile tsholofetso. Ka yone nako eo, morwadie o ne a re: ‘Rre, o solofeditse Jehofa, ka jalo, o tshwanetse go diragatsa tsholofetso ya gago.’

Ngwaga le ngwaga, ditsala tsa ga morwadie Jefetha di ne di ya go mo etela

Morwadia Jefetha le ene o ne a hutsafetse. Kwa motlaaganeng, o ne a ka se ka a nyalwa le go nna le bana. Mme o ne a batla go diragatsa tsholofetso ya ga rraagwe le go itumedisa Jehofa. Go dira jalo go ne go le botlhokwa thata go na le gore a nyalwe le go nna le bana. Ka jalo, o ne a tloga kwa gae mme a ya go nna kwa motlaaganeng botshelo jwa gagwe jotlhe.

A o akanya gore o ne a itumedisa rraagwe le Jehofa?— Ee, o ne a ba itumedisa! Fa o le kutlo e bile o rata Jehofa, o ka tshwana le morwadia Jefetha. Le wena o tla itumedisa batsadi ba gago le Jehofa thata.