Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 11

Go Itshekisiwa mo Boitsholong—Go Bontsha Boitshepo Jwa Modimo

Go Itshekisiwa mo Boitsholong—Go Bontsha Boitshepo Jwa Modimo

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Kafa Kgosi e ileng ya ruta ka gone babusiwa ba yone go tlotla melao ya Modimo ya boitsholo

Akanya fela o tsena ka kgoro ya lolwapa lo lo kafa ntle lwa tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya

1. Esekiele o ne a bona eng se se re jesang kgakge?

O NE o ka ikutlwa jang fa o ka bo o ile wa diragalelwa ke se se neng sa diragalela moporofeti Esekiele dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng? Akanya ka seno: O atamela dikago tsa tempele e kgolo e e tsabakelang. Moengele yo o nonofileng thata o eme foo gore a go bontshe lefelo leno le le gakgamatsang e bile le kgatlha fela thata! O tlhatloga ka mapalamelelo a le supa a a go isang kwa go nngwe ya dikgoro tse tharo. Fa o leba dikgoro tseno, di go jesa kgakge. Di bogodimo jwa dimetara di ka nna 30. Mo dikgorong tsa botseno, o bona matlwana a balebedi. Dipilara di na le mekgabisa e mentle e e gabilweng ya ditlhare tsa mokolane.—Esek. 40:1-4, 10, 14, 16, 22; 41:20.

2. (a) Ponatshegelo ya tempele e emela eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Re ka ithuta eng mo karolong nngwe le nngwe ya dikgoro tsa tempele?

2 Eno ke ponatshegelo ya tempele ya semoya. Esekiele o ne a e tlhalosa ka botlalo mo e eleng gore pego eno ya gagwe e tletse mo kgaolo 40 go ya go 48 ya buka ya gagwe ya boporofeti. Tempele eno e emela thulaganyo ya ga Jehofa ya kobamelo e e itshekileng. Karolo nngwe le nngwe ya yone e na le bokao mo kobamelong ya rona mo metlheng eno ya bofelo. * Dikgoro tse di goletsegileng kwa godimo di emela eng? Di re gopotsa gore ba ba tsenang mo thulaganyong ya ga Jehofa ya kobamelo e e itshekileng, ba tshwanetse go tshela go ya ka melao ya Modimo e e kwa godimo le e e siameng. Tota le mekgabisa e e gabilweng ya ditlhare tsa mokolane e gatelela ntlha e e tshwanang, ka gonne ka dinako dingwe, mo Baebeleng ditlhare tsa mokolane di dirisiwa go tshwantshetsa tshiamo. (Pes. 92:12) Mme go tweng ka matlwana a balebedi? Ga go pelaelo gore ba ba sa tlotleng melao ya Modimo ga ba letliwe go tsena mo thulaganyong eno, e leng tsela e ntle e e nayang botshelo ya kobamelo e e itshekileng.—Esek. 44:9.

3. Ke ka ntlha yang fa balatedi ba ga Keresete ba ne ba tlhoka go tswelela ba itshekisiwa?

3 Ponatshegelo ya ga Esekiele e ile ya diragadiwa jang? Jaaka re bone mo Kgaolo 2 ya buka eno, Jehofa o ne a dirisa Keresete go dira thulaganyo e e kgethegileng ya go itshekisa batho ba Gagwe go tloga ka 1914 go ya kwa tshimologong ya 1919. A go itshekisiwa go ne ga felela ka yone nako eo? Le e seng! Go ralala lekgolo le le fetileng la dingwaga, Keresete o ntse a tsweletse go tlotlomatsa melao ya ga Jehofa e e boitshepo ya boitshwaro. Ka jalo, balatedi ba gagwe ba ne ba tlhoka go tswelela ba itshekisiwa. Ka ntlha yang? Ka gonne Keresete o ntse a phutha balatedi ba gagwe a ba ntsha mo lefatsheng leno le boitsholo jwa lone bo senyegileng e bile Satane o ntse a tsweletse a leka go ba gogela gape mo lorageng lwa boitsholo jo bo sa siamang. (Bala 2 Petere 2:20-22.) Mma re sekasekeng dikarolo di le tharo tse Bakeresete ba ileng ba itshekisiwa mo go tsone kgato ka kgato. Sa ntlha, re tla sekaseka ditsela dingwe tsa go itshekisiwa mo boitsholong, go tswa foo re tla sekaseka thulaganyo ya botlhokwa thata e e ileng ya dirwa gore phuthego e bolokwe e le phepa, mme labofelo, re tla sekaseka thulaganyo ya lelapa.

