Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Pokano e e neng e tshwaretswe mo patlelong kwa London, Engelane ka 1945; Ka fa mojeng: Kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe kwa Malawi, Afrika, 2012

KAROLO 5

Thuto ya Bogosi—Go Thapisa Batlhanka ba Kgosi

Thuto ya Bogosi—Go Thapisa Batlhanka ba Kgosi

O NYENYA ka kanaanelo fa o ntse o lebile sebui se se kwa seraleng. Ke mokaulengwe yo mmotlana wa phuthego ya lona mme o neela puo ya gagwe ya ntlha mo thulaganyong ya kopano. Fa o ntse o itumelela puo ya gagwe, o jesiwa kgakge ke thapiso e batho ba Modimo ba e amogelang. O gakologelwa maiteko a gagwe fa a ne a neetse puo ya gagwe ya ntlha mo seraleng—mme bona fela gore o setse a na le bokgoni jang! O ne a gatela pele fela thata fa a sena go ya Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela. Bosheng jaana, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba itumelela go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi. Fa o ntse o opa diatla ka ntlha ya tsela e e maatlametlo e mokaulengwe yono a neetseng polelo ka yone, o leba mo tikologong mme o akanya ka thuto e batho ba Modimo ba e amogelang.

Baebele e ile ya bolelela pele ka nako e batho ba Modimo botlhe ba tla “rutiwang ke Jehofa.” (Isa. 54:13) Re tshela mo nakong eo. Ga re amogele thuto fela ka dikgatiso tsa rona, mme gape re e amogela ka dipokano, dikopano tse dinnye, dikopano tse dikgolo le dikolo tse di farologaneng tse di diretsweng go re baakanyetsa go dira dikabelo tse di rileng mo phuthegong ya ga Jehofa. Mo karolong eno, re tla sekaseka kafa thuto eno yotlhe e nayang ka gone bosupi jo bo popota jwa gore Bogosi jwa Modimo bo a busa gompieno.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 16

Go Kopanela Mmogo go Tla go Obamela

Re ka solegelwa molemo thata jang ke dipokano tsa go obamela Jehofa?

KGAOLO 17

Go Thapisa Badiredi ba Bogosi

Dikolo tsa puso ya Modimo di thapisa jang banna le basadi ba e leng badiredi gore ba diragatse dikabelo tsa bone?