Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 4

Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe

Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Batho ba Modimo ba naya leina la gagwe tlotlomalo e e le tshwanetseng

1, 2. Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e tlotlomatsa jang leina la Modimo?

E NE e le mo mosong o o tsiditsana mme go le letsatsi ka Labobedi Sedimonthole 2, 1947, fa setlhotshwana sa bakaulengwe ba ba tloditsweng kwa Bethele ya Brooklyn kwa New York, ba ne ba simolola tiro e kgolo e ba neng ba ikemiseditse go e digela. Tiro ya teng e ne e le boima, mme dingwaga di le 12 tse di latelang ba ne ba ntse ba mekamekane le yone. Kgabagare ka Sontaga, Mopitlwe 13, 1960, ba ne ba wetsa temana ya bofelo ya thanolo e ntšha ya Baebele. Dikgwedi di le tharo moragonyana, ka Seetebosigo 18, 1960, Mokaulengwe Nathan Knorr o ne a gololela batlakopanong ba ba neng ba itumetse bolumo ya bofelo ya Baebele e e feletseng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya Seesemane kwa Manchester, Engelane. Sebui se ne sa tlhalosa sentle tsela e botlhe ba neng ba ikutlwa ka yone fa se ne se re: ‘Gompieno ke letsatsi la boipelo mo Basuping ba ga Jehofa lefatshe ka bophara!’ Nngwe ya dikarolo tse di neng di tlhomologile ka thanolo eo e ntšha e ne e ipedisa tota—go dirisiwa ga leina la Modimo mo le neng le tlhaga teng mo mekwalong ya ntlhantlha ya Baebele.

Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ya Seesemane e ne ya gololwa ka 1950 kwa kopanong ya, Theocracy’s Increase Koketsego ya Puso ya Modimo (Ka fa Molemeng: Yankee Stadium, New York City; Ka fa Mojeng: Ghana)

2 Mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele go tlositswe leina la Modimo. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ne ba ema kgatlhanong le leano la ga Satane la go batla go phimola leina la Modimo mo megopolong ya batho. Matseno a Baebele eo ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e neng ya gololwa mo go lone letsatsi leo a ne a re: “Sengwe sa botlhokwa thata ka thanolo eno ke gore e buseditse leina la Modimo mo le tshwanetseng gone.” Eleruri, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa leina la Modimo, Jehofa, ka makgetlo a feta 7 000. Ruri tsela e thanolo eno e tlotlomaditseng ka gone leina la ga Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, e tlhomologile!

3. (a) Ke eng se bakaulengwe ba rona ba neng ba se lemoga ka bokao jwa leina la Modimo? (b) Re tshwanetse go tlhaloganya jang Ekesodo 3:13, 14? (Bona lebokose le le reng, “ Bokao Jwa Leina la Modimo.”)

3 Kwa tshimologong Baithuti ba Baebele ba ne ba tlhaloganya gore leina la Modimo le kaya, “Ke ntse yo ke ntseng.” (Ekes. 3:14, Baebele e e Boitshepo) Ka jalo, makasine wa The Watch Tower wa January 1, 1926, o ne wa re: “Leina Jehofa le kaya Yo o sa leng a le gone, . . . Ene yo o se nang tshimologo le bokhutlo.” Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa baranodi ba Thanolo ya Lefatshe le Lesha ba ne ba simolola tiro ya bone, Jehofa o ne a ba thusa go lemoga gore leina la gagwe ga le kaye fela yo o sa leng a le gone, mme sa botlhokwa le go feta le kaya gore ke Modimo wa boikaelelo le yo o diragatsang se a se solofeditseng. Ba ne ba ithuta gore totatota leina Jehofa, le kaya, “O Dira Gore go Diragale.” Ee, o dirile gore lobopo le dibopiwa tse di botlhale di nne gone, e bile o tswelela a dira gore thato ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe di diragale. Le fa go ntse jalo, ke eng fa go le botlhokwa gore leina la Modimo le tlotlomadiwe, mme re ka nna jang le seabe mo go le tlotlomatseng?

Go Itshepisiwa ga Leina la Modimo

4, 5. (a) Re a bo re kopa eng fa re rapela re re: “A leina la gago le itshepisiwe”? (b) Modimo o tla itshepisa leina la gagwe jang mme o tla dira jalo leng?