Go Itshekisiwa mo Boitsholong go Ralala Dingwaga

4, 5. Satane ga a bolo go nna a dirisa leano lefe, mme o ntse a atlega jang?

4 Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba kgatlhegela thata go nna le boitsholo le boitshwaro jo bo siameng. Ka jalo, ba ile ba amogela ditaelo tse di utlwalang sentle tse di amanang le kgang eno. Mma re bone dikai di le mmalwa.

5 Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Jehofa o dirile gore tlhakanelodikobo gareng ga banyalani e nne selo se se phepa e bile se itumedisa. Satane o itumelela go sokamisa mpho eo e e botlhokwatlhokwa go tswa mo tirisong ya yone e e siameng go e dira sengwe se se leswe a bo a e dirisetsa go raela batho ba ga Jehofa, gore Jehofa a se ka a tlhola a ba amogela. O ne a dirisa leano leno ka katlego mo metlheng ya ga Balaame mme go ne ga nna le ditlamorago tse di botlhoko fela thata, e bile o sa ntse a le dirisa go feta le fa e le leng pele mo metlheng eno ya bofelo.—Dipa. 25:1-3, 9; Tshen. 2:14.

6. Ke maikano afe a a ileng a gatisiwa mo makasineng wa Watch Tower, a ne a dirisiwa jang mme ke eng fa a ile a se ka a tlhola a dirisiwa? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

6 E le go lwantshana le maiteko a ga Satane, makasine wa Watch Tower wa June 15, 1908, o ne wa gatisa maikano a a neng a na le maitlamo ano: “Ka dinako tsotlhe fa ke na le motho wa bong bosele mo sephiring le mo lefelong lepe fela, ke tla itshwara ka tsela e e tshwanang le e nka itshwarang ka yone fa re na le batho ba bangwe.” * Le fa gone batho ba ne ba sa patelesege go dira maikano ano, ba le bantsi ba ne ba itlama mme ba isa maina a bone gore a gatisiwe mo makasineng wa Zion’s Watch Tower. Dingwaga moragonyana ga moo, go ne ga lemogiwa sentle gore maikano ao le fa a ne a solegela ba le bantsi molemo ka nako eo, a ne a fetoga go nna seomodiro fela; ka jalo, a ne a se ka a tlhola a dirisiwa. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya maemo a a kwa godimo e e neng e theilwe mo maikanong ano, e ne ya nna e kgomaretswe.

7. Ka 1935, makasine wa The Watchtower o ne wa leka go baakanya bothata bofe mme o ne wa gatelela molaomotheo ofe?

7 Ditlhaselo tsa ga Satane di ne tsa gakala. Makasine wa The Watchtower wa March 1, 1935, o ne wa leka go baakanya bothata jo bo neng bo ata gareng ga batho ba Modimo. Go bonala sentle gore ka tsela nngwe bangwe ba ne ba akanya gore go nna le seabe mo bodireding, go ba naya tetla ya gore ba se ka ba ikobela melao ya ga Jehofa ya boitsholo mo matshelong a bone. Makasine wa The Watchtower o ne wa bua jaana ka tlhamalalo: “Mongwe le mongwe o tshwanetse go gakologelwa gore go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi ga se gone gotlhe mo go tlhokegang. Basupi ba ga Jehofa ke baemedi ba gagwe, mme ba na le boikarabelo jwa go emela Jehofa le bogosi jwa gagwe sentle.” Setlhogo seno se ne sa naya kgakololo e e utlwalang sentle malebana le lenyalo le boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo, ka jalo, sa thusa batho ba Modimo go ‘tshaba boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.’—1 Bakor. 6:18.

8. Ke eng fa makasine wa The Watchtower o ne wa gatelela gangwe le gape bokao jo bo feletseng jwa lefoko la Segerika le le kayang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

8 Mo masomeng a dingwaga a a fetileng a bosheng, makasine wa The Watchtower o ne wa gatelela gangwe le gape bokao jo bo siameng jwa lefoko le le dirisiwang mo Dikwalong tsa Segerika le le kayang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo—por·neiʹa. Bokao jwa lefoko leno ga bo reye fela tlhakanelodikobo. Go na le moo, por·neiʹa e akaretsa ditiro tse di farologaneng tsa boitsholo jo bo sa siamang, tse gantsi di akaretsang ditiro tse di makgapha tsa tlhakanelodikobo tse di dirwang mo matlong a go gweba ka mmele. Ka jalo, balatedi ba ga Keresete ba ntse ba sirelediwa mo sebetsong se se padimotseng batho ba le bantsi gompieno—sebetso sa tlhakanelodikobo e e sa amogelesegeng.—Bala Baefeso 4:17-19.

