Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 1

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Go sekasekwa se Jesu a ileng a se ruta ka Bogosi jwa Modimo

1, 2. Ke mafoko afe a Jehofa ka boene a neng a a bua a a neng a utlwiwa ke baaposetoloi ba ga Jesu ba bararo, mme ba ne ba dira eng?

FA Jehofa Modimo a ne a ka go laela gore o dire sengwe, o ne o tla reng? Go sa kgathalesege gore o ne a tla bo a go laela go dira eng, a o ne o se kitla o iketleeletsa go ikobela taelo ya gagwe? Ga go pelaelo gore o ne o tla dira jalo!

2 Nako nngwe morago ga Tlolaganyo ya 32 C.E., baaposetoloi ba ga Jesu ba bararo—Petere, Jakobe le Johane—ba ne ba diragalelwa ke se se tshwanang. (Bala Mathaio 17:1-5.) Fa ba ne ba na le Mong wa bone kwa “thabeng e e kwa godimo,” ba ne ba bona ponatshegelo ya fa Jesu e tla bo e le Kgosi e e galalelang ya kwa legodimong. Ponatshegelo eo e ne e lebega e le ya mmatota mo e leng gore Petere o ne a bo a batla go nna le seabe mo go yone. Fa Petere a sa ntse a bua, leru le ne la ba okama. Go tswa foo, Petere le ditsala tsa gagwe ba ne ba utlwa ka tlhamalalo se batho ba le mmalwa fela ba kileng ba nna le tshiamelo ya go se utlwa—lentswe la ga Jehofa. Fa Jehofa a sena go tlhomamisa gore Jesu ke Morwawe, o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Mo reetseng.” Baaposetoloi ba ne ba ikobela taelo eo e e tswang kwa Modimong. Ba ne ba reetsa se Jesu a neng a se ruta, e bile ba ne ba kgothaletsa ba bangwe go dira jalo.—Ditiro 3:19-23; 4:18-20.

Jesu o ne a bua thata ka Bogosi jwa Modimo go na le go bua thata ka kgang epe fela

3. Ke eng fa Jehofa a batla gore re reetse Morwawe, mme ke kgang efe e re tshwanetseng go e sekaseka?

3 Mafoko ao—“Mo reetseng”—a ne a kwalwa mo Baebeleng gore a re solegele molemo. (Bar. 15:4) Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu ke mmueledi wa ga Jehofa e bile ka metlha fa a ne a ruta, o ne a bua se Rraagwe a neng a batla gore re se itse. (Joh. 1:1, 14) E re ka Jesu a ne a bua thata ka Bogosi jwa Modimo, e leng puso ya ga Mesia ya kwa legodimong e e dirilweng ka Keresete Jesu le babusimmogo le ene ba le 144 000, go na le go bua thata ka kgang epe fela, go a tshwanela gore re sekaseke kgang eno ya botlhokwa ka kelotlhoko. (Tshen. 5:9, 10; 14:1-3; 20:6) Le fa go ntse jalo, a re simololeng ka go sekaseka lebaka la go bo Jesu a ne a bua thata ka Bogosi jwa Modimo.

“Se se Tletseng mo Pelong . . . ”

4. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata Bogosi fela thata?

4 Jesu o rata Bogosi fela thata. Ke eng fa re ka rialo? Ka gonne mafoko a bontsha se se mo pelong—se se rayang gore mafoko a rona a bontsha gore ke eng se tota re se tsayang se le botlhokwa. Jesu ka boene o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Math. 12:34) Jesu o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe go bua ka Bogosi. Mo Diefangeleng tse nnè, go buiwa ka Bogosi ka makgetlo a a fetang 100, a bontsi jwa one go neng go bua Jesu. O ne a dira gore Bogosi e nne kgangkgolo ya tiro ya gagwe ya go rera fa a ne a re: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Tota le fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a tswelela a bua le barutwa ba gagwe ka Bogosi. (Dit. 1:3) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a anaanela Bogosi thata go tswa pelong mme seo se ne se mo tlhotlheletsa go bua ka jone.

5-7. (a) Re itse jang gore Jehofa o rata Bogosi fela thata? Tshwantsha. (b) Rona re ka bontsha jang gore re rata Bogosi fela thata?

