Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 6

Batho ba ba Rerang—Badiredi ba Ithaopa ka go Rata

Batho ba ba Rerang—Badiredi ba Ithaopa ka go Rata

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Kgosi e rulaganya mophato wa bareri

1, 2. Jesu o ne a bolelela pele ka tiro efe e kgolo, mme go tsoga potso efe ya botlhokwa?

GANTSI babusi ba dipolotiki ba solofetsa batho dilo tse ba feleletsang ba sa di dire. Tota le ba ba nang le maitlhomo a a siameng ba ka nna ba se ka ba kgona go diragatsa se ba se solofeditseng. Se se itumedisang ke gore, Kgosi ya Bomesia e bong Jesu Keresete ene o farologane thata le bone ka gonne ka metlha o diragatsa se a se solofeditseng.

2 Fa Jesu a sena go nna Kgosi ka 1914, o ne a ipaakanyeditse go diragatsa boporofeti jo a neng a bo buile dingwaga di ka nna 1 900 pele ga moo. Pelenyana fela ga a swa, o ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Math. 24:14) Go diragadiwa ga mafoko ao e ne e tla nna karolo ya sesupo sa go nna gone ga gagwe a le mo maatleng a Bogosi. Le fa go ntse jalo, go tsoga potso eno ya botlhokwa: Kgosi e ne e tla kgona jang go rulaganya mophato wa bareri ba ba tla ithaopang ka go rata mo metlheng eno ya bofelo—lobaka lwa nako lo go neng go tla bo go aname moya wa bopelotshetlha, wa go tlhoka lorato le wa go se rate bodumedi? (Math. 24:12; 2 Tim. 3:1-5) Re tlhoka go itse karabo ya potso eo ka gonne e ama Bakeresete botlhe ba boammaaruri.

3. Jesu o ne a tlhomamisegile ka eng, mme ke ka ntlha yang fa a ne a tlhatswegile pelo jalo?

3 Ela tlhoko gape mafoko ano a ga Jesu a boporofeti. A mafoko a a reng “di tla rerwa,” a bontsha go tlhatswega pelo? Ruri go ntse jalo! Jesu o ne a tlhomamisegile gore o tla nna le batho ba ba tla mo emang nokeng ka go rata mo metlheng ya bofelo. Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhatswegile pelo jalo? O ithutile seno mo go Rraagwe. (Joh. 12:45; 14:9) Pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, o ne a kgona go bona ka tlhamalalo gore Jehofa o tlhatswegile pelo gore baobamedi ba Gagwe ba tla nna le moya wa go ithaopa ka go rata. A re boneng gore Jehofa o ile a bontsha seo jang.

“Batho ba Gago ba Tla Ithaopa ka go Rata”

4. Ke tiro efe e Jehofa a neng kopa Baiseraele gore ba e eme nokeng, mme ba ne ba tsiboga jang?

4 Gopola se se ileng sa diragala fa Jehofa a ne a laela Moshe go aga motlaagana, kgotsa mogope o setšhaba sa Iseraele se neng se tshwanetse go o dirisa go nna boremelelo jwa kobamelo. Jehofa o ne a dirisa Moshe go kopa batho botlhe gore ba eme tiro eo nokeng. Moshe o ne a ba bolelela jaana: ‘A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang a tlisetse Jehofa moneelo.’ Seo se ne sa felela ka eng? Batho “ba ne ba nna ba tlisa moneelo ka go rata . . . moso le moso.” Ba ne ba tlisa moneelo o montsi mo e leng gore ba ne ba ‘thibelwa gore ba se ka ba tlhola ba tlisa sepe’! (Ekes. 35:5; 36:3, 6) Baiseraele ba ne ba bontsha gore Jehofa o ne a nepile fa a ne a ba ikanya.

5, 6. Go ya ka Pesalema 110:1-3, ke moya ofe o Jehofa le Jesu ba solofetseng go o fitlhela mo baobameding ba boammaaruri mo metlheng ya bofelo?