9, 10. (a) Ke bothata bofe jwa boitsholo jo makasine wa The Watchtower o neng wa leka go bo baakanya ka 1935? (b) Ke thuto efe e e tekatekano malebana le go dirisa bojalwa e e fitlhelwang mo Baebeleng?

9 Go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Makasine wa The Watchtower wa March 1, 1935, o ne wa umaka bothata jo bongwe jwa boitsholo jo bo neng bo le teng: “Ka tsela e e tshwanang, go lemogilwe gore bangwe ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo le mo ditirong tse dingwe tsa phuthego ba nole [bojalwa]. Ke mo maemong afe a Dikwalo di letlelelang go nwa beine? A go tla bo go siame go nwa beine mo e leng gore e tla ama tirelo ya gago mo phuthegong ya Morena?”

10 Karabo ya dipotso tseno e ne ya tlhalosa tsela e e tekatekano ya go leba bojalwa, e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. Baebele ga e kgale go dirisa beine le bojalwa ka tekatekano, mme e kgala botagwa fela thata. (Pes. 104:14, 15; 1 Bakor. 6:9, 10) Mo kgannyeng ya go nna le seabe mo tirelong e e boitshepo motho a nole bojalwa, batlhanka ba Modimo ga ba bolo go nna ba gakololwa pego ya bomorwa Arone ba Modimo a neng a ba bolaya ka go bo ba ne ba isa molelo o o seng kafa molaong mo sebesong sa Modimo. Moragonyana ga moo, pego eno e senola se se ka tswang se dirile gore banna bano ba dire sengwe se se sa tshwanelang jalo, ka gonne Modimo o ile a ntsha molao o o thibelang baperesiti botlhe go dirisa bojalwa fa ba dira ditiro tsa bone tse di boitshepo. (Lefi. 10:1, 2, 8-11) Balatedi ba ga Keresete ba dirisa molaomotheo ono wa konokono gompieno, ka go nna kelotlhoko gore ba se ka ba nwa bojalwa fa ba nna le seabe mo tirelong ya bone e e boitshepo.

11. Ke eng fa e ile ya nna tshegofatso mo bathong ba Modimo go tlhaloganya ka tsela e e oketsegileng se go tshwakgolwa ke bojalwa go se kayang?

11 Mo masomeng a dingwaga a bosheng, balatedi ba ga Keresete ba segofaditswe ka go tlhaloganya ka tsela e e oketsegileng se go tshwakgolwa ke bojalwa go se kayang, e leng boemo jo bo akaretsang go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng e bile o palelwa ke go bo tlogela. Ka ntlha ya dijo tsa semoya tse di tlang ka nako e e tshwanetseng, batho ba le bantsi ba thusitswe go rarabolola seemo seno ka tsela e e tshwanetseng le gore ba kgone go laola matshelo a bone gape. Ba le bantsi ba ile ba thusiwa go tila bothata jono gotlhelele. Ga go ope yo o tshwanetseng go letla gore go dirisa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang go mo senyetse seriti, lelapa la gagwe mme mo godimo ga tseno tsotlhe, go mo senyetse tshiamelo ya go direla Jehofa tirelo e e boitshepo.

“Re ka se akanye fela Morena wa rona a nkga mosi wa motsoko kgotsa a tsenya sepe se se leswafetseng mo molomong wa gagwe.”—C. T. Russell

12. Batlhanka ba ga Keresete ba ne ba leba jang go dirisa motsoko le e leng pele ga metlha ya bofelo e simologa?

12 Go dirisa motsoko. Batlhanka ba ga Keresete ba ne ba simolola go kgala go dirisa motsoko le e leng pele ga metlha ya bofelo e simologa. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mokaulengwe yo o godileng, Charles Capen, o ne a gopola lekgetlo la ntlha fa a kopana le Charles Taze Russell mo bowelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga. Mokaulengwe Capen, yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 13, o ne a na le bomorwarraagwe ba le bararo mo ditepising tsa Bible House kwa Allegheny, Pennsylvania. Fa Russell a feta fa go bone, o ne a ba botsa jaana: “A lo a goga? Ke utlwa go nkga motsoko.” Ba ne ba mo tlhomamisetsa gore ga ba goge. Ga go pelaelo gore ba ne ba bona gore o ikutlwa jang ka motsoko. Mokaulengwe Russell o ne a akgela jaana mo makasineng wa Watch Tower wa August 1, 1895, fa a bua ka 2 Bakorintha 7:1, “Ga ke bone kafa go neng go ka galaletsa Modimo ka teng, kana gore go solegele Mokeresete ope fela molemo gore a dirise motsoko ka tsela epe fela. . . . Re ka se akanye fela Morena wa rona a nkga mosi wa motsoko kgotsa a tsenya sepe se se leswafetseng mo molomong wa gagwe.”

