Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 16

Go Kopanela Mmogo go Tla go Obamela

Go Kopanela Mmogo go Tla go Obamela

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Go latedisa tshimologo ya dipokano tsa rona le botlhokwa jwa tsone

1. Fa barutwa ba ne ba kopane mmogo ba ne ba amogela thuso efe, mme ke eng fa ba ne ba e tlhoka?

LOBAKANYANA fela morago ga tsogo ya ga Jesu, barutwa ba ne ba kopana mmogo go kgothatsana. Le fa go ntse jalo, ba ne ba lotlela ditswalo ka gonne ba ne ba tshaba baba ba bone. Ruri poifo ya bone e ne ya fokotsega fa Jesu a ne a tlhagelela fa gare ga bone mme a re: “Amogelang moya o o boitshepo”! (Bala Johane 20:19-22.) Morago ga moo, barutwa ba ne ba kopana gape mmogo mme Jehofa o ne a tshololela moya o o boitshepo mo go bone. Ruri ba ne ba amogela nonofo ya go dira tiro ya go rera e e neng e larile kwa pele!—Dit. 2:1-7.

2. (a) Jehofa o re naya nonofo jang, mme gone ke eng fa re e tlhoka? (b) Ke eng fa thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa e le botlhokwa thata jaana? (Bona ntlha e e kwa tlase le lebokose le le reng, “ Kobamelo ya Lelapa,” tsebe 175.)

2 Re lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tsa bakaulengwe ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (1 Pet. 5:9) Ka dinako dingwe, bangwe ba rona ba ka boifa batho. Ka jalo, re tlhoka nonofo e Jehofa a e nayang e le gore re itshoke mo tirong ya go rera. (Baef. 6:10) Jehofa o re naya bontsi jwa nonofo eo a dirisa dipokano tsa rona. Gone jaanong re na le tshono ya go nna gone kwa dipokanong tse pedi tse di rutang tsa beke le beke—Pokano ya Phatlalatsa, Thuto ya Tora ya Tebelo le pokano ya mo gare ga beke e e bidiwang Botshelo le Bodiredi Jwa Rona. * Gape re ipelela ditiragalo tse nnè tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga—kopano ya tikologo, dikopano tse pedi tsa potologo le Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re nne teng kwa dikokoanong tseno tsotlhe? Dipokano tsa motlha wa rona di simologile jang? Tsela e re ikutlwang ka yone ka dipokano tsa rona e senola eng ka rona?

Ke ka Ntlha Yang fa re Kopana Mmogo?

3, 4. Ke eng se Jehofa a se laelang batho ba gagwe? Naya dikai.

3 Jehofa ga a bolo go laela batho ba gagwe gore ba kopane mmogo go mo obamela. Ka sekai, ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a neela setšhaba sa Iseraele Molao wa gagwe mme Molao oo, o ne o akaretsa Sabata ya beke le beke gore lelapa lengwe le lengwe le mo obamele le gore ba rutwe Molao. (Dute. 5:12; 6:4-9) Fa Baiseraele ba ne ba ikobela molao oo, malapa a ne a nonofa mme le setšhaba ka kakaretso se ne se nna se le phepa semoyeng e bile se itekanetse semoyeng. Fa setšhaba se ne se sa dire se se mo Molaong oo, se itlhokomolosa dilo tse di batlegang tse di jaaka go kopana mmogo ka metlha go obamela Jehofa, Modimo o ne a sa tlhole a se amogela.—Lefi. 10:11; 26:31-35; 2 Ditir. 36:20, 21.

4 Ela tlhoko gape sekao se se tlhomilweng ke Jesu. O ne a go dirile mokgwa go ya kwa sinagogeng beke le beke ka Sabata. (Luke 4:16) Morago ga loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe, barutwa ba gagwe ba ne ba tsweletsa mokgwa wa go kopana mmogo ka metlha le fa ba ne ba sa tlhole ba le ka fa tlase ga molao wa Sabata. (Dit. 1:6, 12-14; 2:1-4; Bar. 14:5; Bakol. 2:13, 14) Kwa dipokanong tseo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa amogele fela thuto le kgothatso mme gape ba ne ba isetsa Modimo ditlhabelo tsa pako ka dithapelo tsa bone, dikakgelo le dipina.—Bakol. 3:16; Baheb. 13:15.

