Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Go Mmoledimmogo le Rona wa Bogosi yo o Rategang:

IPONE o le leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn mo mosong wa Labotlhano, Diphalane 2, 1914. O setse o ntse fa fatshe mo mannong a gago a gale fa tafoleng o letetse go goroga ga ga Mokaulengwe C. T. Russell. Ka bonako fela lebati la ntlo ya bojelo le a bulega mme go tsena Mokaulengwe Russell. Jaaka a tlwaetse, o ema go se kae a bo a dumedisa lelapa la Bethele ka boitumelo a re: “Dumelang.” Le fa go ntse jalo, go na le gore a ye go nna fa fatshe kwa tafoleng, o opa diatla a bo a dira kitsiso eno e e itumedisang: “Metlha ya Baditšhaba e khutlile; dikgosi tsa bone di feletswe ke nako!” O itumetse mo o sa kgoneng go itshwara—ga o bolo go emela nako eno ka lobaka lo loleele! Wena mmogo le maloko a mangwe otlhe a lelapa la Bethele lo amogela dikgang tseno tse di itumedisang ka go opa diatla ka lobaka lo loleele lo le matlhagatlhaga.

Go setse go fetile masomesome a dingwaga fa e sa le Mokaulengwe Russell a dira kitsiso eo e e itumedisang. Bogosi bo fitlheletse eng fa e sa le go tloga ka nako eo? Bo fitlheletse dilo tse dikgolo! Jehofa o ntse a dirisa thulaganyo ya Bogosi go itshekisa le go thapisa batho ba gagwe kgato ka kgato—go tloga go batho ba le dikete di le mmalwa ka 1914 go fitlha go ba le dimilione di feta supa le sephatlo gompieno. Wena thapiso eo e go solegetse molemo ka ditsela dife?

Gantsi gompieno re a tle re utlwe bakaulengwe ba rona ba re, “Kara ya ga Jehofa ya kwa legodimong e a tsamaya!” mme seno se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore fa e sa le go tloga ka 1914, kara eno ya kwa legodimong, e e tshwantshetsang karolo e e sa bonaleng ya phuthego ya ga Jehofa, e ntse e tsamaya ka lobelo lo logolo jaaka o tla bona fa o ntse o bala kgatiso eno ka kelotlhoko. E re ka baboledi ba Bogosi ba ne ba batla go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe, ba ile ba dirisa mekgwa e mesha e e farologaneng, e e akaretsang makwalodikgang, megwanto ya go anamisa molaetsa, go bontsha difilimi, dikarata tsa go neela bosupi, difonokerafo, radio, tota le Internet.

E re ka Jehofa a segofatsa tiro eno, gone jaanong re kgona go gatisa dikgatiso tsa rona tse di kgatlhang tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 670 le go di abela mongwe le mongwe mahala. Baithaopi ba ba intshang setlhabelo ba thusa mo kagong ya Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano le dikago tsa makala, mo dinageng tse di humileng le tse di humanegileng. Mme fa go nna le masetlapelo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato ba itlhaganelela go ya go thusa ba ba mo mafelong a a amegileng, ba bontsha gore ruri ba ‘tsholetswe nako ya fa go na le matshwenyego.’—Dia. 17:17.

Ka dinako dingwe, baruti le baganetsi ba bangwe ba rera “mathata ka taelo,” mme gone go nonotsha tumelo go bona kafa gangwe le gape maiteko a bone a a bosula a felelang ka go dira gore “dikgang tse di molemo di tswelele pele.”—Pes. 94:20; Bafil. 1:12.

Ke tlotla e kgolo mo go rona go bo re kopanela le lona “ba ntlo” mmogo le rona. Tsweetswee itseng gore lotlhe re lo rata ka lorato lo logolo. Re rapelela gore se se kwadilweng mo kgatisong eno se lo thuse go anaanela boswa jwa lona jwa semoya go feta le fa e le leng pele.—Math. 24:45.

Re lo eleletsa tsotlhe tse di molemo

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa