Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 22

Bogosi bo Diragatsa Thato ya Modimo mo Lefatsheng

Bogosi bo Diragatsa Thato ya Modimo mo Lefatsheng

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Bogosi bo diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo malebana le batho le lefatshe

1, 2. (a) Ke eng fa ka dinako dingwe go ka nna thata go bona Paradaise e le selo sa mmatota? (b) Ke eng se se ka re thusang go nonotsha tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa Modimo?

MOKAULENGWE yo o ikanyegang o goroga kwa dipokanong a lapile morago ga letsatsi le le ngomolang pelo. O tlhotse a tshwerwe makgwakgwa ke mookamedi yo o sa kgotsofaleng, o ngomogile pelo ka ntlha ya dikgwetlho tsa go tlhokomela lelapa la gagwe le go tlhobaela ka ntlha ya bolwetse jo bo bogisang mosadi wa gagwe. Fa pina e e simololang dipokano e simolola, o wela makgwafo ka ntlha ya go imologa, a itumeletse go nna gone kwa Holong ya Bogosi mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Pina eno e bua ka tsholofelo ya botshelo mo lefatsheng la Paradaise, mme mafoko a yone a re a bone ka leitlho la mogopolo tsholofelo eo, a ipone a tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo. Ga a bolo go rata pina eno, mme fa a ntse a e opela mmogo le ba lelapa la gagwe, o gomodiwa ke tsholofelo e a nang le yone ka isagwe.

2 A le wena o kile wa ikutlwa jalo? Bontsi jwa rona re kile ra ikutlwa jalo. Mme gone, boammaaruri ke gore botshelo jwa mo tsamaisong eno e kgologolo bo ka dira gore go nne thata mo go rona go bona Paradaise ya mo isagweng e le selo sa mmatota. Tseno ke “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” e bile lefatshe le re tshelang mo go lone ga le tshwane le paradaise gotlhelele. (2 Tim. 3:1) Ke eng se se ka re thusang go bona tsholofelo ya rona e le ya mmatota? Mme gone, re itse jang gore tota go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo bo tla busa batho botlhe? A re sekasekeng dipolelelopele di le mmalwa tsa ga Jehofa tse batho ba gagwe ba neng ba di bona di diragadiwa mo motlheng wa bogologolo. Go tswa foo re tla sekaseka kafa dipolelelopele tseo le tse dingwe di diragadiwang ka teng ka tsela e e itumedisang gone jaanong. E re ka tumelo ya rona e tla bo e nonotshitswe, kwa bofelong re tla tlhoma mogopolo mo go reng dipolelelopele tseo di na le bokao bofe mo isagweng ya rona.

Kafa Jehofa a Diragaditseng ka Gone Ditsholofetso Tsa Gagwe Bogologolo Tala

3. Ke tsholofetso efe e e neng ya gomotsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona?

3 Akanya fela kafa botshelo bo neng bo ntse ka teng mo Bajudeng ba ba neng ba nna kwa botshwarwa kwa Babelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. Bontsi jwa bone ba ne ba goletse kwa botshwarwa fela jaaka go ne go ntse ka batsadi ba bone, mme botshelo bo ne bo le boima. Bababelona ba ne ba ba sotla ka ntlha ya tumelo ya bone mo go Jehofa. (Pes. 137:1-3) Go ralala masomesome a dingwaga, Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba nna ba ngaparetse tsholofelo eno e e nosi e e itumedisang: Jehofa o ne a solofeditse batho ba gagwe gore o tla ba phuthela gape kwa nagagaeng ya bone. O ne a re maemo a koo a tla bo a le molemolemo. E bile o ne a bo a tshwantsha naga e e tsosolositsweng ya Juda le tshingwana ya Edene—paradaise! (Bala Isaia 51:3.) Ga go pelaelo gore ditsholofetso tseo di ne di diretswe go tlhomamisetsa batho ba Modimo, go tlosa dipelaelo tse di neng di ka ba tshwenya mo pelong. Ka tsela efe? A re sekasekeng dipolelelopele dingwe tse di maleba.