5 A Jehofa o ne a solofetse gore baobamedi ba gagwe ba nne le moya o o ntseng jalo wa go ithaopa ka go rata mo metlheng ya bofelo? Ee ruri! Dingwaga di feta 1 000 pele ga Jesu a tsholwa mo lefatsheng, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Dafide go kwala ka nako ya fa Mesia a tla bo a simolola go busa. (Bala Pesalema 110:1-3.) Jesu yo e leng Kgosi e e neng e sa tswa go tlhomiwa o ne a tla nna le baba ba ba tla mo ganetsang. Le fa go ntse jalo, o ne a tla nna le mophato wa ba ba neng ba tla mo ema nokeng. Ba ne ba se kitla ba patelediwa go direla Kgosi. Tota le basha ba ba mo gare ga bone ba ne ba tla ithaopa ka go rata, ba ne ba tla nna bantsi thata mo e leng gore go ne go tla tshwanela gore ba tshwantshiwe le marothodi a monyo a mantsi, a a apesitseng lefatshe fa letsatsi le tlhaba. *

Ba ba emang Bogosi nokeng ka go rata ba bantsi jaaka marothodi a monyo (Bona serapa 5)

6 Jesu o ne a itse gore boporofeti jo bo mo go Pesalema 110 bo ne bo bua ka ene. (Math. 22:42-45) Ka jalo, o ne a na le mabaka a a utlwalang a go tlhatswega pelo gore o tla nna le batho ba ba ikanyegang ba ba tla mo emang nokeng, ba ba tla ithaopang ka go rata gore ba rere dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Se se diragetseng mo hisitoring se bontsha seo jang? A mme gone Kgosi e ile ya rulaganya mophato wa bareri ba ba ithaopang ka go rata mo metlheng eno ya bofelo?

‘Tshiamelo Ya me Le Tiro Ya me Ke go Itsise Molaetsa Oo’

7. Fa Jesu a sena go tlhomiwa go nna Kgosi, o ne a tsaya dikgato dife go baakanyetsa balatedi ba gagwe tiro e e neng e larile kwa pele?

7 Moragonyana fela fa Jesu a sena go tlhomiwa go nna Kgosi, o ne a tsaya dikgato go baakanyetsa balatedi ba gagwe tiro e kgolo e e tshwanetseng go dirwa. Jaaka re bone mo Kgaolo 2, o ne a dira tiro ya go tlhatlhoba le ya go ntlafatsa go tloga ka 1914 go fitlha mo masimologong a 1919. (Mal. 3:1-4) Mme ka 1919, o ne a tlhoma motlhanka yo o boikanyego gore a etelele pele balatedi ba gagwe. (Math. 24:45) Go tloga ka nako eo go ya pele, motlhanka yoo o ne a simolola go aba dijo tsa semoya—a dirisa dipuo tsa kopano ya kgaolo le dikgatiso—tse gangwe le gape di neng di gatelela gore Mokeresete mongwe le mongwe o na le boikarabelo jwa go rera.

8-10. Dikopano tsa kgaolo di ne tsa dira jang gore tiro ya go rera e dirwe ka potlako? Naya sekai. (Bona le lebokose le le reng, “ Dikopano Tsa Ntlhantlha Tsa Kgaolo Tse di Neng Tsa Dira Gore Tiro ya go Rera e Potlake.”)

8 Dipuo tsa kopano ya kgaolo. E re ka Baithuti ba Baebele ba ne ba nyoretswe go bona kaelo, ba ne ba phuthegela kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., go tloga ka Lwetse 1 go ya go 8, 1919, go tshwara kopano ya kgaolo ya ntlha e kgolo morago ga Ntwa ya Lefatshe ya I. Mo letsatsing la bobedi, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo e mo go yone a neng a bolelela batlakopanong jaana ka tlhamalalo: “Tiro ya Mokeresete mo lefatsheng . . . ke go bolela molaetsa wa bogosi jwa Morena.”

9 Kopano eo e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa yone malatsi a le mararo moragonyana fa Mokaulengwe Rutherford a ne a neela puo e e reng: “Puo e e Lebaganeng le Badirimmogo,” e e neng ya gatisiwa mo makasineng wa The Watch Tower mo tlase ga setlhogo se se reng: “Go Itsise Kaga Bogosi.” O ne a re: “Gantsi fa Mokeresete a akanyetsa kwa teng, o a tle a ipotse potso e e reng, Ke ka ntlha yang fa ke le mo lefatsheng? Mme karabo ya botlhokwa ya potso eno e tshwanetse go nna e e reng, Morena ka kutlwelobotlhoko ya gagwe o dirile gore ke nne moemedi wa gagwe gore ke bolelele batho molaetsa wa Modimo wa tetlanyo, e bile ke tshiamelo ya me le tiro ya me go itsise molaetsa oo.”