13. Go ne ga nna le go itshekisiwa gofe ga boitsholo ka 1973?

13 Ka 1935, makasine wa The Watchtower o ne wa re motsoko ke “mofero o o leswe,” wa bo wa tlhalosa gore ga go na ope yo o tlhophang go o tlhafuna kgotsa go o goga yo a ka tswelelang e le leloko la lelapa la Bethele kgotsa go direla e le moemedi wa phuthego ya Modimo mo tirong ya bobulatsela kgotsa go nna modiredi yo o etang. Ka 1973, go ne ga nna le go itshekisiwa mo go oketsegileng ga boitsholo. Makasine wa The Watchtower wa June 1, o ne wa tlhalosa gore ga go na Mosupi ope wa ga Jehofa yo o tla nnang a na le boemo jo bo molemo mo phuthegong fa a tswelela ka mokgwa ono o o bolayang, o o leswafatsang le o o sa bontsheng lorato. Ba ba neng ba gana go tlogela go dirisa motsoko ba ne ba tla kgaolwa. * Keresete o ne a tsere kgato e nngwe ya botlhokwa mo go itshekiseng balatedi ba gagwe.

14. Molao wa Modimo ke eng malebana le madi, mme go tlile jang gore mokgwa wa go tshela madi o aname thata?

14 Go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang. Mo motlheng wa ga Noa, Modimo o ne a bua gore go tla bo go le phoso go ja madi. O ne a gatelela ntlha eo gape mo Molaong o a neng a o naya setšhaba sa Iseraele, mme o ne a laela phuthego ya Bokeresete ka tsela e e tshwanang gore ba “ithibe . . . mo mading.” (Dit. 15:20, 29; Gen. 9:4; Lefi. 7:26) Ga go gakgamatse go bo gompieno Satane a bone tsela ya go dira gore ba le bantsi ba se ka ba ikobela molao ono wa Modimo. Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, dingaka di ne tsa simolola go dira ditekeletso tsa go tshelwa madi mme fa go sena go lemogiwa gore go na le mefuta ya madi e e farologaneng, mokgwa ono o ne wa anama thata. Ka 1937, go ne ga simololwa go tsewa madi a bo a bewa mo mabolokelong a madi, mme mokgwa ono o ne wa gakadiwa ke Ntwa ya Lefatshe ya II. Go ise go ye kae, go tshelwa madi e ne ya nna selo se se tlwaelegileng mo lefatsheng lotlhe.

15, 16. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira tshwetso efe malebana le go tshelwa madi? (b) Balatedi ba ga Keresete ba ile ba thusiwa jang mo kgannyeng ya go tshelwa madi le go tlhopha kalafi e e sa diriseng madi, mme seno se ile sa felela ka eng?

15 Fa e sa le kwa tshimologong ya 1944, makasine wa The Watchtower o ne wa bontsha gore tota go tshelwa madi ke tsela e nngwe ya go ja madi. Mo ngwageng o o latelang, tsela eo e Dikwalo di lebang kgang eno ka yone e ne ya gatelelwa thata ya bo ya tlhalosiwa ka tsela e e utlwalang sentle. Ka 1951, go ne ga gatisiwa lenaane la dipotso le dikarabo gore le thuse batho ba Modimo go dirisana le ba tsa kalafi. Balatedi ba ga Keresete ba ba ikanyegang ba ne ba ema ba nitame ka bopelokgale, le fa gantsi ba ne ba sotliwa, ba ganediwa tota le e leng go bogisiwa ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, Keresete o ne a nna a tlhotlheletsa phuthego ya gagwe gore e ba neye thuso e ba neng ba e tlhoka. Go ne ga gatisiwa diboroutšhara le ditlhogo tse di nang le dipatlisiso tse di tseneletseng tse di tlhalosang kgang eno ka botlalo.