4. Jehofa o ne a tlhomamisetsa jang Bajuda malebana le polokesego kwa nagagaeng ya bone?

4 Polokesego. Batshwarwa bao ba ne ba tla boela e seng kwa paradaiseng ya mmatota, mme kwa lefatsheng le le kgakala le le neng le ntse le kgakgabetse ka dingwaga di le 70, e leng naga e ba le mmalwa fela ba bone ba neng ba e itse. Ka nako eo, dinaga tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng di ne di saila ditau, diphiri, mangau le dibatana tse dingwe. Tlhogo ya lelapa e ne e ka ipotsa jaana, ‘Ke tla dira jang gore mosadi wa me le bana ba me ba nne ba bolokesegile? Mme go tweng ka dinku le dikgomo—ke tla di sireletsa jang?’ Go ne go tla bo go utlwala gore a tshwenyege ka dilo tseo. Jaanong akanya ka tsholofetso ya Modimo e e mo go Isaia 11:6-9 le kafa e tshwanetseng ya bo e ile ya ba gomotsa ka gone. (E bale.) Ka mafoko ao a a monate a poko, Jehofa o ne a tlhomamisetsa batshwarwa bao gore bone le leruo la bone ba ne ba tla nna ba sireletsegile. Tau e ne e tla ja lotlhaka ka tsela ya gore e ne e se kitla e e ja dikgomo tsa Bajuda. Batho ba ba ikanyegang ba ne ba se kitla ba boifa dibatana tseo ka tsela epe. Jehofa o ne a solofeditse gore batho ba gagwe ba ne ba tla sireletsega mo lefatsheng le le tsosolositsweng la Juda, tota le mo nageng le mo dikgweng.—Esek. 34:25.

5. Ke dipolelelopele dife tse di neng tsa thusa Bajuda ba ba neng ba boa kwa botshwarwa gore ba tlhatswege pelo gore Jehofa o tla ba tlamela ka letlepu la dilo tse ba di tlhokang?

5 Letlepu. Go na le dilo tse dingwe tse tlhogo ya lelapa e neng e ka nna ya tshwenyega ka tsone. ‘A ke tla kgona go tlamela lelapa la me kwa nagagaeng ya rona e e tsosolositsweng? Re ya go nna kae? A go tla bo go na le tiro, a mme gone e tla nna botoka go na le tiro e e lapisang ya kwa botshwarwa e re neng re e dira re gateletswe ke bathopi ba rona?’ Jehofa o ne a dirisa dipolelelopele tse di tlhotlheleditsweng go araba dipotso tseo ka tsela e e bontshang go amega. O ne a solofetsa batho ba gagwe ba ba kutlo gore dipula di ne di tla nna di na; mme seno se ne se tla dira gore lefatshe le tlhoge senkgwe se se “nonneng [kgotsa se sentsi] le se se nang le mafura.” (Isa. 30:23) Jehofa o ne a solofetsa batho ba gagwe jaana malebana le bonno le tiro e e kgotsofatsang: “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.” (Isa. 65:21, 22) Eleruri, botshelo bo ne bo tla itumedisa ka ditsela tse dintsi fa bo bapisiwa le jwa fa ba ne ba le kwa botshwarwa kwa Babelona, kwa lefatsheng la boheitane. Mme go tweng ka mathata a bone a a masisi—one a tota a dirileng gore ba feleletse ba le kwa botshwarwa?

6. Batho ba Modimo ba ne ba sa bolo go lebana le mofuta ofe wa mathata a botsogo, mme ke eng se Jehofa a neng a se tlhomamisetsa batho ba ba neng ba boa kwa botshwarwa?

6 Botsogo jwa semoya. Lobaka lo loleele pele ga batho ba Modimo ba isiwa botshwarwa, ba ne ba setse ba lwala semoyeng. Jehofa o ne a bua jaana ka batho ba gagwe a dirisa moporofeti Isaia: “Tlhogo yotlhe e a bobola, le pelo yotlhe e bokoa [kgotsa e a lwala].” (Isa. 1:5) Ba ne ba foufetse e bile ba le susu ka tsela ya semoya, ka gonne ba ne ba nna ba thiba ditsebe tsa bone gore ba se ka ba utlwa kgakololo ya ga Jehofa, e bile ba ne ba tswalela matlho a bone lesedi le a neng a le ba naya. (Isa. 6:10; Jer. 5:21; Esek. 12:2) Fa e le gore batshwarwa ba ba boelang gae ba ne ba tla aparelwa ke mathata a a tshwanang, ba ne ba ka nna le tshireletsego efe? A seno se ne se se kitla se dira gore Jehofa a se ka a tlhola a ba amogela gape? Ruri tsholofetso eno ya ga Jehofa e ne e ba gomotsa: “Mo letsatsing leo bosusu ba tla utlwa mafoko a buka, mme matlho a difofu a tla bona mo letobong le mo lefifing.” (Isa. 29:18) Eleruri Jehofa o ne a tla tlisetsa batho ba gagwe ba ba otlhailweng le ba ba ikwatlhaileng pholo ya semoya. O ne a tla ba naya kaelo e e nayang botshelo le lesedi le le nayang botshelo, fa fela ba ne ba tswelela ba di tsibogela e bile ba le kutlo.

