Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 2

Jesu o a Tlotlwa Pele ga a Tsholwa

Jesu o a Tlotlwa Pele ga a Tsholwa

LUKE 1:34-56

  • MAREA O ETELA ELISABETHA WA LOSIKA LWA GAGWE

Fa moengele a sena go bolelela lekgarebane lengwe le le bidiwang Marea gore le tla nna le ngwana wa mosimane yo o bidiwang Jesu le gore ngwana yoo o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng, Marea o mmotsa a re: “Seno se tla direga jang, ka gonne ga ke tlhakanele dikobo le monna ope?”—Luke 1:34.

Gabariele o mo araba a re: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, e bile maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo, ngwana yo o tla tsholwang o tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”—Luke 1:35.

Gabariele o bua mafoko a a latelang, gongwe e le go thusa Marea go amogela molaetsa o a tlang ka one: “Elisabetha wa losika lwa gago le ene o imile ngwana wa mosimane le fa gone a setse a tsofetse, mme kgwedi eno ke ya gagwe ya borataro, ene yo batho ba reng ke moopa; ka gonne ga go na sepe se Modimo a se buileng se se ka se kang sa kgonega.”—Luke 1:36, 37.

Karabo ya ga Marea e bontsha gore o amogela se Gabariele a se buileng. A re: “Nna ke lelata la ga Jehofa! E kete se o se buileng se ka ntiragalela.”—Luke 1:38.

Fa Gabriele a sena go tsamaya, Marea o ipaakanyetsa go etela Elisabetha, yo ene le monna wa gagwe Sekarea, ba nnang gaufi le Jerusalema kwa nageng ya Judea e e dithaba. Loeto lono lo ka tsaya malatsi a le mararo kgotsa a le manê fa o tswa kwa Nasaretha.

La bofelo Marea o goroga kwa lelapeng la ga Sekarea. Fa a goroga o dumedisa Elisabetha. Ka yone nako eo, Elisabetha o tlala moya o o boitshepo a bo a raya Marea a re: “Ruri o segofaditswe go feta basadi botlhe, le ngwana yo o mo popelong ya gago o segofaditswe! Ka jalo, go tla jang gore ke bo ke neilwe tshiamelo eno, ya gore ke etelwe ke mmaagwe Morena wa me? Gonne e rile fela ke utlwa tumediso ya gago, losea lo lo mo popelong ya me lo ne lwa tlola ka boitumelo.”—Luke 1:42-44.

Marea o araba ka tsela e e bontshang gore o a leboga, a re: “Ke tlotlomatsa Jehofa, e bile pelo ya me e itumetse thata ka ntlha ya Modimo, Mmoloki wa me, ka gonne o lebile boemo jwa me jo bo kwa tlase, nna lelata la gagwe. Go tloga jaanong go ya pele dikokomana tsotlhe di tla bolela gore ke itumetse, ka gonne Modimo yo o maatla o ntiretse ditiro tse dikgolo.” Re kgona go lemoga gore le fa Marea a neilwe tshiamelo eno, o isa kgalalelo yotlhe kwa Modimong. A re: “Leina la gagwe le boitshepo, mme o utlwela batho botlhe ba ba mmoifang botlhoko mo dikokomaneng tsotlhe.”—Luke 1:46-50.

Marea o tswelela a baka Modimo a dirisa mafoko a a tlhotlheleditsweng a boporofeti, a re: “O dirile ditiro tse di maatla ka lebogo la gagwe; o gasamisitse ba ba mabela. O folositse banna ba ba nang le maatla mo ditulong tsa bogosi a bo a godisa batho ba maemo a a kwa tlase; o dirile gore ba ba tshwerweng ke tlala ba kgore ka go ba naya dilo tse di molemo mme bahumi a ba tsamaisa ba iphotlhere. O thusitse motlhanka wa gagwe e bong Iseraele, a gakologelwa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla nna kutlwelobotlhoko mo go Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe ka bosakhutleng, fela jaaka a ile a bolelela borraaronamogolo.”—Luke 1:51-55.

Marea o nna le Elisabetha dikgwedi di ka nna tharo, gongwe e le gore a thuse Elisabetha mo dibekeng tsa gagwe tsa bofelo pele a tshola ngwana. Ruri go a itumedisa go bo basadi bano ba ba ikanyegang, ba Modimo a ba thusitseng gore ba kgone go ima, ba bo ba le mmogo mo nakong eno ya botshelo jwa bone!

A o etse tlhoko gore Jesu o ile a tlotliwa jang pele ga a tsholwa? Elisabetha o ile a mmitsa “Morena wa me,” mme losea lo lo mo popelong ya gagwe lo ne lwa “tlola ka boitumelo” fa Marea a ne a dumedisa Elisabetha. Seno se farologane thata le kafa batho moragonyana ba neng ba tshwara Marea le ngwana wa gagwe ka gone, jaaka re tla bona.