4 Jehofa o batla gore leina la gagwe le tlotlomadiwe. Tota e bile, boikaelelo jwa gagwe jo bogolo ke go itshepisa leina la gagwe, jaaka re bona mo kopong ya ntlha e Jesu a neng a e dira mo thapelong ya gagwe ya sekao: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Fa re dira kopo eno, tota re a bo re rapelela eng?

5 Jaaka re ithutile mo Kgaolo 1 ya kgatiso eno, kopo e e reng “A leina la gago le itshepisiwe,” ke nngwe ya dikopo tse tharo tse di mo thapelong ya ga Jesu ya sekao, tse di amanang le boikaelelo jwa ga Jehofa. Tse dingwe tse pedi ke tse di reng: “A Bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale.” (Math. 6:10) Ka jalo, fela jaaka re kopa Jehofa gore a tseye kgato go dira gore Bogosi jwa gagwe bo tle le gore thato ya gagwe e diragale, ka tsela e e tshwanang re kopa Jehofa gore a tseye kgato go itshepisa leina la gagwe. Ka mafoko a mangwe, re a bo re kopa Jehofa gore a tseye kgato go tlosa kgobo yotlhe e e ntseng e pegwa mo leineng la gagwe fa e sa le go tloga ka botsuolodi jwa kwa Edene. Jehofa o tla araba thapelo eo jang? A re: “Ruri ke tla itshepisa leina la me le legolo, le le neng le itshepololwa mo gare ga ditšhaba.” (Esek. 36:23; 38:23) Fa Jehofa a tla bo a fedisa boikepo jotlhe ka Haramagedona, o tla itshepisa leina la gagwe mo matlhong a popo yotlhe.

6. Rona re ka nna le seabe jang mo go itshepiseng leina la Modimo?

6 Go ralala hisitori, Jehofa o ntse a letlile batlhanka ba gagwe go nna le seabe mo go itshepisiweng ga leina la gagwe. Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra oketsa tsela e leina la Modimo le leng boitshepo ka yone. Le setse le le boitshepo ka mo go feletseng. Mme jaanong re ka le itshepisa jang? Isaia a re: “Jehofa wa masomosomo—ke Ene yo lo tshwanetseng go mo tsaya a le boitshepo.” Jehofa le ene o ne a bua jaana malebana le batho ba gagwe: “Ba tla itshepisa leina la me . . . , le Modimo wa Iseraele ba tla mo tsaya ka tshisimogo.” (Isa. 8:13; 29:23) Ka gone, re itshepisa leina la Modimo ka go le tsaya le farologane le maina a mangwe e bile le le kwa godimo ga one, ka go tlotla se le se emelang le ka go thusa ba bangwe gore le bone ba le tseye le le boitshepo. Re bontsha gore re sisimoga leina la Modimo le go le tlotla segolobogolo fa re lemoga gore Jehofa ke Mmusi wa rona e bile re mo ikobela ka pelo yotlhe ya rona.—Dia. 3:1; Tshen. 4:11.

Ba Baakanyediwa go Sikara Leina la Modimo Le go Le Tlotlomatsa

7, 8. (a) Ke ka ntlha yang fa go ile ga tsaya lobaka pele ga batho ba Modimo ba ka bidiwa ka leina la gagwe? (b) Re tla sekaseka eng gone jaanong?

7 Batlhanka ba Modimo ba mo motlheng wa rona ba ntse ba dirisa leina la Modimo mo dikgatisong tsa bone fa e sa le go tloga ka bo1870. Ka sekai, makasine wa Zion’s Watch Tower wa August 1879 le Songs of the Bride, kopelo e e neng ya gatisiwa ka one ngwaga oo, di umaka leina Jehofa. Le fa go ntse jalo, pele ga Jehofa a letla batho ba gagwe go ipitsa phatlalatsa ka leina la gagwe le le boitshepo, go bonala a ile a tlhomamisa pele gore a ba tshwanelegela tshiamelo eo e kgolo. Jehofa o ile a baakanyetsa jang Baithuti bao ba ntlha ba Baebele go sikara leina la gagwe?

8 Fa re leba kwa morago kwa bowelong jwa bo1800 le mo masimologong a bo1900, re bona kafa Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe ka gone gore ba tlhaloganye botoka dintlha tsa botlhokwa tsa boammaaruri jo bo malebana le leina la gagwe. A re sekasekeng di le tharo tsa tsone.