10 Mo puong eo e e ka se kang ya lebalwa, Mokaulengwe Rutherford o ne a itsise gore makasine o mosha wa The Golden Age (o gone jaanong o bidiwang Tsogang!), o ne o tla gatisiwa gore o dirisiwe go bontsha batho gore Bogosi ke jone fela tsholofelo ya batho. Go tswa foo o ne a botsa batlakopanong gore ke ba le kae mo go bone ba ba batlang go nna le seabe mo go anamiseng makasine oo. Pego ya kopano eo e ne ya tlhalosa jaana: “Bareetsi ba ne ba tsibogela seo ka boitumelo jo bogolo thata. Botlhe ba ba 6 000 ba ba neng ba le gone ba ne ba ema ka dinao ba bontsha gore ba ikemiseditse go nna le seabe mo tirong eo, mme seno se ne se itumedisa thata.” * Ga go pelaelo gore Kgosi e ne e na le baemanokeng ba ba ithaopang ka go rata, ba ba neng ba tlhagafaletse go bolela phatlalatsa Bogosi jwa gagwe!

11, 12. Ka 1920, makasine wa The Watch Tower o ne wa tlhalosa eng malebana le gore tiro e Jesu a neng a e boleletse pele e ne e tla dirwa leng?

11 Dikgatiso. Makasine wa The Watch Tower o ne wa nna wa tlhalosa botlhokwa jwa tiro e Jesu a neng a boleletse pele ka yone—go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi—kgato ka kgato. A re sekasekeng dikai dingwe tsa go tloga mo masimologong a bo1920.

12 Ke molaetsa ofe o o neng o tla bolelwa phatlalatsa go diragatsa Mathaio 24:14? Tiro eo e ne e tla dirwa leng? Makasine wa The Watch Tower wa July 1, 1920 o ne o na le setlhogo se se reng, “Efangele ya Bogosi,” se se neng se tlhalosa molaetsa oo jaana: “Mafoko a a molemo fano a malebana le bokhutlo jwa thulaganyo eno e kgologolo ya dilo le go tlhomiwa ga bogosi jwa ga Mesia.” Setlhogo seo se ne sa bontsha sentle gore molaetsa oo o ne o tla rerwa leng, fa se ne se re: “Molaetsa ono o tshwanetse go rerwa mo lobakeng lwa nako lo lo fa gare ga ntwa e kgolo ya lefatshe [Ntwa ya Lefatshe ya I] le nako ya ‘sepitla se segolo.’” Ke gone ka moo setlhogo seo se neng sa re: “Jaanong ke nako . . . ya go bolela dikgang tse di molemo phatlalatsa mo lefatsheng lotlhe mo madumeding a a ipitsang a Bokeresete.”

13. Ka 1921, makasine wa The Watch Tower o ne wa ikuela jang mo Bakereseteng ba ba tloditsweng gore ba nne le moya wa go ithaopa ka go rata?

13 A batho ba Modimo ba ne ba tla patelediwa go dira tiro e Jesu a neng a e boleletse pele? Nnyaa. Setlhogo se se reng “Nna le Bopelokgale jo Bogolo,” se se neng sa tlhaga mo makasineng wa The Watch Tower wa March 15, 1921, se ne sa ikuela mo Bakereseteng ba ba tloditsweng gore ba nne le moya wa go ithaopa ka go rata. Mongwe le mongwe wa bone o ne a kgothalediwa go ipotsa jaana: “A ga se tshiamelo e kgolo mo go nna e bile e le tiro ya me go nna le seabe mo tirong eno?” Setlhogo seo se ne sa tswelela ka gore: “Re tlhomamisegile gore fa o ka go tsaya [e le tshiamelo go nna le seabe mo tirong eno], o tla tshwana le Jeremia, yo mo pelong ya gagwe lefoko la Morena ‘le neng le ntse jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a [gagwe]’, le mo tlhotlheletsa gore a se ka a didimala.” (Jer. 20:9) Kgothatso eo e e lorato e ne e bontsha gore Jehofa le Jesu ba ikanya baemanokeng ba Bogosi ba ba ikanyegang.