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba kopana mmogo go nonotshana le go kgothatsana

5. Ke eng fa re nna gone kwa dipokanong tsa rona tsa beke le beke le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo ngwaga le ngwaga? (Bona le lebokose le le reng, “ Dikokoano Tsa Ngwaga le Ngwaga Tse di Dirang Gore Batho ba Modimo ba Nne Seoposengwe,” tsebe 176.)

5 Ka tsela e e tshwanang, fa re nna gone kwa dipokanong tsa rona tsa beke le beke le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo ngwaga le ngwaga, re bontsha gore re ema Bogosi jwa Modimo nokeng, re nonotshiwa ke moya o o boitshepo e bile re kgothatsa ba bangwe ka go bolela tumelo ya rona phatlalatsa. Sa botlhokwa le go feta, re nna le tshono ya go obamela Jehofa ka dithapelo tsa rona, dikakgelo le dipina. Dipokano tsa rona di ka tswa di rulagantswe ka tsela e e farologaneng le tsa Baiseraele le tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, mme gone di botlhokwa ka tsela e e tshwanang. Dipokano tsa motlha wa rona di simologile jang?

Dipokano Tsa Beke le Beke Tse di Tlhotlheletsang mo “Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo”

6, 7. (a) Boikaelelo jwa dipokano tsa rona ke bofe? (b) Dipokano di ne di farologana jang go tswa mo setlhopheng se sengwe go ya go se sengwe?

6 Fa Mokaulengwe Charles Taze Russell a ne a simolola go hukutsa boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, o ne a bona botlhokwa jwa go kopana mmogo le ba bangwe ba ba nang le mokgele o o tshwanang. Ka 1879, Russell o ne a kwala jaana: “Nna le ba bangwe mo Pittsburgh, re ne ra rulaganya tlelase ya baebele gore re hukutse Dikwalo mme ra tswelela re e tshwara, re kopana Sontaga mongwe le mongwe.” Babadi ba makasine wa Zion’s Watch Tower ba ne ba kgothalediwa go kopana mmogo mme ka 1881, go ne go tshwarwa dipokano kwa Pittsburgh, Pennsylvania ka Sontaga mongwe le mongwe le ka Laboraro mongwe le mongwe. Ka Ngwanatsele 1895, makasine wa Watch Tower o ne wa re boikaelelo jwa dipokano tseo e ne e le gore go nne le “bokopano jwa Bokeresete, lorato le kabalano” le go naya botlhe ba ba leng teng tshono ya go kgothatsana.—Bala Bahebera 10:24, 25.

7 Mo dingwageng di le dintsi, tsela e dipokano di rulagantsweng ka yone le makgetlo a di tshwarang ka one e ntse e farologana go tswa mo setlhopheng se sengwe sa Baithuti ba Baebele go ya go se sengwe. Ka sekai, lekwalo le le tswang kwa setlhopheng sengwe kwa United States le le neng la gatisiwa ka 1911 le ne le re: “Re tshwara bobotlana dipokano di le tlhano beke nngwe le nngwe.” Ba ne ba tshwara dipokano tseo ka Mosupologo, Laboraro, Labotlhano le gabedi ka Sontaga. Lekwalo le lengwe le le neng le tswa kwa setlhopheng sengwe kwa Afrika, le le neng la gatisiwa ka 1914 le ne le re: “Re tshwara dipokano gabedi ka kgwedi, go simologa ka Labotlhano go fitlha ka Sontaga.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, go ne ga nna le thulaganyo e gone jaanong e dirisiwang go tshwara dipokano tsa rona. Sekaseka ka bokhutshwane kafa pokano nngwe le nngwe e simologileng ka gone.