5 Jehofa le ene o rata Bogosi fela thata. Re itse seo jang? Se lebale gore Jehofa o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng; Jehofa ke motswedi wa sengwe le sengwe se Morwawe a neng a se bua le se a neng a se ruta. (Joh. 7:16; 12:49, 50) Gape Jehofa ke ene motswedi wa sengwe le sengwe se se kwadilweng mo Diefangeleng tse nnè tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe. Akanya go se kae ka bokao jwa seo.

Go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A ke rata Bogosi jwa Modimo fela thata?’

6 A re re o tsenya dinepe tsa ba lelapa la gaeno mo alebamong. O na le dinepe di le dintsi tse o tshwanetseng go di tsenya mo go yone, le fa go ntse jalo, alebamo e ka kgona go tsenya di le mmalwa fela. O tla dira eng? O tla tlhopha gore ke dife tse o tla di tsenyang mo go yone. Ka tsela nngwe, Diefangele di tshwana le alebamo ya dinepe e e re bontshang sentle gore Jesu o ne a ntse jang. Jehofa ga a ka a tlhotlheletsa bakwadi ba Diefangele go kwala sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng. (Joh. 20:30; 21:25) Go na le moo, moya wa ga Jehofa o ne wa ba kaela gore ba kwale mafoko le ditiro tse di re thusang go tlhaloganya boikaelelo jwa bodiredi jwa ga Jesu le se Jehofa a se tsayang se le botlhokwa thata. (2 Tim. 3:16, 17; 2 Pet. 1:21) E re ka Diefangele di tletse ka dithuto tsa ga Jesu tse di malebana le Bogosi jwa Modimo, re ka bua re tlhatswegile pelo gore Jehofa o rata Bogosi fela thata. A ko o akanye fela—Jehofa o batla gore re itse se Bogosi jwa gagwe e leng sone!

7 Go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A ke rata Bogosi jwa Modimo fela thata?’ Fa e le gore go ntse jalo, re tla iketleeletsa go reetsa se Jesu a neng a se bua le se a neng a se ruta ka Bogosi—botlhokwa jwa jone le gore bo tla tla jang le gore bo tla tla leng.

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”—Jang?

8. Jesu o ne a sobokanya jang botlhokwa jwa Bogosi?

8 Ela tlhoko thapelo ya sekao. Jesu o ne a dirisa mafoko a a utlwalang sentle e bile a sa raraana go sobokanya botlhokwa jwa Bogosi, a bontsha se bo tla se fitlhelelang. Thapelo eo e na le dikopo di le supa. Tse tharo tsa ntlha di amana le maikaelelo a ga Jehofa—go itshepisiwa ga leina la gagwe, go tla ga Bogosi jwa gagwe le go diragadiwa ga thato ya gagwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. (Bala Mathaio 6:9, 10.) Dikopo tseo tse tharo di amana fela thata. Bogosi jwa ga Mesia ke sediriswa se Jehofa a tla se dirisang go itshepisa leina la gagwe le go diragatsa thato ya gagwe.

9, 10. (a) Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng fa bo tla? (b) Ke tsholofetso efe e e mo Baebeleng e o swegaswegang pelo go bona e diragadiwa?

9 Bogosi jwa Modimo bo tla tla jang? Fa re rapela re re, “A Bogosi jwa gago bo tle,” re a bo re kopa gore Bogosi bo tseye kgato ya makgaolakgang. Fa Bogosi bo tla, bo tla dirisa maatla a jone ka botlalo mo lefatsheng. Bo tla fedisa tsamaiso ya dilo ya gone jaanong e e boikepo, e e akaretsang dipuso tsotlhe tsa batho, mme bo tlise lefatshe le lesha la tshiamo. (Dan. 2:44; 2 Pet. 3:13) Go tswa foo, fa Bogosi bo busa, lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. (Luke 23:43) Ba ba mo mogopolong wa Modimo ba tla tsosiwa mo baswing mme ba tla kopana gape le baratiwa ba bone. (Joh. 5:28, 29) Batho ba ba kutlo ba tla itekanela mme ba tla ipelela go tshela ka bosakhutleng. (Tshen. 21:3-5) Morago ga moo, maemo mo lefatsheng a tla bo a tshwana le a kwa legodimong, a bontsha gore thato ya Jehofa Modimo e a dirwa! A ga o swegaswege pelo go bona ditsholofetso tseo tse di mo Baebeleng di diragala? Se lebale gore ka metlha fa o rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle, o rapelela gore ditsholofetso tseo tse di itumedisang di diragadiwe.

