Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 12

Setlogolo sa ga Paulo Se ne Se le Pelokgale

Setlogolo sa ga Paulo Se ne Se le Pelokgale

A re ithute ka lekawana lengwe le le neng la boloka botshelo jwa malome wa lone. Malome wa lekawana leno e ne e le moaposetoloi Paulo. Ga re itse leina la lekawana leno, mme re itse gore o ne a dira sengwe se se pelokgale tota. A o ka rata go utlwa gore o dirile eng?—

Paulo o ne a le kwa kgolegelong kwa Jerusalema. O ne a tshwerwe ka gonne a ne a rera ka Jesu. Banna bangwe ba ba bosula ba ne ba tlhoile Paulo, ka jalo, ba ne ba dira leano le le bosula. Ba ne ba re: ‘A re kope molaodi wa masole gore a dire gore masole a gagwe a tlise Paulo kgotlatshekelo. Re tla iphitlha mo tseleng mme fa Paulo a feta, re tla mmolaya!’

Setlogolo sa ga Paulo se ne sa bolelela molaodi wa masole ka leano le le bosula

Setlogolo sa ga Paulo se ne sa utlwa ka leano leno. O ne a tla dira eng? O ne a ya kwa kgolegelong mme a bolelela Paulo ka lone. Ka yone nako eo, Paulo o ne a mmolelela gore a ye go bolelela molaodi wa masole ka leano le le bosula leo. A o akanya gore go ne go le motlhofo gore setlogolo sa ga Paulo se bue le molaodi wa masole?— Nnyaa, ka gonne molaodi e ne e le monna yo o botlhokwa. Mme setlogolo sa ga Paulo se ne se le pelokgale mme sa bua le molaodi.

Molaodi o ne a itse se a tshwanetseng go se dira. O ne a batla masole a ka nna 500 gore a sireletse Paulo! O ne a ba bolelela gore ba ise Paulo kwa Kaesarea mo bosigong joo. A botshelo jwa ga Paulo bo ne jwa bolokiwa?— Ee, banna ba ba bosula ga ba a ka ba kgona go mo tlhasela! Leano la bone le le bosula ga le a ka la bereka.

O ka ithuta eng mo kgannyeng eno?— Le wena o ka nna pelokgale jaaka setlogolo sa ga Paulo. Re tshwanetse go nna pelokgale fa re bua le ba bangwe ka Jehofa. A o tla nna pelokgale mme o tswelele o bua ka Jehofa?— Fa o dira jalo, o ka boloka botshelo jwa mongwe.