8. Dingwe tsa ditlhogo tsa dipuo tsa phatlalatsa tsa bogologolo e ne e le dife?

8 Pokano ya Phatlalatsa. Ka 1880, ngwaga fela Mokaulengwe Russell a sena go simolola go gatisa makasine wa Zion’s Watch Tower, o ne a latela sekao se se tlhomilweng ke Jesu mme a simolola loeto lwa go rera. (Luke 4:43) Fa Mokaulengwe Russell a ntse a dira jalo, o ne a tlhoma sekao sa se gone jaanong e leng Pokano ya rona ya Phatlalatsa. Fa makasine wa Watch Tower o ne o itsise ka loeto lwa gagwe o ne wa re, Russell “o tla itumelela go tshwara dipokano tsa phatlalatsa malebana le ‘Dilo tse di amanang le bogosi jwa Modimo.’” Ka 1911, fa go sena go tlhomiwa ditlelase kgotsa diphuthego mo dinageng di le dintsi, tlelase nngwe le nngwe e ne ya kgothalediwa go romela dibui tse di tshwanelegang mo mafelong a a dikologileng go neela motseletsele wa dipuo tse thataro tsa ditlhogo tse di jaaka katlholo le thekololo. Kwa bofelong jwa puo nngwe le nngwe, go ne go itsisiwe leina la sebui le setlhogo sa puo ya beke e e latelang.

9. Pokano ya Phatlalatsa e ile ya fetoga jang go ralala dingwaga, mme o ka e ema nokeng jang?

9 Ka 1945, makasine wa The Watchtower o ne wa itsise go simologa ga letsholo la lefatshe lotlhe la Pokano ya Phatlalatsa le le akaretsang motseletsele wa dipuo tsa Baebele di le robedi tse di neng di itebagantse le “mathata a a potlakileng a motlha wa rona.” Ka masome a le mantsi a dingwaga, dibui tse di neng di neelwa dikabelo di ne di sa dirise fela ditlhogo tse ba di neilweng ke motlhanka yo o boikanyego mme gape di ne di neela dipuo tse di neng di di itiretse. Le fa go ntse jalo, ka 1981, dibui tsotlhe di ne tsa laelwa gore di theye dipuo tsa tsone mo diaotlelaeneng tse di neilweng diphuthego. *Go fitlha ka 1990, diaotlelaene dingwe tsa dipuo tsa phatlalatsa di ne di tlhoka gore bareetsi ba nne le seabe kgotsa gore go nne le dipontsho; le fa go ntse jalo, mo ngwageng oo ditaelo di ne tsa baakanngwa mme go simologa ka nako eo go ya pele, dipuo tsa phatlalatsa di ne tsa neelwa e le dipuo fela. Go ne ga nna le phetogo e nngwe ka Ferikgong 2008, fa dipuo tsa phatlalatsa di ne di fokodiwa go tswa metsotsong e le 45 go ya go e le 30. Le fa gone go ile ga fetolwa tsela e pokano eno e rulagantsweng ka yone, dipuo tsa phatlalatsa tse di baakanyeditsweng sentle di tswelela di aga tumelo ya rona mo Lefokong la Modimo le go re ruta ka dikarolo tse di farologaneng tsa Bogosi jwa Modimo. (1 Tim. 4:13, 16) A o laletsa ka matlhagatlhaga ba e leng maeto a gago a go boela le batho ba e seng Basupi go tla go utlwa dipuo tseno tse di botlhokwa tse di theilweng mo Baebeleng?

10-12. (a) Go ile ga nna le diphetogo dife mo tseleng e Thuto ya Tora ya Tebelo e tshwarwang ka yone? (b) Go tla bo go le molemo gore o ipotse dipotso dife?