9, 10. (a) Ke eng fa ditlhogo tsa ntlhantlha tsa makasine wa Watch Tower di ne di bua thata ka Jesu? (b) Go ne ga nna le phetogo efe go simologa ka 1919 go ya pele, mme seo se ne sa felela ka eng? (Bona le lebokose le le reng, “ Kafa Makasine wa The Watchtower o Ileng wa Tlotlomatsa Leina la Modimo ka Gone.”)

9 Ntlha ya ntlha, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba simolola go leba botlhokwa jwa leina la Modimo ka tsela e e tshwanetseng. Baithuti ba ntlha ba Baebele ba ba ikanyegang ba ne ba tsaya thulaganyo ya thekololo e le yone thuto ya konokono ya Baebele. Seo se tlhalosa lebaka la go bo makasine wa Watch Tower o ne o bua thata ka Jesu. Ka sekai, mo ngwageng wa ntlha o makasine ono o neng wa gatisiwa ka one, o ne o umaka leina Jesu ka makgetlo a le lesome go feta leina Jehofa. Fa makasine wa The Watchtower wa March 15, 1976, o bua ka dingwaga tsa ntlha tsa Baithuti ba Baebele, o ne wa tlhalosa gore ba ne ba “tlotlomatsa [Jesu] ka tsela e e sa tshwanelang.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a ba thusa go lemoga gore Baebele e tlotlomatsa leina la Modimo. Seo se ile sa ama Baithuti ba Baebele jang? Setlhogo sa makasine oo se ne sa bontsha gore segolobogolo go simologa ka 1919 go ya pele, “ba ne ba simolola go bontsha tlotlo e e oketsegileng mo go Rraagwe Mesia yo o kwa legodimong, e bong Jehofa.” Tota e bile, go simologa ka 1920 go ya go 1929, makasine wa The Watch Tower o ne wa umaka leina la Modimo ka makgetlo a feta 6 500!

10 Fa bakaulengwe ba rona ba ne ba naya leina Jehofa tlotlomalo e e le tshwanetseng, ba ne ba bontsha gore ba rata leina la Modimo. Jaaka Moshe wa bogologolo, ba ne ba ikemiseditse go “bolela leina la ga Jehofa.” (Dute. 32:3; Pes. 34:3) Ka ntlha ya seo, fela jaaka go solofeditswe mo Dikwalong, Jehofa o ne a lemoga lorato lo ba nang le lone mo leineng la gagwe mme a segofatsa maiteko a bone.—Pes. 119:132; Baheb. 6:10.

11, 12. (a) Dikgatiso tsa rona di ne tsa fetoga ka tsela efe ka bonakonyana fela morago ga 1919? (b) Jehofa o ne a thusa batlhanka ba gagwe gore ba tlhome mogopolo mo go eng, mme ka ntlha yang?

11 Ntlha ya bobedi, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tlhaloganya sentle tiro e Modimo a ba abetseng yone. Moragonyana fela ga 1919, bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba tlhotlheletsega go sekaseka boporofeti jwa ga Isaia. Morago ga moo, dikgatiso tsa rona di ne tsa fetola se di neng di ntse di tlhomile mogopolo thata mo go sone. Phetogo eo e ne ya itshupa jang gore ke ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’?—Math. 24:45.

12 Pele ga 1919, makasine wa The Watch Tower o ne o ise o ko o tlotle ka botlalo ka dintlha tse di mo mafokong ano a ga Isaia: “‘Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa, ‘le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng.’” (Bala Isaia 43:10-12.) Mme ka bonakonyana fela morago ga 1919, dikgatiso tsa rona di ne tsa simolola go tlhoma mogopolo thata mo temaneng eo ya Baebele, di kgothaletsa batlodiwa botlhe go nna le seabe mo tirong e Jehofa a ba e abetseng—go naya bosupi ka ga gagwe. Tota e bile, go tloga ka 1925 go fitlha ka 1931 fela, go ne ga tlotliwa ka Isaia kgaolo 43 mo dikgatisong tse di farologaneng di le 57 tsa makasine wa The Watch Tower, mme kgatiso nngwe le nngwe e ne e lebisitse mafoko ao a ga Isaia mo Bakereseteng ba boammaaruri. Ga go pelaelo gore mo dingwageng tseo, Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe go tlhoma mogopolo mo tirong e ba neng ba tshwanetse go e dira. Ka ntlha yang? Ka tsela nngwe, gore “ba lekwe pele gore a ba a tshwanela.” (1 Tim. 3:10) Pele ga Baithuti ba Baebele ba ka tshwanela go sikara leina la Modimo, ba ne ba tshwanetse gore ba bontshe Jehofa ka ditiro tsa bone gore ruri e ne e le basupi ba gagwe.—Luke 24:47, 48.