14, 15. Ka1922, makasine wa The Watch Tower o ne wa kgothaletsa Bakeresete ba ba tloditsweng go fitlhelela batho ba bangwe ka tsela efe?

14 Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go fitlhelela jang batho ba bangwe ka molaetsa wa Bogosi? Makasine wa The Watch Tower wa August 15, 1922, o ne o na le setlhogo se sekhutshwane mme gone se le maatla se se reng, “Tirelo e Botlhokwa,” se se neng se kgothaletsa Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba “tlhoafale ba ise molaetsa o o gatisitsweng kwa bathong le go bua le bone mo matlong a bone, ba neele bosupi jwa gore bogosi jwa legodimo bo atametse.”

15 Ga go pelaelo gore go tloga ka 1919 go ya pele, Keresete o ntse a dirisa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go gatelela gangwe le gape gore tshiamelo ya Mokeresete le tiro ya gagwe mo lefatsheng, ke go bolela phatlalatsa molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, Baithuti ba Baebele ba ntlhantlha ba ile ba tsibogela jang kgothatso ya go nna le seabe mo tirong ya go bolela ka Bogosi phatlalatsa?

“Ba ba Ikanyegang e Tla Nna Baithaopi”

16. Bagolwane bangwe ba ba neng ba na le maikarabelo ba ne ba tsibogela jang kgopolo ya gore botlhe ba tshwanetse go nna le seabe mo bodireding?

16 Ka bo1920 le bo1930, bangwe ba ne ba gana kgopolo ya gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba tshwanetse go nna le seabe mo bodireding. Makasine wa Watch Tower wa November 1, 1927, o ne wa tlhalosa se se neng sa direga jaana: “Go na le bangwe gompieno mo kerekeng [mo phuthegong] ba ba nang le maikarabelo a go nna bagolwane . . . ba ba ganang go kgothaletsa bakaulengwe ba bone go nna le seabe mo bodireding, e bile le bone ka bobone ba gana go nna le seabe mo go jone. . . . Ba nyatsa kakantsho ya go tsamaya ka ntlo le ntlo go ya go bolelela batho molaetsa ka Modimo, ka Kgosi ya gagwe le ka bogosi jwa gagwe.” Setlhogo seo se ne sa bua jaana ka tlhamalalo: “Jaanong ke nako ya gore ba ba ikanyegang ba tshwaye banna ba ba ntseng jalo mme ba ba tile, ba bo ba ba bolelele gore ga ba kitla ba ba naya maikarabelo a go nna bagolwane.” *

17, 18. Bontsi jwa batho mo diphuthegong ba ne ba tsibogela jang kaelo e e neng e tswa kwa ntlokgolo, mme batho ba le dimilionemilione ba ile ba tsiboga jang mo dingwageng tse di 100 tse di fetileng?

17 Se se itumedisang ke gore, bontsi jwa batho mo diphuthegong ba ne ba tsibogela kaelo eo e e neng e tswa kwa ntlokgolo ka matlhagatlhaga. Ba ne ba tsaya go nna le seabe mo go rereng molaetsa wa Bogosi e le tshiamelo. Makasine wa The Watch Tower wa March 15, 1926 o ne wa baya kgang eo jaana: “Ba ba ikanyegang e tla nna baithaopi . . . gore ba bolelele batho molaetsa ono.” Batho bao ba ba ikanyegang ba ne ba diragatsa mafoko a boporofeti a a mo go Pesalema 110:3, e bile ba ne ba itshupa gore ke baemanokeng ba Kgosi ya Bomesia ba ba ithaopang ka go rata.

18 Mo dingwageng tse 100 tse di fetileng, batho ba le dimilionemilione ba ile ba ithaopa ka go rata gore ba dire tiro ya go bolela ka Bogosi phatlalatsa. Mo dikgaolong di le mmalwa tse di latelang, re tla sekaseka kafa ba ileng ba rera ka gone—mekgwa le didirisiwa tse ba ileng ba di dirisa—le gore seno se ile sa nna le diphelelo dife. Le fa go ntse jalo, a re simololeng ka go tlotla ka gore ke eng fa dimilionemilione tsa batho di ile tsa ithaopela go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi, le fa gone ba tshela mo lefatsheng la batho ba ikakanyetsang ba le nosi. Fa re ntse re sekaseka lebaka la seno, go molemo gore re ipotse jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa ke rerela ba bangwe dikgang tse di molemo?’