10 Thuto ya Tora ya Tebelo. Ka 1922, bakaulengwe ba ba neng ba itsiwe e le baeti ba sedumedi—badiredi ba ba rometsweng ke Watch Tower Society, go neela dipuo mo diphuthegong le go etelela pele mo tirong ya go rera—ba ne ba akantsha gore go nne le pokano ya ka metlha ya go ithuta makasine wa The Watch Tower. Kakantsho eno e ne ya amogelwa mme kwa tshimologong dipokano tsa go ithuta Watch Tower di ne di tshwarwa fa gare ga beke kgotsa ka Sontaga.

Thuto ya Tora ya Tebelo Ghana, 1931

11 Makasine wa Watchtower wa June 15, 1932, o ne wa ntsha ditaelo tse dingwe tsa kafa pokano eno e tshwanetseng go tshwarwa ka gone. Setlhogo se se mo makasineng ono se ne sa tlhalosa gore mokaulengwe o tshwanetse go etelela pokano eno pele a dirisa sekao sa kafa thuto eno e tshwarwang ka gone kwa Lelapeng la Bethele. Bakaulengwe ba le bararo ba ne ba ka nna kwa pele mo lefelong le go tshwaretsweng pokano mo go lone ba bo ba refosana go bala dirapa. Ka nako eo ditlhogo di ne di sena dipotso, ka jalo, motshwari wa pokano o ne a bolelelwa gore a kope bareetsi gore ba botse dipotso malebana le setlhogo se se ithutiwang. Morago ga moo, o ne a kopa bareetsi gore ba arabe dipotso tse di boditsweng. Gape setlhogo se ne se laela motshwari wa pokano gore fa go tlhokega tlhaloso e e oketsegileng, a neele tlhaloso “e khutshwane le e e opang kgomo lonaka.”

12 Kwa tshimologong, phuthego nngwe le nngwe e ne e letlelelwa go itlhophela makasine o bontsi jwa bone bo neng bo batla go o ithuta. Le fa go ntse jalo, makasine wa Watchtower wa April 15, 1933, o ne wa akantsha gore diphuthego di dirise makasine o mosha. Ka 1937, go ne ga laelwa gore thuto eo e tshwarwe ka Sontaga. Diphetogo tse dingwe tse di neng tsa dira gore thulaganyo eno e nne jaaka re e itse gompieno, di ne tsa gatisiwa mo makasineng wa Watchtower wa October 1, 1942. Sa ntlha, makasine ono o ne wa itsise gore go tla nna le dipotso kwa tlase mo tsebeng nngwe le nngwe ya ditlhogo tse di ithutiwang le gore dipotso tseo di tshwanetse go dirisiwa. Go tswa foo, o ne wa tlhalosa gore pokano eno e tshwanetse go tsaya lobaka lwa ura. Gape o ne wa kgothaletsa ba ba arabelang gore ba arabe “ka mafoko a bone” go na le go bala dikarolo tsa serapa. Thuto ya Tora ya Tebelo e tsweletse go nna pokano ya konokono e motlhanka yo o boikanyego a e dirisang go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Math. 24:45) Go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A ke baakanyetsa thuto ya Tora ya Tebelo beke le beke? E bile, a ke kgaratlhela go akgela fa ke kgona?’

13, 14. Thuto ya Baebele ya Phuthego e simologile kae, mme ke eng se o se ipelelang ka pokano eno?

13 Thuto ya Baebele ya Phuthego. Mo magareng a bo1890, morago ga go gololwa ga dibolumo di le dintsi tsa Millennial Dawn, Mokaulengwe H. N. Rahn, Moithuti wa Baebele yo o nnang mo toropokgolo ya Baltimore, Maryland, U.S.A., o ne a akantsha gore go tshwarwe “Ditlhopha Tsa Dawn” tsa go ithuta Baebele. Kwa tshimologong, dipokano tseno tse gantsi di neng di tshwarelwa mo malapeng, e ne e le tekeletso. Le fa go ntse jalo, ka Lwetse 1895, Ditlhopha tsa Dawn di ne di tshwarwa ka katlego mo ditoropokgolong di le dintsi kwa United States. Ka jalo, makasine wa Watch Tower wa yone kgwedi eo o ne wa akantsha gore baithuti botlhe ba boammaaruri ba tshware dipokano tseo. O ne wa laela gore yo o tshwereng pokano e tshwanetse go nna motho yo o kgonang go bala sentle. O ne a tshwanetse go bala seele mme a bo a emela bareetsi gore ba akgele. Morago ga go bala seele sengwe le sengwe mo serapeng le go tlotla ka sone, o ne a tshwanetse go bala ditemana tse di umakilweng. Kwa bowelong jwa kgaolo, mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go sobokanya ka bokhutshwane se se ithutilweng.