10 Ga go pelaelo gore Bogosi jwa Modimo ga bo ise “bo tle” go diragatsa se se tlhalosiwang mo thapelong ya sekao. Boammaaruri ke gore dipuso tsa batho di sa ntse di busa e bile lefatshe le lesha la tshiamo ga le ise le tle. Le fa go ntse jalo, go na le dikgang tse di molemo. Bogosi jwa Modimo bo setse bo tlhomilwe, jaaka re tla bona mo kgaolong e e latelang. Mma jaanong re sekasekeng se Jesu a neng a se bua malebana le gore Bogosi bo tla tlhomiwa leng le gore bo tla tla leng.

Bogosi Jwa Modimo Bo ne Bo Tla Tlhomiwa Leng?

11. Jesu o ne a bontsha eng malebana le go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo?

11 Jesu o ne a bontsha gore Bogosi bo ne bo se kitla bo tlhomiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., le fa gone bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba solofetse jalo. (Dit. 1:6) Ela tlhoko se a neng a se bua mo ditshwantshong tse pedi tse di farologaneng. Fa a bua ka setshwantsho sa bobedi, go ne go setse go fetile lobaka lo lo kwa tlase ga dingwaga tse pedi.

12. Setshwantsho sa korong le mefero se bontsha jang gore Bogosi ga bo a tlhomiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

12 Setshwantsho sa korong le mefero. (Bala Mathaio 13:24-30.) Fa Jesu a sena go bua ka setshwantsho seno, gongwe ka dikgakologo tsa 31 C.E., o ne a se tlhalosetsa barutwa ba gagwe. (Math. 13:36-43) Tota bokao jwa setshwantsho seno ke jono: Fa baaposetoloi ba sena go swa, Diabolo o ne a tla jala mefero (Bakeresete ba maaka) mo gare ga korong (“bana ba Bogosi” kgotsa Bakeresete ba ba tloditsweng). Korong le mefero di ne di tla tlogelwa gore di gole mmogo ka paka ya go gola e e neng e tla tswelela go fitlha ka nako ya thobo, e leng “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.” Fa paka ya thobo e sena go simologa, mefero e tla phuthwa. Go tswa foo, go bo go phuthwa korong. Ka jalo, setshwantsho seno se bontsha gore Bogosi bo ne bo se kitla bo tlhomiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mme bo ne bo tla tlhomiwa fela fa paka ya go gola e sena go fela. Fa ditiragalo tseno di ntse di tsweletse, paka ya go gola e ne ya khutla mme ga simologa paka ya thobo ka 1914.

13. Jesu o ne a dirisa setshwantsho sefe go bontsha gore o ne a se kitla a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bomesia ka bonako fela fa a sena go boela kwa legodimong?

13 Setshwantsho sa bomaena. (Bala Luke 19:11-13.) Jesu o ne a bua ka setshwantsho seno ka 33 C.E. fa a ne a le mo tseleng a ya Jerusalema lekgetlo la bofelo. Bangwe ba bareetsi ba gagwe ba ne ba akanya gore o tla tlhoma Bogosi ka bonako fela fa ba goroga kwa Jerusalema. Gore Jesu a baakanye kgopolo eo ya bone le go bontsha gore go ne go sa ntse go setse lobaka lo loleele gore Bogosi bo tlhomiwe, o ne a itshwantsha le “monna mongwe yo o tshotsweng ke batlotlegi,” yo o neng a tshwanelwa ke go etela “kwa lefatsheng le le kgakala go ikamogelela maatla a segosi.” * Mo kgannyeng ya ga Jesu, ‘lefatshe le le kgakala’ e ne e le legodimo, kwa a neng a tla amogela gone maatla a go nna Kgosi mo go Rraagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore o ne a se kitla a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bomesia ka bonako fela fa a sena go boela kwa legodimong. Go na le moo, o ne a tla nna ka fa seatleng sa moja sa Modimo mme a lete go fitlha nako e e tlhomilweng e goroga. Fela jaaka go ne ga direga, go leta moo go ne ga tsaya makgolokgolo a mantsi a dingwaga.—Pes. 110:1, 2; Math. 22:43, 44; Baheb. 10:12, 13.

Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tla Leng?

14. (a) Jesu o ne a araba jang potso e baaposetoloi ba gagwe ba le banè ba neng ba mmotsa yone? (b) Go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Jesu go re ruta eng malebana le go nna gone ga gagwe le ka Bogosi?

14 Malatsi a le mmalwa pele ga Jesu a bolawa, baaposetoloi ba gagwe ba le banè ba ne ba mmotsa jaana: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Math. 24:3; Mar. 13:4) Jesu o ne a ba araba ka go dirisa boporofeti jo bo neng bo tla diragadiwa ka ditsela di le mmalwa, jo bo kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 24 le 25. O ne a bua ka ditiragalo di le mmalwa tse di farologaneng tse di neng di tla direga mo lefatsheng lotlhe go nna sesupo sa lobaka lwa nako lo lo bidiwang “go nna gone” ga gagwe. Tshimologo ya go nna gone ga gagwe e ne e tla nna ka nako e le nngwe le go tlhomiwa ga Bogosi; mme bokhutlo jwa go nna gone ga gagwe bo ne bo tla nna ka nako e le nngwe le go tla ga Bogosi. Re na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore boporofeti jwa ga Jesu bo ntse bo diragadiwa fa e sa le ka 1914. * Ka jalo, ngwaga oo o ne wa tshwaya tshimologo ya go nna gone ga gagwe le go tlhomiwa ga Bogosi.

15, 16. Mafoko a a reng “kokomana eno” a raya bomang?

15 Mme gone, Bogosi jwa Modimo bo tla tla leng? Jesu ga a ka a bua nako e e tlhomameng ya gore seo se ne se tla direga leng. (Math. 24:36) Le fa go ntse jalo, o ne a bua sengwe se se neng se tla re tlhomamisetsa gore ruri Bogosi bo gaufi thata. Jesu o ne a bontsha gore Bogosi bo ne bo tla tla fa “kokomana eno” e sena go bona go diragadiwa ga sesupo sa boporofeti. (Bala Mathaio 24:32-34.) Polelwana e e reng “kokomana eno,” e raya bomang? A re sekasekeng ka kelotlhoko mafoko ao a ga Jesu.

16 “Kokomana eno.” A Jesu o ne a bua ka batho ba e seng badumedi? Nnyaa. Ela tlhoko gore o ne a bua le bomang. Fa Jesu a ne a bua ka boporofeti jono, o ne a na le baaposetoloi ba le mmalwa ba ba neng ba “mo atamela kwa thoko.” (Math. 24:3) Baaposetoloi bano ba ne ba tloga ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Gape ela tlhoko ditemana tse di dikologileng kgang eno. Pele ga Jesu a bua ka “kokomana eno,” o ne a re: “Jaanong ithuteng ntlha eno ka setlhare sa mofeige e le setshwantsho: Ka bonako fela fa kalana ya sone e nna nana mme e ntsha matlhare, lo a itse gore selemo se gaufi. Ka tsela e e tshwanang le lona, fa lo bona dilo tseno tsotlhe, itseng gore o gaufi fa dikgorong.” Balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng—e seng batho ba e seng badumedi—ba ne ba tla bona dilo tse a neng a di bolelelapele le go lemoga bokao jwa tsone, gore Jesu “o gaufi fa dikgorong.” Ka jalo, fa Jesu a ne a bua ka “kokomana eno,” o ne a akantse ka balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng.

17. Dipolelwana “kokomana” le “dilo tseno tsotlhe,” di kaya eng?

17 “Ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” Mafoko ao a tla diragadiwa jang? Go araba potso eno, re tlhoka go itse dilo di le pedi: bokao jwa “kokomana” le jwa “dilo tseno tsotlhe.” Gantsi lefoko “kokomana” le kaya batho ba dingwaga tse di farologaneng ba ba tswelelang ba tshela ka lobaka lo le longwe lwa nako. Kokomana ga e tseye lobaka lo loleele thata, e na le mo e felelang gone. (Ekes. 1:6) Polelwana e e reng “dilo tseno tsotlhe,” e akaretsa dilo tsotlhe tse di boleletsweng pele tse di buang ka nako ya go nna gone ga ga Jesu, go tloga ka tshimologo ya go nna gone ga gagwe ka 1914 go fitlha kwa bokhutlong jwa go nna gone ga gagwe ka nako ya “pitlagano e kgolo.”—Math. 24:21.