16 Ka 1979, bagolwane bangwe ba ne ba simolola go etela dikokelo gore ba thuse dingaka go tlhaloganya sentle boemo jwa rona malebana le kgang eno, go di tlhalosetsa mabaka a rona go tswa mo Dikwalong, le go di bontsha gore go na le mefuta e mengwe ya kalafi e e sa diriseng madi. Ka 1980, bagolwane ba ba tswang mo ditoropong di le 39 kwa United States, ba ne ba amogela thapiso e e kgethegileng ya go dira tiro eno. Fa nako e ntse e ya, Setlhopha se se Laolang se ne sa ntsha tetla ya gore go tlhomiwe Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo go ralala lefatshe. A maiteko ano a ile a nna le katlego nngwe fa dingwaga di ntse di ya? Gompieno, ba tsa kalafi ba le dikete di le masomesome—go akaretsa dingaka, dingaka tse di arang le tse di idibatsang—ba dirisana le balwetse ba Basupi, ba bontsha gore ba tlotla tshwetso ya rona ya go batla kalafi e e sa diriseng madi. Bontsi jwa dikokelo di dirisa kalafi eno ya go sa tshele madi mme ba le bantsi ba e tsaya e le ya maemo a a kwa godimo. A ga go itumedise go akanya ka ditsela tse Jesu a sireleditseng balatedi ba gagwe ka tsone mo maitekong a ga Satane a go ba kgotlela?—Bala Baefeso 5:25-27.

Bontsi jwa dikokelo di dirisa kalafi eno ya go sa tshele madi mme ba le bantsi ba e tsaya e le ya maemo a a kwa godimo

17. Re ka bontsha jang gore re anaanela tsela e Keresete a ntseng a itshekisa balatedi ba gagwe ka yone?

17 Go molemo gore re ipotse jaana, ‘A re anaanela tsela e Keresete a ntseng a itshekisa balatedi ba gagwe ka yone, a re thapisa gore re kgomarele melao ya boitsholo e e kwa godimo ya ga Jehofa?’ Fa go ntse jalo, a re nneng re gakologetswe gore Satane o ntse a batla go re kgaoganya le Jehofa le Jesu ka go dira gore re se ka ra tlotla melao ya Modimo ya boitsholo. Gore re kgone go emelana le tlhotlheletso eo, phuthego ya ga Jehofa e tswelela go re naya ditlhagiso le dikgakololo tse di lorato ka metlha malebana le ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa lefatshe leno. A re nneng re thantse, re tsibogela kgakololo e e ntseng jalo e e mosola le go e ikobela.—Dia. 19:20.

Go Sireletsa Phuthego Gore E se Ka ya Kgojwa ka Ntlha ya Boitsholo Jo bo Sa Siamang

18. Ponatshegelo ya ga Esekiele e re naya kgakololo efe e e utlwalang sentle malebana le ba ba tsuologelang melao ya Modimo ka boomo?

18 Karolo ya bobedi ya go itshekisiwa mo boitsholong e amana le dikgato tse di tserweng go boloka phuthego e le phepa. Se se utlwisang botlhoko ke gore, ga se botlhe ba ba amogelang melao ya ga Jehofa ya boitshwaro le go ineela mo Modimong, ba ba tswelelang ba ikanyega mo tshwetsong eo ya bone. Kgabagare bangwe dipelo tsa bone di a fetoga ba bo ba tsuologela melao eo ka boomo. Go tshwanetse ga dirwa eng ka batho ba ba ntseng jalo? Re ka bona karabo e nngwe mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya tempele ya semoya e re tlotlileng ka yone kwa tshimologong ya kgaolo eno. Gopola dikgoro tsele tse di goletsegileng kwa godimo. Mo kgorong nngwe le nngwe ya botseno, go ne go na le matlwana a balebedi. Go bonala sentle gore balebedi ba ne ba tla sireletsa tempele go thibela ba ba sa “rupang mo pelong” go tsena mo go yone. (Esek. 44:9) Eno ke kgakololo e e utlwalang sentle ya gore kobamelo e e itshekileng ke tshiamelo e e newang fela ba ba kgaratlhelang go tshela ka melao ya ga Jehofa e e itshekileng ya boitshwaro. Ka tsela e e tshwanang, tshiamelo ya go kopanela le Bakeresetekarona mo kobamelong, ga e a bulegela mongwe le mongwe fela gompieno.

19, 20. (a) Keresete o ile a thusa jang balatedi ba gagwe kgato ka kgato go itshekisa tsela e maleo a a masisi a rarabololwang ka yone? (b) Ke mabaka afe a mararo a go kgaola badiraphoso ba ba sa ikwatlhayeng?