“Nnang lo Batle Pele Bogosi”

19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela kgakololo ya ga Jesu ya gore ‘re nne re batle Bogosi pele’?

19 Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ‘ba nne ba batle pele Bogosi.’ (Math. 6:33) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela kgakololo eo? Re dira jalo segolobogolo ka gonne re lemoga botlhokwa jwa Bogosi, gore ke karolo ya konokono ya boikaelelo jwa Modimo. Jaaka re setse re bone mo kgaolong e e fetileng, moya o o boitshepo o ile wa senola dithuto tse di kgatlhang tsa boammaaruri tse di malebana le Bogosi kgato ka kgato. Fa boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo jwa Bogosi bo ama dipelo tsa rona, re ikutlwa re tlhotlheletsega go batla Bogosi pele.

Fela jaaka monna yo o neng a ipela thata fa a bona letlotlo le le fitlhilweng, Bakeresete le bone ba ipelela go bo ba bone boammaaruri jwa Bogosi (Bona serapa 20)

20. Setshwantsho sa ga Jesu sa letlotlo le le fitlhilweng se bontsha jang kafa balatedi ba gagwe ba neng ba tla tsibogela ka gone kgakololo ya go nna ba batla Bogosi pele?

20 Jesu o ne a itse gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla tsibogela jang kgakololo ya gagwe ya gore ba nne ba batle Bogosi pele. Akanya ka kelotlhoko ka setshwantsho sa gagwe sa letlotlo le le fitlhilweng. (Bala Mathaio 13:44.) Fa modiri wa mo tshimong wa mo setshwantshong seno a ntse a dira tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi, go direga gore a bone letlotlo le le fitlhilweng mme ka yone nako eo o lemoga boleng jwa lone. Ke eng se a se dirang? “Ka ntlha ya boipelo jo a nang le jone, o a tsamaya a bo a rekisa dilo le fa e le dife tse a nang le tsone mme a reke tshimo eo.” Re ithuta eng mo go seno? Fa re bona boammaaruri jwa Bogosi e bile re lemoga boleng jwa jone, ka boipelo re tla itima dilo le fa e ka nna dife gore re kgone tswelela re baya dilo tse di direlwang Bogosi mo di tshwanetseng teng—kwa pele mo botshelong jwa rona. *

21, 22. Batho ba ba emang Bogosi nokeng ka boikanyegi ba bontsha jang gore ba batla Bogosi pele? Naya sekai.

21 Batho ba ba emang Bogosi nokeng ka boikanyegi ba bontsha ka ditiro e seng ka mafoko fela gore ba batla Bogosi pele. Ba dirisa matshelo a bone, bokgoni jwa bone le dithoto tsa bone go ema nokeng tiro ya go rera ka Bogosi. Bontsi jwa bone ba ithontshitse dilo di le dintsi gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng. Bareri bano botlhe ba ba ithaopang ka go rata, ba iponetse ka tlhamalalo gore Jehofa o segofatsa ba ba bayang Bogosi kwa pele. Ela tlhoko sekai seno sa nako e e fetileng.

22 Avery le Lovenia Bristow ba ne ba simolola go direla e le barekisi ba dibuka (babulatsela) kwa borwa jwa United States kwa bowelong jwa bo1920. Dingwaga morago ga moo, Lovenia o ne a gopola jaana: “Nna le Avery re ile ra itumelela dingwaga tse re di feditseng mmogo mo tirong ya bobulatsela fa e sa le go tloga ka nako eo. Go na le dinako tse dintsi tse re neng re sa itse gore re tla bona kae madi a lookwane le a go reka dijo. Mme ka tsela nngwe, Jehofa o ne a re tlamela ka metlha. Ga re a ka ra tlogela tiro ya bobulatsela. Ka metlha re ne re na le se tota re se tlhokang.” Lovenia o gakologelwa nako nngwe fa ba ne ba direla kwa Pensacola kwa Florida, mme ba se na madi le dijo tse di lekaneng. Fa ba ne ba boela gae kwa kolotsaneng ya bone, ba ne ba fitlhela dikgetsi tse dikgolo tse pedi tsa dijo di na le lekwalonyana le le reng: “Re a lo rata, go tswa kwa Khampaning ya Pensacola.” * Fa Lovenia a leba kwa morago mo masomeng a dingwaga a a a feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng, o ne a re: “Jehofa ga a ke a re latlha. Ga a ke a re swabisa fa re mo ikanya.”