7. Ditsholofetso tsa Modimo mo bathong ba gagwe ba ba neng ba le kwa botshwarwa di ne tsa diragadiwa jang, mme ke eng fa re tshwanetse go nonotshiwa tumelo ke seo?

7 A Jehofa o ne a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe? Re bona karabo mo go se se neng sa diragala mo hisitoring. Bajuda ba ba neng ba boela kwa nagagaeng ya bone ba ne ba segofadiwa ka polokesego, letlepu le botsogo jwa semoya. Ka sekai, Jehofa o ne a ba sireletsa mo baagelaning ba bone ba ba neng ba nonofile go ba feta e bile ba le bantsi mo go bone. Dibatana ga di a ka tsa nyeletsa leruo la Bajuda. Ke boammaaruri gore Bajuda bao ba ne ba bona fela tiragatso e potlana ya dipolelelopele tsa paradaise tse banna ba ba jaaka Isaia, Jeremia le Esekiele ba neng ba kwala ka tsone—le fa go ntse jalo, tiragatso e batho ba Modimo ba neng ba e bona, e ne e itumedisa e bile e le sone se ba neng ba se tlhoka ka yone nako eo. Fa re ntse re akanya ka se Jehofa a neng a se direla batho ba gagwe ka nako eo, tumelo ya rona e tla nonofa thata. Fa e le gore tiragatso ya ntlha e potlana ya dipolelelopele tseo e ne e itumedisa, tiragatso e kgolwane yone e tla nna jang? Akanya ka kelotlhoko ka se Jehofa a re se diretseng gompieno.

Kafa Jehofa a Simolotseng ka Gone go Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe mo Motlheng wa Rona

8. Batho ba Modimo gompieno ba ipelela mofuta ofe wa “lefatshe”?

8 Gompieno batho ba ga Jehofa ga se setšhaba se le sengwe sa mmatota, e bile ga ba nne mo nageng e le nngwe fela. Go na le moo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba bopa setšhaba sa semoya, e leng “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) Ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” di kopanela le bone mo ‘lefatsheng’ la semoya, e leng lefelo le le ka tshwantshiwang le naga e ba kgonang go obamela Jehofa Modimo ba le seoposengwe mo go yone. Kobamelo eo ke tsela ya bone ya botshelo. (Joh. 10:16; Isa. 66:8) Mme gone, Jehofa o re neile “lefatshe” la mofuta ofe? O re neile paradaise ya semoya. Mo lefelong leno, ditsholofetso tsa Modimo tse di malebana le maemo a a tshwanang le a tshimo ya Edene di ile tsa diragadiwa ka tsela ya semoya e e itumedisang. A re sekasekeng dikai dingwe.

9, 10. (a) Boporofeti jo bo mo go Isaia 11:6-9 bo diragadiwa jang gompieno? (b) Ke bosupi bofe jo re bo bonang jwa gore go na le kagiso magareng ga batho ba Modimo?

9 Polokesego. Mo boporofeting jo bo mo go Isaia 11:6-9, re fitlhela tsela e e kgatlhang e go tlhalosiwang kutlwano le kagiso ka yone—magareng ga diphologolo tsa naga mo letlhakoreng le lengwe di na le kagiso le batho le diphologolo tsa bone tsa mo gae. A tlhaloso eno e diragadiwa ka tsela ya semoya gompieno? Ee! Temana ya 9, e re bolelela lebaka la go bo dibopiwa tseno di se kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya, fa e re: “Ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” A “kitso ya ga Jehofa” e fetola boitshwaro jwa diphologolo? Nnyaa, batho ke bone ba ba fetolwang ke go itse Modimo Mogodimodimo le go ithuta go etsa ditsela tsa gagwe tsa kagiso. Ke gone ka moo le mo paradaiseng ya rona ya semoya gompieno re bonang boporofeti jono bo diragadiwa ka tsela e e itumedisang. E re ka balatedi ba ga Keresete ba busiwa ke Bogosi, ba ithuta go tlogela bogale, mekgwa ya bophologolo e bile ba ithuta go tshela ka kagiso le kutlwano le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya.

