Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 4

Marea o Imile Mme ga a Nyalwa

Marea o Imile Mme ga a Nyalwa

MATHAIO 1:18-25 LUKE 1:56

  • JOSEFA O LEMOGA GORE MAREA O IMILE

  • JOSEFA O NYALA MAREA

Marea o na le dikgwedi di le nnê a imile. Gopola gore o feditse dikgwedi tsa ntlha tsa boimana jwa gagwe a le kwa go Elisabetha. Gone jaanong Marea o boetse gae kwa Nasaretha. Go ise go ye kae, batho ba motse ono ba tla lemoga gore o imile. Ruri boemo jono bo tshwanetse jwa bo bo mo tshwenya thata!

Se se dirang gore dilo di nne maswe le go feta ke gore Marea o beeleditswe ke mmetli mongwe yo o bidiwang Josefa. E bile o a itse gore go ya ka Molao o Modimo a o neileng Baiseraele, fa mosadi a beeleditswe mme a bo a tlhakanela dikobo le monna yo mongwe, o tshwanetse go bolawa ka go kgobotlediwa ka maje. (Duteronome 22:23, 24) Ka jalo, le fa gone Marea a sa dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, o ipotsa gore o tla tlhalosetsa Josefa jang gore o imile le gore ke eng se se tla mo diragalelang.

Marea o na le dikgwedi di le tharo a seyo, ka jalo ga go pelaelo gore Josefa o tlhologeletswe go mmona. Fa ba kopana, go bonala Marea a mmolelela boemo jwa gagwe, a leka go mo tlhalosetsa gore moya o o boitshepo wa Modimo ke one o dirileng gore a ime. Mme gone, go thata tota gore Josefa a tlhaloganye le go dumela kgang eno.

Josefa o a itse gore Marea ke mosadi yo o siameng le gore ke motho yo o itshwereng sentle. E bile o mo rata fela thata. Go sa kgathalesege se Marea a se buang, go bonala Josefa a sa ntse a dumela gore Marea o imisitswe ke monna yo mongwe. Le fa go ntse jalo, Josefa ga a batle gore Marea a bolawe e bile ga a batle go mo tlhabisa ditlhong; ka jalo, o dira tshwetso ya go mo tlhala mo sephiring. Mo metlheng eo, fa batho ba beeletsane, ba ne ba tsewa ba nyalane mme fa ba batla go fedisa peeletso eo, ba ne ba tshwanetse go tlhalana.

Moragonyana fa Josefa a ntse a akanyetsa kwa teng ka kgang eno, o ne a robala. Mme moengele wa ga Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene mo torong a bo a mo raya a re: “O se ka wa tshaba go isa mosadi wa gago e bong Marea kwa gae, ka gonne moya o o boitshepo ke one o dirileng gore a ime. Mosadi yono o tla tshola ngwana wa mosimane, mme wena o mmitse Jesu, ka gonne o tla golola batho ba gagabo mo maleong a bone.”—Mathaio 1:20, 21.

Josefa o tsoga a itumetse tota ka gonne jaanong kgang e rarabologile! Ka yone nako eo, o dira se moengele a mo laetseng sone. O tseela Marea kwa legaeng la gagwe. Eno ke kgato e e dirwang phatlalatsa, e tota e tshwanang le moletlo wa lenyalo, e e bontshang gore jaanong Josefa le Marea ba nyalane. Le fa go ntse jalo, Josefa ga a tlhakanele dikobo le Marea fa a sa ntse a imile Jesu.

Dikgwedi morago ga moo, Josefa le Marea ba tshwanetse go ipaakanyetsa go tsaya loeto ba tswa mo legaeng la bone mo Nasaretha. Ba ya kae mo nakong eno e Marea a leng gaufi le go belega?