23. O ikutlwa jang ka boammaaruri jwa Bogosi jo o bo boneng, mme o ikemiseditse go dira eng?

23 Rotlhe re ka se kgone go rera ka selekanyo se se tshwanang. Maemo a rona ga a tshwane. Le fa go ntse jalo, rotlhe re ka go tsaya e le tshiamelo go rera dikgang tse di molemo phatlalatsa ka moya otlhe. (Bakol. 3:23) Ka gonne re tseela kwa godimo boammaaruri jwa Bogosi jo bo tlhwatlhwakgolo jo re bo boneng, re ikemiseditse—ee, re tlhagafaletse—go ithontsha dilo dipe fela gore re kgone go direla ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng. A seo ga se se le wena o ikemiseditseng go se dira?

24. Sengwe sa dilo tse dikgolo tse Bogosi bo di fitlheletseng mo metlheng ya bofelo ke sefe?

24 Mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng, ga go pelaelo gore Kgosi e ntse e diragatsa mafoko a yone a boporofeti a a mo go Mathaio 24:14. Mme e ntse e dira seo e sa gatelele ope. Fa balatedi ba yone ba sena go tswa mo lefatsheng leno la batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi, ba ile ba ithaopa ka go rata gore ba rere. Tiro ya bone ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe ke karolo ya sesupo sa go nna gone ga ga Jesu a le mo maatleng a Bogosi—e bile ke sengwe sa dilo tse dikgolo tse Bogosi bo di fitlheletseng mo metlheng ya bofelo.

^ ser. 5 Mo Baebeleng, monyo o amanngwa le bontsi—Gen. 27:28; Mik. 5:7.

^ ser. 10 Bukana ya To Whom the Work Is Entrusted e ne ya tlhalosa jaana: “Tiro ya go tsamaisa makasine wa The Golden Age ke letsholo la ka ntlo le ntlo, la go rera molaetsa wa bogosi. . . . Morago ga go bua le batho ka molaetsa, ba ne ba tlogelelwa khopi ya The Golden Age go sa kgathalesege gore a motho o ne a dirile peeletso kgotsa a sa e dira.” Dingwaga morago ga moo, bakaulengwe ba ne ba kgothalediwa go kopa batho gore ba dire dipeeletso tsa makasine wa The Golden Age le wa The Watch Tower. Go simologa ka Tlhakole 1, 1940, batho ba ga Jehofa ba ne ba kgothalediwa gore ba abele batho dikhopi tsa dimakasine tseno le go bega palo ya tse ba di tsamaisitseng.

^ ser. 16 Ka nako eo, bagolwane ba ne ba boutelwa ke maloko a phuthego. Ka jalo, phuthego e ne e ka gana go boutela banna ba ba neng ba le kgatlhanong le bodiredi. Mo Kgaolo 12, re tla tlotla ka phetogo e e ileng ya nna teng ya gore bagolwane ba tlhomiwe ka tsela ya puso ya Modimo.

^ ser. 20 Jesu o ne a umaka ntlha e e tshwanang mo setshwantshong sa gagwe sa mogwebi yo o tsamayang, yo o tsayang matsapa go batla perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo. Fa mogwebi yono a e bona, o rekisa sengwe le sengwe se a nang le sone a bo a e reka. (Math. 13:45, 46) Gape ditshwantsho tseno tse pedi di re ruta gore re ka ithuta boammaaruri jwa Bogosi ka ditsela tse di farologaneng. Ba bangwe ba bo wela fela, jaaka re ka rialo; ba bangwe bone ba tsaya matsapa go bo batla. Mme gone, go sa kgathalesege gore re bona boammaaruri jang, re ikemiseditse go ithontsha dilo dingwe gore re beye Bogosi kwa pele mo matshelong a rona.

^ ser. 22 Ka nako eo, diphuthego di ne di bidiwa dikhampani.