14 Leina la pokano eno le fetogile makgetlo a le mmalwa. E ne ya bidiwa Ditlhopha Tsa Baberea Tsa Thuto ya Baebele, e le go e amanya le Baberea ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko. (Dit. 17:11) Fa nako e ntse e ya, leina la pokano eno le ne la fetolwa go nna Thuto ya Buka ya Phuthego. Gone jaanong e bidiwa Thuto ya Baebele ya Phuthego, mme phuthego yotlhe e kopanela kwa Holong ya Bogosi go na le go kopana e le ditlhopha kwa magaeng a batho. Go ralala masomesome a dingwaga, go dirisitswe dibuka tse di farologaneng, diboroutšhara le ditlhogo tsa Tora ya Tebelo go tshwara thuto eno. Go tswa fela kwa tshimologong, botlhe ba ba leng gone ba ne ba kgothalediwa go nna le seabe mo pokanong. Pokano eno e nnile le seabe se segolo thata mo go re thuseng gore re nne le kitso e ntsi ya Baebele. A o baakanyetsa pokano eno ka metlha le go nna le seabe mo go yone go ya kafa o ka kgonang ka teng?

15. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ne se diretswe eng?

15 Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Carey Barber yo o neng a direla kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, New York o gopola jaana: “Mo bosigong jwa Mosupologo, Tlhakole 16, 1942, banna botlhe ba e leng maloko a lelapa la Bethele ya Brooklyn, ba ne ba lalediwa go ikwadisa mo go se moragonyana se neng sa itsiwe e le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.” Mokaulengwe Barber yo morago fela thata a neng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlhalosa sekolo seno e le “nngwe ya diphitlhelelo tse di tlhomologileng thata tsa kafa Jehofa a dirisanang ka gone le batho ba gagwe mo motlheng wa gompieno.” Sekolo seno se ne sa atlega thata mo go thuseng bakaulengwe go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go ruta le jwa go rera, mo e leng gore go simologa ka 1943, ka bonya ka bonya bukana ya Course in Theocratic Ministry, e ne ya newa diphuthego mo lefatsheng lotlhe. Makasine wa Watchtower wa June 1, 1943, o ne wa re Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ne se diretswe go thusa batho ba Modimo gore “ba ithapise go nna basupi ba ba botoka mo go boleleng Bogosi phatlalatsa.”—2 Tim. 2:15.

16, 17. A Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ne se ruta fela bokgoni jwa go bua? Tlhalosa.

16 Kwa tshimologong, ba le bantsi ba ne ba bona go le thata go bua fa pele ga batho ba bantsi. Clayton Woodworth, Jr., yo rraagwe a neng a tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela le Mokaulengwe Rutherford le ba bangwe ka 1918, o gopola kafa a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a tsena mo sekolong lekgetlo la ntlha ka 1943. Mokaulengwe Woodworth o ne a re “Go ne go le boima mo go nna go neela dipuo. Go ne go utlwala e kete loleme lwa me lo tlala mo ganong, molomo wa me o ne o phaphalala e bile mo lentsweng la me go ne go utlwala go bobora le go tswirinya fela.” Le fa go ntse jalo, fa bokgoni jwa ga Mokaulengwe Clayton bo ntse bo tokafala, o ne a newa ditshiamelo tse dintsi tsa go neela dipuo phatlalatsa. Sekolo ga se a ka sa mo ruta bokgoni jwa go bua fela mme gape se ne sa mo ruta le dilo tse dingwe. Se ne sa mo ruta botlhokwa jwa boikokobetso le jwa go ikaega ka Jehofa. O ne a re: “Ke ne ka lemoga gore sebui ka bosone ga se botlhokwa. Mme fa se baakanyetsa sentle se bo se ikanya Jehofa ka botlalo, se tla reediwa ka boitumelo e bile bareetsi ba tla ithuta sengwe.”