13. Lefoko la Modimo le senola jang kgang ya botlhokwatlhokwa e e tshwanetseng go rarabololwa?

13 Ntlha ya boraro, batho ba ga Jehofa ba ne ba simolola go tlhaloganya botlhokwa jwa go itshepisiwa ga leina la Modimo. Ka bo1920, ba ne ba lemoga gore go itshepisiwa ga leina la Modimo ke yone kgang ya botlhokwatlhokwa e e tshwanetseng go rarabololwa. Lefoko la Modimo le senola jang boammaaruri joo jwa botlhokwa? Ela tlhoko dikai tseno tse pedi. Ke lebaka lefe la konokono le le neng la dira gore Modimo a golole Baiseraele kwa Egepeto? Jehofa o ne a re: “Gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.” (Ekes. 9:16) Mme gone, ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bontsha Baiseraele kutlwelobotlhoko le fa ba ne ba mo tsuologela? Le mo ntlheng eno Jehofa o ne a re: ‘Ke ne ka tsaya kgato ka ntlha ya leina la me gore le se ka la itshepololwa fa pele ga ditšhaba.’ (Esek. 20:8-10) Baithuti ba Baebele ba ne ba ithuta eng mo dipegong tseno le tse dingwe tsa Baebele?

14. (a) Kwa bowelong jwa bo1920, batho ba Modimo ba ne ba lemoga eng? (b) Go tlhaloganya dilo botoka ga Baithuti ba Baebele go ne ga ama jang tiro ya go rera? (Bona le lebokose le le reng, “ Lebaka la Konokono la go Rera.”)

14 Mo bowelong jwa dingwaga tsa bo1920, batho ba Modimo ba ne ba lemoga bokao jwa se Isaia a neng a se bua dingwaga di le 2 700 pele ga moo. Fa a bua ka Jehofa o ne a re: ‘Eno ke tsela e o neng wa etelela pele batho ba gago ka yone, gore o itirele leina legolo.’ (Isa. 63:14) Baithuti ba Baebele ba ne ba tlhaloganya gore kgangkgolo e ne se go bolokwa ga motho ka namana, mme e ne e le go itshepisiwa ga leina la Modimo. (Isa. 37:20; Esek. 38:23) Ka 1929, buka ya setlhogo se se reng, Prophecy, e ne ya sobokanya boammaaruri joo ka gore: “Leina la ga Jehofa ke kgang ya botlhokwa thata mo popong yotlhe.” Tsela eno e e tokafaditsweng ya go tlhaloganya dilo e ne ya tlhotlheletsa batlhanka ba Modimo le go feta gore ba neye bosupi ka Jehofa le go tlosa kgobo mo leineng la gagwe.

15. (a) Ka bo1930, bakaulengwe ba rona ba ne ba tlhaloganya eng? (b) Go ne ga goroga nako ya eng?

15 Mo masimologong a bo1930, bakaulengwe ba rona ba ne ba setse ba leba botlhokwa jwa leina la Modimo ka tsela e e tshwanetseng, ba tlhaloganya sentle tiro e Modimo a neng a ba e abetse go e dira e bile ba tlhaloganya botoka kgang ya botlhokwa e e tshwanetseng go rarabololwa. Jaanong nako ya gore Jehofa a neye batlhanka ba gagwe tlotla ya go ipitsa phatlalatsa ka leina la gagwe e ne ya goroga. Go bona gore seo se ne sa direga jang, a re sekasekeng dingwe tsa ditiragalo tse di neng tsa direga mo nakong e e fetileng.

Jehofa o Tlhopha “Batho ba Leina la Gagwe”

16. (a) Jehofa o tlotlomatsa leina la gagwe ka tsela efe e e tlhomologileng? (b) Mo nakong e e fetileng, ke bomang ba pele ba neng ba emela leina la Modimo?