19 Bogologolo ka 1892, makasine wa Watch Tower o ne wa tlhalosa gore ke “boikarabelo jwa rona go kgaola (re le Bakeresete) ba ba ka tswang ba ganetsa ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo gore Keresete o intshitse go nna thekololo [tlhwatlhwa e e lekanang] ya botlhe.” (Bala 2 Johane 10.) Ka 1904, buka ya The New Creation, e ne ya tlhalosa gore ba ba tswelelang ba dira boitshwaro jo bo sa siamang, ba baya phuthego mo kotsing e kgolo ya go e koafatsa. Ka nako eo, phuthego yotlhe e ne e nna le seabe mo “ditshekong tsa kereke” go sekaseka dikgetsi tsa maleo a a masisi. Le fa go ntse jalo, seno se ne se dirwa ka sewelo. Ka 1944, makasine wa The Watchtower o ne wa bontsha gore bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo, ke bone fela ba ba tshwanetseng go rarabolola dikgang tseo. Ka 1952, tsela e e theilweng mo Baebeleng ya go rarabolola dikgang tsa boatlhodi e ne ya gatisiwa mo makasineng wa The Watchtower, go gatelela lebaka la konokono la go kgaola batho ba ba sa ikwatlhayeng—go boloka phuthego e le phepa.

20 Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela go tloga ka nako ka eo, Keresete o ile a thusa balatedi ba gagwe go tokafatsa le go itshekisa tsela e dikgetsi tsa maleo a a masisi di tshwanetseng go rarabololwa ka yone. Bagolwane ba Bakeresete ba thapisitswe ka kelotlhoko gore ba rarabolole dikgang tsa boatlhodi ka tsela ya ga Jehofa, ba dirisa tshiamiso le kutlwelobotlhoko ka tsela e e tekatekano. Gompieno re bona sentle bobotlana mabaka a le mararo a go tsaya kgato ya go kgaola modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng mo phuthegong: (1) go dira gore leina la ga Jehofa le se ka la kgojwa, (2) go sireletsa phuthego gore e se ka kgotlelwa ke ditlamorago tsa maleo a a masisi le (3) go thusa modiraphoso gore a ikwatlhaye fa go kgonega.

21. Ke ka tsela efe thulaganyo ya go kgaola e itshupileng e le tshegofatso ka gone mo bathong ba Modimo?

21 A o bona kafa thulaganyo ya go kgaola e itshupileng e le tshegofatso ka gone mo balateding ba ga Keresete gompieno? Kwa Iseraele wa bogologolo, gantsi badiraphoso ba ne ba na le tlhotlheletso e e bosula mo setšhabeng e bile ka dinako dingwe ba ne ba le bantsi go feta ba ba neng ba rata Jehofa le ba ba ikemiseditseng go dira se se siameng. Ka jalo, gangwe le gape setšhaba se ne se tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa e bile seno se ne se dira gore Modimo a se ka a ba amogela. (Jer. 7:23-28) Mme gompieno, Jehofa o dirisana le setšhaba sa banna le basadi ba semoya. Ka gonne badiraphoso ba ba thamoethata ba ntshiwa mo gare ga rona, ga ba letlelelwe go nna se re ka reng, dibetsa mo seatleng sa ga Satane go baka tshenyo e e oketsegileng mo phuthegong le mo boemong jwa yone jo bo phepa. Go na le moo, tlhotlheletso ya bone mo phuthegong e a fokodiwa. Ka jalo, re tlhomamisega gore Jehofa o tla nna a re amogela re le setlhopha. Gakologelwa gore Jehofa o solofeditse jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” (Isa. 54:17) A re ema nokeng ka boikanyegi bagolwane ba ba nang le boikarabelo jo bo masisi jwa go rarabolola dikgetsi tsa boatlhodi?

Go Galaletsa yo Lelapa Lengwe le Lengwe le Bidiwang ka Ene

22, 23. Ke eng fa re leboga Bakeresetekarona ba mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, mme gone, go na le bosupi bofe jwa gore ba ne ba tlhoka go nna tekatekano ka tsela e e oketsegileng malebana le lelapa?

