Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Mokaulengwe o tshwarelwa go rera kwa Eindhoven, Netherlands, 1945; Ka fa mojeng: A kwa o nnang teng tshwanelo ya go rera e sireleditswe semolao?

KAROLO 4

Diphenyo Tsa Bogosi—Go Tlhomamisa Dikgang Tse di Molemo Semolao

Diphenyo Tsa Bogosi—Go Tlhomamisa Dikgang Tse di Molemo Semolao

FA O ntse o rera ka ntlo le ntlo, o utlwa modumo wa setlhabamokgosi kgakajana. Modumo wa teng o ntse o atamela. Fa o simolola go bua le mong wa ntlo yo o latelang, motho yo o tsamayang le ene o itewa tsebe ke koloi ya mapodise e e emang fa thoko ga lona. Lepodise le fologa mo koloing le tla kwa go lona mme le lo botsa jaana: “A ke lona ba babedi ba lo ntseng lo tsamaya ka ntlo le ntlo lo bua ka Baebele? Batho ba ntse ba ngongorega ka lona!” Lo araba ka tlotlo lo ipolela gore lo Basupi ba ga Jehofa. Go tla diragala eng morago ga moo?

Ka selekanyo se segolo, seno se ikaegile ka se se ileng sa direga mo hisitoring. Go ralala dingwaga, puso ya mo nageng e o nnang mo go yone e ile ya dirisana jang le Basupi ba ga Jehofa? A go na le kgololesego ya bodumedi ka selekanyo se se rileng? Fa go le jalo, seo se ka tswa se amana thata le tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya ba ileng ba dira ka natla ka yone go ralala masome a dingwaga mo “go sireletseng le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.” (Bafil. 1:7) Go sa kgathalesege gore o nna kae, go tlhatlhanya ka pego ya diphenyo tsa semolao tsa Basupi ba ga Jehofa, go ka go nonotsha tumelo fela thata. Mo karolong eno, re tla sekaseka dintlha dingwe tsa pego eo e e tlhomologileng. Diphenyo tsa rona di re naya bosupi jo bo itumedisang jwa gore Bogosi ke selo sa mmatota, ka gonne re ne re ka se kgone go di fitlhelela ka borona fela!

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 13

Bareri ba Bogosi ba Isa Kgetsi ya Bone Kwa Kgotlatshekelong

Baatlhodi mo dikgotlatshekelong tsa motlha wa rona ba leba dilo jaaka morutisi wa bogologolo wa Molao, e bong Gamaliele.

KGAOLO 14

Go Ema Nokeng ka Boikanyegi Puso ya Modimo e Seng Epe Gape

“Noka” ya pogiso e e ileng ya tlisiwa mo Basuping ba ga Jehofa ka ntlha ya go sa itshunye nko mo dipolotiking e ne ya komediwa ke motswedi o o neng o sa lebelelwa.

KGAOLO 15

Go Lwela Kgololesego ya go Obamela

Batho ba Modimo ba ile ba lwela tshwanelo ya go ikobela molao—molao wa Bogosi jwa Modimo.