16 Tsela e e tlhomologileng thata e Jehofa a tlotlomatsang leina la gagwe ka yone ke ka go nna le batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe mo lefatsheng. Go simologa ka 1513 B.C.E. go ya pele, setšhaba sa Iseraele e ne e le batho ba ba emelang Jehofa. (Isa. 43:12) Le fa go ntse jalo, ba ne ba palelwa ke go boloka kgolagano e Modimo a neng a e dirile le bone, mme ka 33 C.E., ba latlhegelwa ke kamano e e kgethegileng le ene. Moragonyana fela ga moo, Jehofa ‘o ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe.’ (Dit. 15:14) Batho bao ba ba neng ba sa tswa go tlhophiwa sesha ba ne ba bidiwa “Iseraele wa Modimo,” yo o bopilweng ka balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng.—Bagal. 6:16.

17. Ke leano lefe la ga Satane le le neng la atlega?

17 Mo e ka nnang ka 44 C.E., barutwa ba ga Keresete ba ne ba “bidiwa Bakeresete . . . ka kaelo ya bomodimo.” (Dit. 11:26) Kwa tshimologong, leina leo le ne le ba tlhaola, ka gonne le ne le lebisitse mo Bakereseteng ba boammaaruri fela. (1 Pet. 4:16) Le fa go ntse jalo, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong sa ga Jesu sa korong le mefero, leano la ga Satane la go dira gore leina leno le le kgethegileng e bong Mokeresete, le dirisiwe ke Bakeresete botlhe ba maaka, le ne la atlega. Ka ntlha ya seo, ka makgolokgolo a dingwaga, go ne go se na pharologanyo e e kalo gareng ga Bakeresete ba boammaaruri le Bakeresete ba maaka. Mme seo se ne sa simolola go fetoga ka “nako ya thobo,” e e neng ya simologa ka 1914. Ka ntlha yang? Ka gonne baengele ba ne ba simolola go tlhaola Bakeresete ba maaka mo go ba boammaaruri.—Math. 13:30, 39-41.

18. Ke eng se se neng sa thusa bakaulengwe ba rona go lemoga gore ba tlhoka leina le lesha?

18 Morago ga go tlhomiwa ga motlhanka yo o ikanyegang ka 1919, Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe go lemoga tiro e a neng a ba e abetse. Ka bonako fela, ba ne ba lemoga gore go rera ka ntlo le ntlo go ne go ba tlhaola mo Bakereseteng botlhe ba maaka. Fa ba sena go lemoga ntlha eo ya botlhokwa, go ise go ye kae ba ne ba tlhaloganya gore leina “Baithuti ba Baebele,” le ne le sa ba tlhaole sentle. Boikaelelo jwa bone jo bogolo e ne e se go ithuta Baebele fela, mme e ne le go naya bosupi ka Modimo le go tlotla leina la gagwe le go le tlotlomatsa. Ka jalo, ke leina lefe le le neng le tla tshwanela tiro e ba neng ba e dira? Potso eo e ne ya arabiwa ka 1931.

Thulaganyo ya Kopano ya Kgaolo, 1931

19, 20. (a) Ke maitlamo afe a a itumedisang a a neng a dirwa kwa kopanong ya kgaolo ka 1931? (b) Bakaulengwe ba rona ba ne ba tsibogela jang go bidiwa ka leina le lesha?

19 Ka Phukwi 1931, Baithuti ba Baebele ba ka nna 15 000 ba ne ba goroga kwa Columbus, Ohio, U.S.A., ba tlile kopanong ya kgaolo. Fa ba ntse ba lebile thulaganyo ya kopano, ba ne ba kgatlhiwa ke ditlhaka tse pedi tse dikima J le W, tse di neng di kwadilwe mo tsebeng e e ka fa ntle. Ba ne ba ipotsa gore, ‘Tota ditlhaka tseno di emela eng?’ Bangwe ba ne ba akanya gore di raya, ‘Just Watch,’ [Lebang]; ba bangwe ba re, ‘Just Wait,’ [Letang]. Ka jalo, ka Sontaga, Phukwi 26, Mokaulengwe Joseph Rutherford o ne a bua maitlamo a a nang le mafoko ano a a maatla: “Re batla go itsewe le go bidiwa ka leina, Jehovah’s Witnesses [Basupi ba ga Jehofa].” Ka yone nako eo, botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba tlhaloganya bokao jwa ditlhaka tseo tse ba neng ba sa di tlhaloganye—di ne di emela Jehovah’s Witnesses, [Basupi ba ga Jehofa] e leng leina la Dikwalo le le theilweng mo go Isaia 43:10.