17 Ka 1959, bokgaitsadi ba ne ba letlelelwa go ikwadisa mo sekolong. Kgaitsadi Edna Bauer, o gakologelwa fa a ne a utlwa kitsiso eo kwa kopanong e a neng a ile kwa go yone. O ne a re: “Ke gakologelwa kafa bokgaitsadi ba neng ba itumetse ka teng. Jaanong ba ne ba bulegetswe ke ditshono di le dintsi.” Mo dingwageng tse di fetileng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba dirisa tshono ya go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo gore ba rutwe ke Jehofa. Gompieno re sa ntse re newa thapiso e e ntseng jalo kwa dipokanong tsa rona tsa mo gare ga beke.—Bala Isaia 54:13.

18, 19. (a) Gone jaanong re amogela jang kaelo e e mosola e e re thusang go diragatsa bodiredi? (b) Ke eng fa re opela kwa dipokanong tsa rona? (Bona lebokose le le reng, “ Go Opela ka Boammaaruri.”)

18 Pokano ya Tirelo. Fa e sa le go simologa ka 1919, go ne ga nna le dipokano tsa go rulaganya tirelo ya tshimo. Ka nako eo, e ne e se botlhe mo phuthegong ba ba neng ba nna gone kwa dipokanong tseo—e ne e le fela ba ba neng ba nna le seabe ka tlhamalalo mo go anamiseng dikgatiso. Nako e ntsi ya ngwaga wa 1923, Pokano ya Tirelo e ne e tshwarwa gangwe ka kgwedi mme botlhe mo tlelaseng kgotsa mo phuthegong ba ne ba tshwanetse go nna teng. Ka 1928, diphuthego di ne tsa kgothalediwa go tshwara Pokano ya Tirelo beke le beke mme ka 1935, makasine wa The Watchtower o ne wa kgothaletsa diphuthego tsotlhe go thaya Pokano ya Tirelo mo tshedimosetsong e e gatisitsweng mo Director (e moragonyana e neng ya bidiwa Informant mme morago ga moo ya bidiwa Tirelo ya Rona ya Bogosi). Go ise go ye kae pokano eno e ne ya nna karolo ya ka metlha ya thulaganyo ya phuthego.

19 Gone jaanong fa re le kwa pokanong ya mo gare ga beke, re newa kaelo e e re thusang fa re le mo bodireding. (Math. 10:5-13) Fa e le gore o tshwanelega go amogela khopi ya bukana ya pokano, a o a e ithuta le go dirisa dikakantsho tse di mo go yone fa o le mo bodireding?

Pokano ya Ngwaga e e Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe

Fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Bakeresete ba ntse ba phuthega mmogo ngwaga le ngwaga go tshwara Segopotso sa loso lwa ga Keresete (Bona serapa 20)

20-22. (a) Ke eng fa re gopola loso lwa ga Jesu? (b) O solegelwa molemo jang ke go nna teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga?

20 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe go fitlha a goroga. Fela jaaka mokete wa Tlolaganyo, Segopotso sa loso lwa ga Keresete ke tiragalo ya ngwaga le ngwaga. (1 Bakor. 11:23-26) Pokano eno e ngoka dimilionemilione tsa batho ngwaga le ngwaga. E gopotsa batlodiwa tshiamelo e ba nang le yone ya go nna baruaboswammogo ba Bogosi. (Bar. 8:17) Mme mo go ba dinku tse dingwe, e dira gore ba tlotle Kgosi ya Bogosi jwa Modimo thata le go ikanyega mo go yone.—Joh. 10:16.

