Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pina 139

Ba Rute go Nitama

Ba Rute go Nitama

(Mathaio 28:19, 20)

  1. Go ruta batho ba Modimo

    Go a itumedisa.

    Re bone fa a ba kaela

    Mo ditseleng tsa gagwe.

    (KHORASE)

    Jehofa, re’a go rapela

    Gore o ba tlhokomele.

    Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;

    E kete ba ka nitama.

  2. Ka metlha, fa ba ne ba lekwa,

    Ne re ba rapelela.

    E bile re ba tlhokomela;

    Jaanong ba nonofile.

    (KHORASE)

    Jehofa, re’a go rapela

    Gore o ba tlhokomele.

    Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;

    E kete ba ka nitama.

  3. A botlhe ba nne pelokgale,

    Ba ikanye Modimo.

    Fa ba ka nna ba itshokile,

    Ba tla bona botshelo.

    (KHORASE)

    Jehofa, re’a go rapela

    Gore o ba tlhokomele.

    Ka leina la ga Jesu: Re a kopa;

    E kete ba ka nitama.