20 Batlakopanong ba ne ba tsibogela maitlamo ao ka go thela loshalaba lo logolo le go opa diatla ka lobaka lo loleele. Tsela e ba neng ba tsiboga ka yone ka matlhagatlhaga kwa Columbus, e ne ya utlwiwa mo radiong mo halofong ya lefatshe lotlhe! Ernest le Naomi Barber ba kwa Australia ba ne ba gakologelwa jaana: “Fa bakaulengwe ba ne ba thela loshalaba kwa Amerika, bakaulengwe ba kwa Melbourne le bone ba ne ba tsapoga ba ema ka dinao ba itumetse mme ba tswelela ba opa diatla. Ga re kitla re lebala tiragalo eo!” *

Leina la Modimo le Tlotlomadiwa mo Lefatsheng Lotlhe

21. Leina le lesha le ne la tlhotlheletsa jang Baithuti ba Baebele mo tirong ya go rera?

21 Go bidiwa ka leina la Dikwalo e leng Basupi ba ga Jehofa, go ne ga naya batlhanka ba Modimo maatla a a oketsegileng a go nna le seabe mo tirong ya go rera. Banyalani ba babulatsela e bong Edward le Jessie Grimes ba kwa United States, ba ba neng ba le gone kwa kopanong eo ya kgaolo ya kwa Columbus ka 1931, ba ne ba tlhalosa jaana: “Fa re tswa kwa gae re ne re le Baithuti ba Baebele, mme fa re boa ke fa re le Basupi ba ga Jehofa. Re ne re itumetse ka gonne jaanong re ne re na le leina le le re thusang go tlotlomatsa leina la Modimo wa rona.” Morago ga kopano eo ya kgaolo, Basupi bangwe ba ne ba dirisa mokgwa o mosha wa go dira seo. Fa ba ne ba ikitsise beng ba matlo ba ne ba ba naya karata e e nang le molaetsa o o reng: “Mongwe wa basupi ba ga JEHOFA o rera ka Bogosi jwa ga JEHOFA Modimo wa rona.” Ruri batho ba Modimo ba ne ba le motlotlo go bidiwa ka leina Jehofa, e bile ba ne ba ikemiseditse go bolela bokao jwa lone mo lefatsheng lotlhe!—Isa. 12:4.

“Fa re tswa kwa gae re ne re le Baithuti ba Baebele, mme fa re boa ke fa re le Basupi ba ga Jehofa”

22. Ke eng se se bontshang gore batho ba ga Jehofa ba farologana le madumedi a mangwe?

22 Go setse go fetile dingwaga di le dintsi fa e sa le Jehofa a tlhotlheletsa bakaulengwe ba rona ba ba tloditsweng gore ba amogele leina le le ba tlhaolang. Fa e sa le go tloga ka 1931, a Satane o ne a kgona go dira gore go se ka ga bonala gore batho ba Modimo ke bafe? A o ne a atlega go dira gore go nne thata gore batho ba re farologanye le madumedi a mangwe? Nnyaa, le e seng! Go na le moo, gone jaanong go setse go bonala sentle go feta le fa e le leng pele gore ke rona basupi ba Modimo. (Bala Mika 4:5; Malaki 3:18.) Tota e bile re setse re amanngwa thata le leina la Modimo mo e leng gore gompieno fa motho ope fela a le dirisa a gololesegile o lemogiwa ka bonako gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Go na le gore kobamelo ya ga Jehofa ya boammaaruri e sirwe ke ditumelo tse dintsintsi tsa maaka tse e keteng dithaba, e ‘tlhomamisitswe kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba.’ (Isa. 2:2) Gone jaanong, eleruri kobamelo ya ga Jehofa le leina la gagwe le le boitshepo di tlotlomaditswe thata.

23. Go ya ka Pesalema 121:5, ke boammaaruri bofe jwa botlhokwa jo bo malebana le Jehofa jo bo re nonotshang fela thata?

23 Ruri go a nonotsha go itse gore Jehofa o tla re sireletsa mo ditlhaselong tsa ga Satane tsa gone jaanong le tsa mo isagweng! (Pes. 121:5) Re na le lebaka le le utlwalang la go bua mafoko ano a mopesalema: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa, batho ba a ba tlhophileng go nna boswa jwa gagwe.”—Pes. 33:12.

^ ser. 20 Go bona dintlha tse di oketsegileng tsa kafa radio e neng ya dirisiwa ka gone, bona Kgaolo 7, e e mo tsebe 72-74.