10 Ka sekai, mo kgatisong eno re sekasekile kgang e e amanang le boitlhaodi jwa Bokeresete—tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone e e theilweng mo Dikwalong mmogo le pogiso e batho ba Modimo ba ileng ba lebana le yone ka gonne ba sa tseye letlhakore. A ga se selo se se kgatlhang go itse gore mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo, go na le “setšhaba” se sentsi sa batho ba ba ganang go tsaya letlhakore mo thubakanyong ya mofuta ope fela, tota le fa ba tshosediwa ka go bolawa? Ruri seno ke bosupi jo bo kgatlhang jwa gore babusiwa ba Kgosi ya Bomesia eleruri ba itumelela kagiso e e tshwanang le e e tlhalositsweng ke Isaia! Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla itsiwe ka go ratana ga bone. (Joh. 13:34, 35) Ka bopelotelele, Keresete o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go ruta Bakeresete botlhe ba boammaaruri mo phuthegong go nna kagiso, go ratana le go nna bonolo.—Math. 24:45-47.

11, 12. Ke mofuta ofe wa leuba o o aparetseng lefatshe gompieno, le fa go ntse jalo, Jehofa o ntse a tlamela jang batho ba gagwe ka letlepu la dijo?

11 Letlepu. Lefatshe le wetswe ke leuba la semoya. Baebele e ne ya tlhagisa jaana: “‘Bonang! Metlha e etla,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘mme ke tla romela leuba mo lefatsheng, leuba, e seng la dijo, le lenyora, e seng la metsi, mme la go utlwa mafoko a ga Jehofa.’” (Amos. 8:11) A baagi ba Bogosi jwa Modimo le bone ba aparetswe ke leuba leo? Jehofa o ne a bolelela pele pharologanyo e e latelang fa gare ga batho ba gagwe le baba ba gagwe: “Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala. Bonang! Batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Bonang! Batlhanka ba me ba tla ipela, mme lona lo tla tlhajwa ke ditlhong.” (Isa. 65:13) A o ile wa bona go diragadiwa ga mafoko ano?

12 Dijo tsa semoya di elelela kwa go rona jaaka noka e e ntseng e nna sephara le go feta le e e ntseng e nna boteng le go feta. Dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng—gammogo le dikgatiso tse di rekotilweng le dibidio, dipokano tsa rona le dikopano, le dikgatiso tse di tlhagelelang mo Web site ya rona—tsotlhe fa di kopane di dira noka e e elelang ya letlepu la dijo tsa semoya mo lefatsheng leno le le bolawang ke tlala ya semoya. (Esek. 47:1-12; Joele 3:18) A ga o itumelele go bona go diragadiwa ga ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di malebana le letlepu la dijo tsa semoya mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi? A o tlhomamisa gore o ja mo tafoleng ya ga Jehofa ka metlha?

Diphuthego tsa rona di re thusa gore re fepiwe sentle semoyeng, re bolokesege le gore re itekanele sentle semoyeng

13. O bone jang go diragadiwa ga tsholofetso ya ga Jehofa e e malebana le go bulwa ga matlho a difofu le go thibololwa ga ditsebe tsa bosusu?

13 Botsogo jwa semoya. Bofofu le bosusu jwa semoya bo aname gompieno. (2 Bakor. 4:4) Le fa go ntse jalo, Keresete o fodisa makoa le malwetse mo lefatsheng lotlhe. A o kile wa bona matlho a difofu a bulwa le ditsebe tsa bosusu di thibololwa? Fa e le gore o kile wa bona batho ba tla mo kitsong ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo, ba tlogela maaka a bodumedi a a kileng a bo a ba foufaditse le go ba dira bosusu gore ba se ka ba utlwa boammaaruri, o bone tsholofetso eno e diragadiwa: “Mo letsatsing leo bosusu ba tla utlwa mafoko a buka, mme matlho a difofu a tla bona mo letobong le mo lefifing.” (Isa. 29:18) Go ralala lefatshe lotlhe, ngwaga le ngwaga batho ba le dikete di le makgolokgolo ba fodisiwa ka tsela e e ntseng jalo ya semoya. Mongwe le mongwe yo o tlogelang Babelona o Mogolo a bo a tla go kopanela le rona mo paradaiseng ya semoya go tla go obamela, ke bosupi jo bo popota jwa gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di diragaditswe!