21 Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba lemoga botlhokwa jwa go nna le Sejo sa Morena sa Maitseboa e bile ba ne ba itse gore se tshwanetse go tshwarwa gangwe fela ka ngwaga. Makasine wa Watch Tower wa April 1880, o ne wa re: “Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, e ntse e le tlwaelo ya bontsi jwa rona mono mo Pittsburgh go . . . gopola Tlolaganyo [Segopotso] le go ja ditshwantshetso tsa mmele le madi a Morena wa rona.” Go ise go ye kae Dikopano di ne tsa tshwarwa ka nako e le nngwe le Segopotso. Lekgetlo la ntlha fa go ne go bolokiwa direkoto tsa ditiragalo tseo e ne e le ka 1889, fa go ne go tlile batho ba le 225 go bo go kolobediwa ba le 22.

22 Gompieno ga re tshware Segopotso e le karolo ya thulaganyo ya kopano, mme gone re laletsa botlhe gongwe le gongwe kwa re nnang teng gore ba kopanele le rona kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa lefelong le le hirilweng. Ka 2013, batho ba le dimilione di feta 19 ba ne ba nna gone fa go gopolwa loso lwa ga Jesu. Ruri re na le tshiamelo, e seng fela ya go nna gone kwa Segopotsong mme gape le ya go laletsa ba bangwe gore ba kopanele le rona mo bosigong jono jo bo boitshepo thata! A o nna le seabe ka matlhagatlhaga ngwaga le ngwaga mo go laletseng batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng gore ba nne gone kwa Segopotsong?

Se Boikutlo Jwa Rona bo se Senolang

23. O leba jang go kopanela mmogo ga rona?

23 Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga ba lebe taelo ya go kopana mmogo e le mokgweleo. (Baheb. 10:24, 25; 1 Joh. 5:3) Ka sekai, Kgosi Dafide o ne a rata go ya go obamela kwa ntlong ya ga Jehofa. (Pes. 27:4) O ne a itumelela go dira jalo segolobogolo a na le ba bangwe ba ba ratang Modimo. (Pes. 35:18) Gape akanya ka sekao sa ga Jesu. Le fa a ne a sa ntse a le mmotlana, o ne a na le keletso e kgolo ya go nna kwa ntlong ya ga Rraagwe ya kobamelo.—Luke 2:41-49.

Keletso ya rona e kgolo ya go batla go kopanela mmogo e senola kafa Bogosi e leng selo sa mmatota ka gone mo go rona

24. Fa re nna gone kwa dipokanong, re bulegelwa ke ditshono dife?

24 Fa re nna gone kwa dipokanong, re bontsha Jehofa gore re a mo rata le gore re na le keletso ya go aga badumedimmogo le rona. Gape re bontsha gore re nyoretswe go ithuta go tshela jaaka babusiwa ba Bogosi jwa Modimo, ka gonne kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, ke gone kwa segolobogolo re newang thapiso e e ntseng jalo. Mo godimo ga moo, dipokano tsa rona di re naya bokgoni le nonofo e re e tlhokang gore re itshoke fa re dira nngwe ya ditiro tsa botlhokwa tse di dirwang ke Bogosi jwa Modimo gompieno—go dira le go thapisa barutwa ba ga Kgosi Jesu Keresete. (Bala Mathaio 28:19, 20.) Ga go pelaelo gore go nna le keletso e kgolo ya go batla go kopanela mmogo go senola kafa Bogosi e leng selo sa mmatota ka gone mo go mongwe le mongwe wa rona. E kete ka metlha re ka tseela dipokano tsa rona kwa godimo!

^ ser. 2 Mo godimo ga dipokano tse re nnang le tsone beke le beke, lelapa lengwe le lengwe kgotsa motho ka bongwe o tshwanetse go seegela nako kwa thoko gore a ithute a le esi kgotsa go obamela e le lelapa.

^ ser. 9 Ka 2013, go ne go na le diaotlelaene di feta 180 tsa dipuo tsa phatlalatsa.