Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Dithuso tsa namolo tse di neng di tswa kwa Switzerland di romelelwa bakaulengwe ba rona kwa Jeremane ka 1946; Ka fa mojeng: Go aga sesha Holo ya Bogosi kwa Japane morago ga tsunami ka 2011

KAROLO 6

Go Ema Bogosi Nokeng—Go Agela Kobamelo le go Namola

Go Ema Bogosi Nokeng—Go Agela Kobamelo le go Namola

O TSENA mo Holong ya Bogosi mme lefelo leno le ntse kafa o sa le tlwaelang ka teng. Ga o bolo go nna o ntse o le motlotlo ka kago eno. E bile o ka tswa o gopola dinako tse di itumedisang fa o ne o thusa ka nako e e neng e agiwa mo dingwageng tse di fetileng. Ka tsela nngwe gone jaanong, o ikutlwa o le motlotlo le go feta ka gonne Holo eno ya Bogosi e fetotswe ka nakwana go nna lefelo la dithuso tsa namolo. Fa setsuatsue se sena go baka merwalela le go kgakgabatsa lefelo la lona, ka bonako fela Komiti ya Lekala e ne ya rulaganya go thusa ba ba amilweng ke masetlapelo ka dijo, diaparo, metsi a a phepa le dilo tse dingwe. Didirisiwa tsa namolo di rulagantswe ka tsela e e botswerere. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhomagane gore ba amogele se ba se tlhokang, gantsi ba ntse ba iphimola dikeledi tsa boipelo.

Jesu o ne a re letshwao le le tlhomologileng la batho ba gagwe e tla nna tsela e ba ratanang ka yone. (Joh. 13:34, 35) Mo karolong eno, re tla sekaseka kafa lorato lwa Bokeresete lo bontshiwang ka gone mo diporojekeng tsa go aga le mo maitekong a namolo a a dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Lorato loo lotlhe ke bosupi jo bo maatla jwa gore re busiwa ke Bogosi jwa ga Jesu.

MO KAROLONG ENO

KGAOLO 18

Kafa Ditiro Tsa Bogosi di Tshegediwang ka Gone ka Madi

Madi ano a tswa kae? A dirisiwa jang?

KGAOLO 19

Tiro ya go Aga e e Tlotlang Jehofa

Mafelo a kobamelo a tlotla Modimo, mme gone go na le sengwe se a se tsayang se le botlhokwa fela thata.

KGAOLO 20

Bodiredi Jwa Namolo

Re itse jang gore tiro ya namolo ke karolo ya tirelo ya rona e e boitshepo mo go Jehofa?