Pina 152
Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona
-
Wena Jehofa o re file
sengwe sa botlhokwa.
Tsholofelo ya mmatota
Re’e bolela gotlhe.
Mme ditlhobaelo tsa botshelo
di a re boifisa,
Jalo re bo re felelwa
ke tsholofelo eo.
(KHORASE)
O tshepo, tsholofelo
maatla’a rona.
O re fa se re se tlhokang.
Fa re rera, re ruta,
ga re boife
ka gonne ra go ikanya.
-
Tlhe Jehofa re thuse gore,
re se go lebale,
O re gomotsa ka metlha
fa re tlhobaela.
Mme seno se re naya maatla
a gore re itshoke,
re nne le bopelokgale
go bua ka wena.
((KHORASE)
O tshepo, tsholofelo
maatla’a rona.
O re fa se re se tlhokang.
Fa re rera, re ruta,
ga re boife
ka gonne ra go ikanya.
(Bona le Pes 72:13, 14; Dia 3:5, 6, 26; Jer 17:7.)