18, 19. Re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu a a buang ka “kokomana eno,” mme re ka swetsa ka go reng?

18 Jaanong, re tshwanetse go tlhaloganya jang mafoko a ga Jesu a a buang ka “kokomana eno”? Kokomana eno e dirilwe ka ditlhopha tse pedi tsa batlodiwa tse di tshelang mo lobakeng lo le longwe lwa nako—setlhopha sa ntlha se bopilwe ka batlodiwa ba ba neng ba bona tshimologo ya go diragadiwa ga sesupo ka 1914 mme sa bobedi, ke sa batlodiwa ba mo lobakeng lo lo rileng lwa nako ba neng ba tshela le ba setlhopha sa ntlha. Mme bangwe ba setlhopha sa bobedi ba tla tshela go fitlha ba bona tshimologo ya pitlagano e kgolo. Ditlhopha tseno tse pedi ke kokomana e le nngwe ka gonne di tshela mo lobakeng lo le longwe lwa nako e le Bakeresete ba ba tloditsweng. *

19 Jaanong re ka swetsa ka go reng? Re a itse gore sesupo sa go nna gone ga ga Jesu a le mo maatleng a Bogosi se bonala sentle mo lefatsheng lotlhe. E bile re a bona gore batlodiwa ba ba sa ntseng ba tshela ba e leng karolo ya “kokomana eno” ba a tsofala; mme gone, ga ba kitla ba a swa botlhe pele ga pitlagano e kgolo e simologa. Ka jalo, re ka swetsa ka gore go ise go ye kae, ruri Bogosi jwa Modimo bo tla tla mme bo tla busa mo lefatsheng lotlhe! Go tla bo go itumedisa tota go bona go diragadiwa ga thapelo e Jesu a neng a re e ruta: “A Bogosi jwa gago bo tle”!

20. Ke kgang efe ya botlhokwa thata e go tla tlotliwang ka yone mo kgatisong eno, mme go tla sekasekwa eng mo kgaolong e e latelang?

20 A le ka motlha re se ka ra lebala mafoko a Jehofa ka boene a neng a a bua go tswa legodimong malebana le Morwawe: “Mo reetseng.” E re ka re le Bakeresete ba boammaaruri, re ikemiseditse go ikobela taelo eo e e tswang kwa Modimong. Re kgatlhegela thata sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua le se a neng a se ruta ka Bogosi jwa Modimo. Mo kgatisong eno, go tla tlotliwa ka kgang ya botlhokwa thata, e leng se Bogosi bo setseng bo se fitlheletse le se bo tla se dirang mo isagweng. Kgaolo e e latelang e tla sekaseka ditiragalo tse di itumedisang tse di amanang le go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo kwa legodimong.

^ ser. 13 Setshwantsho seno sa ga Jesu se ka tswa se ile sa gopotsa bareetsi ba gagwe ka Arekelao, morwa wa ga Herode yo Mogolo. Pele ga Herode a swa, o ne a tlhoma Arekelao go nna mojaboswa yo o neng a tla busa mo Judea le dinaga tse dingwe. Le fa go ntse jalo, pele ga Arekelao a ka simolola go busa, o ne a tshwanelwa ke go tsaya loeto lo loleele go ya kwa Roma go ya go tlhomamisiwa semolao ke Kaesara Aguseto.

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 9 ya buka ya, Totatota Baebele e Ruta Eng?

^ ser. 18 Ope fela yo o neng a tlodiwa morago ga loso lwa leloko la bofelo la batlodiwa ba setlhopha sa ntlha—ke gore, morago ga ba ba neng ba bona “tshimologo ya ditlhabi tsa tlalelo” ka 1914—a ka se nne karolo ya “kokomana eno.”—Math. 24:8.