Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa Molemeng: Lelapa la Bethele la Brooklyn le keteka Keresemose lekgetlo la bofelo ka 1926; Ka fa Mojeng: Batho ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane

KAROLO 3

Melao ya Bogosi—Go Batla Tshiamo ya Modimo

Melao ya Bogosi—Go Batla Tshiamo ya Modimo

O TSHOLETSA seatla o dumedisa moagelani wa gago fa o feta. Bosheng jaana, o lemogile gore o ntse a go etse tlhoko wena le ba lelapa la gago. Le ene o tsholetsa seatla a go dumedisa, go tswa foo a bo a go gwetlha ka seatla a go biletsa kwa go ene. O go raya a re: “A nka go botsa potso? Ke eng se se dirang gore lo farologane thata jaana le batho ba bangwe?” Le wena o mmotsa jaana: “O raya jang?” A bo a re: “Lo Basupi ba ga Jehofa gakere? Ga lo tshwane le batho ba bangwe. Lo farologane le madumedi a mangwe—ga lo keteke malatsi a boikhutso e bile ga lo nne le seabe mo dipolotiking le mo dintweng. Ga go ope wa lona yo o gogang motsoko. E bile lelapa la gago le lebega le tshela ka melao e e kwa godimo ya boitsholo. Ke eng se se dirang gore lo farologane thata jaana le batho ba bangwe ka ditsela tse dintsi?”

O a itse gore karabo ya potso eo e motlhofo: Re tshela tumalanong le melao ya Bogosi jwa Modimo. E re ka Jesu e le Kgosi, o tswelela pele go re itshekisa. O re thusa go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe, mme seno se dira gore re farologane le lefatshe leno le le boikepo. Mo karolong eno, re tla bona kafa Bogosi jwa Bomesia bo ntseng bo itshekisa batho ba Modimo ka gone mo semoyeng, mo boitsholong le mo phuthegong—gore Jehofa a galalediwe.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 10

Kgosi e Itshekisa Batho ba Yone Semoyeng

Keresemose le sefapaano di tshwana ka eng?

KGAOLO 11

Go Itshekisiwa mo Boitsholong—Go Bontsha Boitshepo Jwa Modimo

Matlwana a balebedi le dikgoro tsa botseno tsa ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele di ile tsa nna le bokao jo bo kgethegileng mo bathong ba Modimo fa e sa le go tloga ka 1914.

KGAOLO 12

Ba Rulaganyediwa go Direla “Modimo wa Kagiso”

Baebele ga e farologanye tlhakatlhakano le thulaganyo, mme e e farologanya le kagiso. Ka ntlha yang? Mme karabo eno e ama jang Bakeresete gompieno?