Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Kgaitsadi kwa Alabama, U.S.A., a tshameka puo e e rekotilweng ya ga Mokaulengwe Rutherford, kwa bowelong jwa bo1930; Ka fa mojeng: Switzerland

KAROLO 1

Boammaaruri Jwa Bogosi—Go Aba Dijo Tsa Semoya

Boammaaruri Jwa Bogosi—Go Aba Dijo Tsa Semoya

O BONA matlho a motho yo o mo rutang Baebele a phatsima ka boitumelo fa a ntse a tlhaloganya bokao jwa temana e lo sa tswang go e bala. O go botsa jaana ka bonya: “A o batla go nthaya o re Baebele e ruta gore re ka kgona go tshelela ruri mo Paradaiseng—gone mono mo lefatsheng?” Motho yo o tsamayang le ene mo tshimong o a nyenya a bo a mmotsa jaana: “Wena o utlwa Baebele e reng?” Moithuti yono o tshikinya tlhogo a feletswe a sa dumele se a se utlwang, a bo a re: “Ruri ke simolola go utlwa dikgang tseno!” O gakologelwa gore o ne a bua sengwe se se tshwanang le seno dibeke di le mmalwa tse di fetileng, fa a ne a utlwa lekgetlo la ntlha gore leina la Modimo ke Jehofa.

A o kile wa diragalelwa ke sengwe se se tshwanang le seno? Se diragaletse batho ba Modimo ba le bantsi. Go na le dilo di le mmalwa fela tse di ka re gopotsang sentle mpho e e tlhwatlhwakgolo e re e neilweng—kitso ya boammaaruri! A ko o ipotse jaana: Go tlile jang gore ke nne le mpho eno? Re tla tlotla ka potso eo mo karolong eno. Tsela e batho ba Modimo ba ileng ba amogela lesedi la semoya ka yone kgato ka kgato ke bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Bogosi jwa Modimo ke jwa mmatota. E setse e le dingwaga di le lekgolo Kgosi ya jone e bong Jesu Keresete a ntse a dira ka natla go tlhomamisa gore batho ba Modimo ba rutwa boammaaruri.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 3

Jehofa o Senola Boikaelelo Jwa Gagwe

A Bogosi e ne e le karolo ya boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong? Jesu o ne a phatsimisa jang lesedi ka Bogosi?

KGAOLO 4

Jehofa o Tlotlomatsa Leina la Gagwe

Ke eng se Bogosi bo se fitlheletseng malebana le leina la Modimo? Wena o ka nna le seabe jang mo go itshepisiweng ga leina la ga Jehofa?

KGAOLO 5

Kgosi e Phatsimisa Lesedi ka Bogosi

Tlhaloganya ka botlalo se se kaiwang ke Bogosi jwa Modimo, babusi le babusiwa ba jone le se se bolelwang ke go ikanyega mo go jone.