22 Karolo ya boraro e mo go yone balatedi ba ga Keresete ba solegetsweng molemo ke go tswelela ba itshekisiwa, e amana le lenyalo le botshelo jwa lelapa. A tsela e re lebang lelapa ka yone e ile ya itshekisiwa fa dingwaga di ntse di ya? Ee. Ka sekai, fa re bala ka batlhanka ba Modimo ba ba neng ba tshela kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, re ikutlwa re itumetse fela thata e bile re gakgamadiwa ke moya wa bone wa go intsha setlhabelo. Re leboga fela thata tsela e ba neng ba baya tirelo e e boitshepo kwa pele ga sepe fela mo botshelong jwa bone. Le fa go ntse jalo, ka fa letlhakoreng le lengwe re kgona go bona sentle kafa ba neng ba tlhoka go nna tekatekano ka gone ka tsela e e oketsegileng. Goreng re ka rialo?

23 E ne e le selo se se tlwaelegileng gore bakaulengwe ba dire dikabelo tsa mo bodireding kgotsa tsa tirelo ya go eta tse di neng di ba isa kgakala le ba malapa a bone dikgwedi di le dintsi ka go latelana. Ka dinako tse dingwe go ne go kgothalediwa thata gore go se ka ga nyalwa, go feta kafa Dikwalo tsone di neng di bua ka gone e bile go buiwa go se kae fela ka gore Bakeresete ba ka nna jang le manyalo a a nonofileng. A maemo ano a sa ntse a tlwaelegile mo balateding ba ga Keresete gompieno? Le e seng!

Ga re a tshwanela go tlhokomologa maikarabelo a lelapa fela ka gonne re kgaratlhela go nna le dikabelo tsa puso ya Modimo

24. Keresete o thusitse jang batho ba gagwe ba ba ikanyegang go nna tekatekano ka tsela e e oketsegileng malebana lenyalo le lelapa?

24 Gompieno, ga re a tshwanela go tlhokomologa maikarabelo a lelapa fela ka gonne re kgaratlhela go nna le dikabelo tsa puso ya Modimo. (Bala 1 Timotheo 5:8.) Mo godimo ga moo, Keresete o tlhomamisitse gore balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo lefatsheng, ba nna le molapo o o elelang ka metlha wa kgakololo e e mosola, e e tekatekano e e tswang mo Dikwalong, e e malebana le lenyalo le botshelo jwa lelapa. (Baef. 3:14, 15) Ka 1978, go ne ga nna le buka e e reng, Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. Dingwaga di ka nna 18 moragonyana, go ne ga nna le buka e e reng, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Mo godimo ga moo, makasine wa The Watchtower o ile wa nna le ditlhogo tse dintsi tse di diretsweng go thusa banyalani go dirisa melaometheo ya Dikwalo mo lenyalong la bone.

25-27. Bana ba dingwaga tse di farologaneng ba ile ba nna ba newa dilo tse ba di tlhokang jang ka tsela e e oketsegileng go ralala dingwaga?

25 Mme go tweng ka basha le bana? Go ralala dingwaga, ba ile ba nna ba newa dilo tse ba di tlhokang ka tsela e e oketsegileng. Phuthego ya ga Jehofa ga e bolo go nna e abela bana ba dingwaga tse di farologaneng dilo tse di molemo, mme se e kileng ya bo e le lerothodi, se fetogile go nna molapo o o tletseng o o elelang ka metlha. Ka sekai, karolo e e reng, “Thuto ya Baebele ya Basha,” e ne ya tlhagelela mo makasineng wa The Golden Age go simologa ka 1919 go fitlha ka 1921. Morago ga moo, go ne ga nna le boroutšhara jwa The Golden Age ABC ka 1920 le buka ya Children, ka 1941. Ka bo1970, go ne ga nna le dibuka tse di latelang, Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone le e e reng, Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele. Ka 1982, go ne ga simologa motseletsele wa ditlhogo tsa Tsogang! o o reng, “Basha ba Botsa Jaana,” mme morago ga moo wa fetolwa go nna buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ka 1989.

Boroutšhara jwa Se ke Se Ithutang mo Baebeleng, bo ne jwa amogelwa ka boipelo kwa kopanong ya kgaolo kwa Jeremane

26 Gone jaanong re na le dibolumo tse pedi tse di leng mo nakong tsa buka ya Basha ba Botsa Jaana, mme motseletsele ono o sa ntse o tlhaga mo Web site ya rona ya jw.org/tn. Gape re na le buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Web site ya rona e na le dikarolo di le dintsi tsa bana, dikarata tsa batho ba mo Baebeleng, dithuto tsa Baebele tsa bana ba bannye le ba bagolo, ditshwantsho tse di kopanngwang (puzzles), dibidio, dipolelo tse di tshwantshitsweng tsa Baebele le karolo e e reng, se ke se ithutang mo Baebeleng, e e diretsweng bana ba dingwaga tse tharo le tse di kwa tlase. Ga go pelaelo gore tsela e Keresete a lebang bana ka yone ga e ise e fetoge fa e sa le ka nako e a neng a phuthela bana ba babotlana mo matsogong a gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Mar. 10:13-16) O batla gore ba basha ba ba mo gare ga rona ba ikutlwe ba ratiwa e bile ba tlamelwa sentle semoyeng.

