Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Kgaitsadi yo e leng morekisi wa dibuka a rera kwa Korea, 1931, Ka fa mojeng: Go rera ka puo ya diatla kwa Korea gompieno

KAROLO 2

Go Rera ka Bogosi—Go Anamisa Dikgang Tse di Molemo Lefatshe ka Bophara

Go Rera ka Bogosi—Go Anamisa Dikgang Tse di Molemo Lefatshe ka Bophara

KE MO mosong wa letsatsi le o sa yang tirong mme o ipaakanyetsa go ya bodireding. O okaoka go se kae ka gonne o ikutlwa o lapile. O utlwa e kete mo mosong oo o ka ikhutsa! Mme gone, o rapela ka kgang eo o bo o swetsa ka gore o tsamaye. O bereka tshimo le kgaitsadi yo o godileng, o amiwa pelo ke boitshoko le bopelonomi jwa gagwe. Mme fa lo ntse lo rera molaetsa wa boammaaruri ka ntlo le ntlo, o gopola gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago lefatshe ka bophara ba rera one molaetsa o o tshwanang, ba dirisa dikgatiso tse di tshwanang e bile botlhe ba solegelwa molemo ke thapiso e e tshwanang. Fa o fitlha kwa gae, o ikutlwa o le mafolofolo. O itumetse fela thata ka gonne ga o a ka wa tlhola fela mo gae!

Gone jaanong, bodiredi jwa Bokeresete ke tiro ya konokono ya Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, tiro ya go rera e ne e tla dirwa ka selekanyo se segolo. (Math. 24:14) Boporofeti jono jwa gagwe bo ntse bo diragadiwa jang? Mo karolong eno, re tla bua ka batho, mekgwa le didirisiwa tse di ileng tsa nna botlhokwa mo bodireding jwa Bokeresete, tse di thusang dimilionemilione tsa batho lefatshe ka bophara go bona gore Bogosi jwa Modimo ke jwa mmatota.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 6

Batho ba ba Rerang—Badiredi ba Ithaopa ka go Rata

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhomamisegile gore o tla nna le batho ba ba tla mo emang nokeng ka go rata mo metlheng ya bofelo? O ka bontsha jang gore o batla Bogosi pele?

KGAOLO 7

Mekgwa ya go Rera—Go Dirisa Ditsela Dipe Fela go Fitlhelela Batho

Ithute ka mekgwa e mesha e batho ba Modimo ba neng ba e dirisa go fitlhelela batho ba bantsi ka mo ba ka kgonang ka teng ka dikgang tse di molemo pele ga bokhutlo bo tla.

KGAOLO 8

Didirisiwa Tsa go Rera—Go Dira Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Lefatsheng Lotlhe

Tiro ya rona ya thanolo e bontsha jang gore Jesu o re eme nokeng? Ke dintlha dife ka dikgatiso tsa rona tse di go bontshang gore Bogosi ke selo sa mmatota?

KGAOLO 9

Diphelelo Tsa go Rera—“Masimo . . . a Masweu go ka Rojwa”

Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe dithuto tse pedi tsa botlhokwa ka thobo ya semoya. Dithuto tseno di re ama jang gompieno?