14. Re tla nonotshiwa tumelo ke go tlhatlhanya ka bosupi bofe?

14 Kgaolo nngwe le nngwe mo bukeng eno e na le bosupi jo bo maatla jwa gore mo metlheng eno ya bofelo, Keresete o tlisitse balatedi ba gagwe mo paradaiseng ya mmatota ya semoya. A re nneng re tlhatlhanya ka ditsela tse dintsi tse re segofadiwang ka tsone mo paradaiseng eno gompieno. Fa re dira jalo, tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa tsa mo isagweng e tla tswelela e nonofa.

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

15. Goreng re ka tlhomamisega gore lefatshe le tla nna paradaise?

15 Boikaelelo jwa ga Jehofa ga e bolo go nna go dira lefatshe lotlhe paradaise. O ne a baya Adame le Efa mo tshingwaneng ya paradaise mme a ba naya taelo ya go tlatsa lefatshe lotlhe ka bana ba bone le go tlhokomela dibopiwa tsotlhe tse di mo go lone. (Gen. 1:28) Go na le moo, Adame le Efa ba ne ba kopanela le Satane mo botsuoloding mme ba thabuetsa bana botlhe ba bone mo bosaitekanelang, mo boleong le mo losong. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa Modimo ga bo ise bo ke bo fetoge. Ka metlha fa Modimo a ntsha lefoko, le diragadiwa ka botlalo. (Bala Isaia 55:10, 11.) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore bana ba ga Adame le Efa ba tla tlatsa lefatshe leno ba bo ba le fenya, ba tlhokomela ka lorato popo ya ga Jehofa mo paradaiseng ya lefatshe lotlhe. Ka nako eo, dipolelelopele tse kwa tshimologong di neng di neetswe batshwarwa ba Bajuda, tse di malebana le maemo a botshelo mo paradaiseng, di tla diragadiwa ka botlalo! A re sekasekeng dikai tse di latelang.

16. Baebele e tlhalosa jang polokesego e re tla e ipelelang mo Paradaiseng?

16 Polokesego. Kwa bofelong, papiso e e itumedisang e e mo go Isaia 11:6-9 e tla diragadiwa ka botlalo tota le e leng ka tsela ya mmatota. Banna, basadi le bana ba tla bo ba sireletsegile e bile ba bolokesegile gongwe le gongwe kwa ba yang gone mo lefatsheng. Ga go na sebopiwa sepe se se tla nnang le matshosetsi ape, e ka tswa e le motho kgotsa phologolo. Akanya ka nako e o tla bong o tsaya lefatshe leno lotlhe e le legae la gago, o kgona go thuma mo dinokeng, mo makadibeng le mo mawatleng; o kgona go ralala naga e e dithaba; e bile o kgona go tsamayatsamaya mo nageng e e tletseng bojang o sireletsegile ka botlalo. E bile o sa tlhoke go tlhobaela fa go nna bosigo. Mafoko a a mo go Esekiele 34:25 a tla diragadiwa, mo e leng gore go tla kgonega gore batho ba Modimo ba ‘nne mo nageng ka polokesego ba bo ba robale mo dikgweng.’

17. Goreng re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re tlamela ka letlepu la dilo tse re di tlhokang fa Bogosi bo tla bo bo busa mo lefatsheng lotlhe?

17 Letlepu. Akanya ka nako e go tla bong go se na khumanego, phepelotlase, leuba kgotsa dithulaganyo tsa go thusa batlhoki. Letlepu la dijo tsa semoya le batho ba Modimo ba le ipelelang gompieno le tlhomamisa gore Kgosi ya Bomesia e tla fepa babusiwa ba yone ka ditsela tsotlhe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha ka selekanyo se sennye gore a ka kgona go diragatsa ditsholofetso tseno, ka gonne o ne a fepa diketekete tsa batho ba ba tshwerweng ke tlala ka dinkgwe di le mmalwa fela le ka ditlhapi di le mmalwa fela. (Math. 14:17, 18; 15:34-36; Mar. 8:19, 20) Fa Bogosi jwa Modimo bo tla bo bo busa mo lefatsheng lotlhe, dipolelelopele tse di tshwanang le eno di tla diragadiwa ka tsela ya mmatota: “O tla naya peo ya lona e lo e jalang mo lefatsheng pula, a lo neye senkgwe e le kungo ya mmu, se e tla nnang se se nonneng le se se nang le mafura. Mo letsatsing leo diruiwa tsa gago di tla fula mo mafulong a a bulegileng.”—Isa. 30:23.

18, 19. (a) Boporofeti jo bo mo go Isaia 65:20-22 bo go ama jang? (b) Ke ka tsela efe malatsi a rona a tla nnang “jaaka malatsi a setlhare”?

18 Gompieno batho ba le bantsi ga ba akanye gore ba ka ipona ba na le legae le ba itumelelang go nna mo go lone kgotsa go nna le tiro e e duelang le e e kgotsofatsang. Mo tsamaisong eno e e tletseng tshenyetsosetšhaba le bonweenwee, batho ba le bantsi ba na le boikutlo jwa gore ba fetsa nako e ntsi ba bereka e bile ba dira ka natla mme gone bone le ba malapa a bone ba bona maduo a mannye fela, fa batho ba ba humileng le ba ba pelotshetlha e nna bone fela ba ba solegelwang molemo. Akanya fela gore go tla bo go ntse jang fa boporofeti jono bo tla bo bo diragadiwa mo lefatsheng lotlhe: “Ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa [kgotsa ba tla ipelela] tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isa. 65:20-22.

19 Mafoko a a reng malatsi a rona a tla nna “jaaka malatsi a setlhare” a kaya eng? Fa o eme fa kutung ya setlhare se segolo thata, a ga o ikutlwe o jewa ke kgakge fa o akanya kafa setlhare seo se nang le lobaka lo loleele ka gone se ntse se eme foo—gongwe bogologolo tala pele ga bagologolwane ba gago ba tsholwa? Go ka diragala gore le wena fa o ne o ka tswelela o le mo boemong jwa gone jaanong jwa bosaitekanelang, setlhare seo se ne se ka tshela lobaka lo loleele go go gaisa, se tswelela se tshela lobaka lo loleele ka kagiso tota le ka nako e go tla bong go setse go lebetswe gotlhelele gore o kile wa nna teng. Ruri Jehofa o bontsha bopelonomi ka go re tlhomamisetsa gore mo Paradaiseng ya mo isagweng, malatsi a rona a tla bo a le maleele e bile a na le kagiso! (Pes. 37:11, 29) Go tla nna le nako e tota le ditlhare tse di tshetseng lobaka lo loleele di tla tshwanang fela le bojang jo bo nnang ka nakwana, di tlhoga di bo di nyelela fa rona re tswelela re tshela ka bosakhutleng!

20. Go tla direga jang gore babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi ba ipelele botsogo jo bo itekanetseng?

20 Botsogo jo bo itekanetseng. Gompieno mongwe le mongwe o amiwa ke bolwetse le loso. Ka tsela nngwe, rotlhe re a lwala—re tshwaeditswe ke bolwetse jo bo bolayang jo bo bidiwang boleo. Kalafi e le nngwe fela e e ka alafang bolwetse joo, ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. (Bar. 3:23; 6:23) Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu le babusimmogo le ene ba tla thusa batho gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke setlhabelo seo, mme kgato ka kgato ba tla nyeletsa masaledi otlhe a boleo mo bathong ba ba ikanyegang. Boporofeti jono jwa ga Isaia bo tla diragadiwa ka botlalo: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’ Batho ba ba nnang mo lefatsheng ba tla bo ba itshwaretswe tlolo ya bone.” (Isa. 33:24) Akanya ka nako eo e go tla bong go se na ope yo o sefofu, yo o susu kgotsa yo o golafetseng. (Bala Isaia 35:5, 6.) Ga go bolwetse bope jo Jesu a tla palelwang ke go bo fodisa—e ka tswa e le jwa mo mmeleng, mo mogopolong kgotsa mo maikutlong. Babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi ba tla ipelela botsogo jo bo itekanetseng!