27 Gape Jesu o batla gore bana ba sirelediwe mo go gobadiweng. E re ka lefatshe leno le le nang le boitsholo jo bo maswe le ntse le nna maswe le go feta, sebetso sa go sotla bana se ntse se anama le go feta. Ka jalo, go ile ga gatisiwa kaelo e e utlwalang sentle le e e tlhamaletseng go thusa batsadi go sireletsa bana ba bone mo sebetsong seno se se setlhogo. *

28. (a) Re tlhoka go dira eng gore re nne le seabe mo kobamelong e e itshekileng jaaka go tlhalositswe mo ponatshegelong ya ga Esekiele ya tempele? (b) Wena o ikemiseditse go dira eng?

28 A ga go itumedise thata go akanya kafa Keresete a neng a tswelela go itshekisa balatedi ba gagwe ka gone a ba thapisa gore ba tlotle melao ya ga Jehofa ya boitsholo e e kwa godimo, ba tshele tumalanong le yone le gore e ba solegele molemo? Akanya gape ka tempele e Esekiele a e boneng mo ponatshegelong. Gopola dikgoro tsa yone tse di kwa godimo. Ke boammaaruri gore tempele eno ga se lefelo lengwe mo lefatsheng mme ke ya semoya. Mme gone, a re e bona e le ya mmatota? Re tsena mo go yone, e seng fela ka go ya kwa Holong ya Bogosi, ka go bula Baebele kgotsa ka go kokota fa re le mo bodireding. Tseo ke dilo tse re di dirang mo lefatsheng, tse re kgonang go di bona. Moitimokanyi a ka dira dilo tseno kwantle ga gore le ka motlha a tsene mo tempeleng ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa re dira dilo tseno mme gape re tshela tumalanong le melao e e kwa godimo ya boitsholo ya ga Jehofa e bile re nna le seabe mo kobamelong e e boitshepo re na le boikutlo jo bo siameng jwa pelo, re tsene mo mafelong a a boitshepotshepo e bile re direla mo go one—thulaganyo ya kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo! A ka metlha re tseele kwa godimo tshiamelo eno ya botlhokwatlhokwa. Mme gape, a re tsweleleng re dira bojotlhe jwa rona go bontsha boitshepo jwa ga Jehofa ka go tlotlomatsa melao ya gagwe ya tshiamo!

^ ser. 2 Ka 1932, Bolumo 2 ya buka ya Vindication e ne ya bontsha la ntlha gore boporofeti jwa Baebele jo bo neng bo tlhomile mogopolo mo go busediweng ga batho ba Modimo kwa nagagaeng ya bone, bo ne jwa diragadiwa mo mo motlheng wa rona e seng mo go Iseraele wa senama, mme mo go Iseraele wa semoya. Boporofeti joo bo bua ka go tsosolosiwa ga kobamelo e e itshekileng. Makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1999, o ne wa tlhalosa gore ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele, ke boporofeti jwa go tsosolosiwa, mme bo na le tiragatso e e botlhokwa ya semoya mo metlheng ya bofelo.

^ ser. 6 Maikano ao a ne a thibela monna le mosadi go nna mmogo mo phaposing e le nngwe ntle le fa kgoro e butswe yotlhe—kwantle ga fa e le banyalani kgotsa masika a a atamalaneng. Ka dingwaga di le dintsi, maikano ano a ne a boaboelediwa letsatsi le letsatsi e le karolo ya thulaganyo ya Kobamelo ya mo Mosong ya kwa Bethele.

^ ser. 13 Go dirisa motsoko ka tsela e e sa siamang go akaretsa go o goga, go o tlhafuna, go o sunetsa kgotsa go o lema ka maikaelelo a go o dirisetsa dilo tseno.

^ ser. 27 Ka sekai, bala kgaolo 32 ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo; gape bala motseletsele wa setlhogo se se reng, “ ; gape bala motseletsele wa setlhogo se se reng, “ ; gape bala motseletsele wa setlhogo se se reng, “Dira Gore Bana ba Gago ba Nne ba Sireletsegile!” mo makasineng wa Tsogang! wa October 2007.