21. Go tla diragala eng ka loso, mme ke eng fa tsholofetso eo e go gomotsa?

21 Mme go tweng ka ditlamorago tse di tlwaelegileng tsa bolwetse, e leng diphelelo tsa boleo tse re ka se kang ra di tila—loso? Yoo ke ‘mmaba wa rona wa bofelo,’ e leng sera se batho botlhe ba ba sa itekanelang ba se nang maatla a go se fenya. (1 Bakor. 15:26) A mme gone loso ke mmaba yo Jehofa a ka mmoifang? Ela tlhoko se Isaia a neng a se bolelela pele: “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” (Isa. 25:8) A o kgona go bona nako eo ka leitlho la mogopolo? Go sa tlhole go na le diphitlho, go sa tlhole go na le mabitla e bile go sa tlhole go na le dikeledi tsa khutsafalo! Ruri maemo a tla bo a farologane gotlhelele—go tla bo go na le dikeledi tsa boipelo fa Jehofa a ntse a diragatsa tsholofetso ya gagwe e e itumedisang ya go tsosa baswi! (Bala Isaia 26:19.) Kwa bofelong, matsadi a mantsi a a bakilweng ke loso a tla fola.

22. Go tla diragala eng fa Bogosi jwa Bomesia bo setse bo feditse go dira thato ya Modimo mo lefatsheng?

22 Kwa bowelong jwa Dingwaga Tse di Sekete, Bogosi bo tla bo bo feditse go diragatsa thato ya Modimo mo lefatsheng, mme Keresete o tla busetsa puso kwa go Rraagwe. (1 Bakor. 15:25-28) E re ka kgabagare batho ba tla bo ba itekanetse, ba tla bo ba ipaakanyeditse go lebana le teko ya bofelo fa Satane a tla bo a gololwa mo moleteng wa gagwe o o se nang bolekanngo wa go sa dire sepe. Morago ga moo, Keresete o tla tapeta noga eo e e boikepo le baemanokeng botlhe ba yone. (Gen. 3:15; Tshen. 20:3, 7-10) Mme botlhe ba ba ratang Jehofa ka boikanyegi ba tla nna le tsholofelo e e itumedisang. Gongwe ga go na mafoko ape a a ka dirang gore re bone kgang eno ka leitlho la mogopolo go feta a re a fitlhelang mo polelwaneng e e tlhotlheleditsweng. Ke tsholofetso ya gore batho ba ba ikanyegang ba tla nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.

Bogosi bo tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa tse di malebana le batho le lefatshe

23, 24. (a) Goreng re tlhomamisegile gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe? (b) O ikemiseditse go dira eng?

23 Ditsholofetso tseo ga di a thewa mo ditsholofelong tsa lefela, mo dikeletsong tse di sa reng sepe kgotsa mo go ijeseng dijo tsa ditoro. Ruri Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe! Goreng re tlhomamisegile ka seno? Gopola mafoko a ga Jesu a re neng ra a sekaseka mo kgaolong ya ntlha ya buka eno. O ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela Jehofa jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Math. 6:9, 10) Bogosi jwa Modimo ga se selo sengwe se motho a se ikakanyetsang fela. Ke selo sa mmatota! Gone jaanong bo a busa kwa legodimong. Mo dingwageng tse di lekgolo, bo diragaditse ditsholofetso tsa ga Jehofa ka ditsela tse re kgonang go di bona sentle mo phuthegong ya Bokeresete. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa di tla diragadiwa fa Bogosi jwa Modimo bo tla go dirisa maatla a jone ka botlalo mo lefatsheng!

24 Re tlhomamisegile gore Bogosi jwa Modimo bo tla tla. Re tlhomamisegile gore lefoko lengwe le lengwe la ga Jehofa la tsholofetso le tla diragadiwa. Ka ntlha yang? Ka gonne BOGOSI JWA MODIMO BO A BUSA! Potso e mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsang yone ke gore, ‘A ke busiwa ke Bogosi jono?’ A re direng sotlhe se re ka se kgonang gore re tshele re le babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi gone jaanong, gore re tle re solegelwe molemo ke puso ya jone e e itekanetseng, e e tshiamo ka bosakhutleng!