Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 5

Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?

Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?

LUKE 2:1-20

  • JESU O TSHOLELWA KWA BETHELEHEMA

  • BADISA BA ETELA JESU FA E SA NTSE E LE LOSEA

Mmusimogolo wa Roma e bong Kaesara Aguseto, o ntshitse taelo ya gore batho botlhe ba kwadisiwe. Ka jalo, Josefa le Marea ba tshwanetse go ya kwa motseng o Josefa a tsholetsweng kwa go one wa Bethelehema, o o kwa borwa jwa Jerusalema.

Batho ba le bantsi ba tlile go ikwadisa mo Bethelehema. Josefa le Marea ba ka bona marobalo fela mo lefelong le ditonki le diphologolo tse dingwe di nnang mo go lone. Ke gone kwa Jesu a tsholelwang teng. Marea o mo phuthela ka matsela a bo a mo robatsa mo bojelong jwa diruiwa.

Modimo o tshwanetse a bo a ile a tlhomamisa gore Kaesara Aguseto o dira molao ono wa go ikwadisa. Goreng? Ka gonne seno se ne sa dira gore Jesu a tsholelwe kwa Bethelehema, motse o rraagwemogolo e bong Kgosi Dafide a tsholetsweng kwa go one. Dikwalo di ne di sa bolo go bolelela pele gore Mmusi o ne a tla tsholelwa mo motseng ono.—Mika 5:2.

Ruri bosigo jono bo botlhokwa thata! Fa badisa bangwe ba ntse ba le kwa nageng bosigo, ba bona lesedi le legolo le phatsima go ba dikologa. Ke kgalalelo ya ga Jehofa! Moengele wa Modimo o raya badisa bano a re: “Lo se ka lwa tshoga, gonne ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boitumelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone. Gompieno kwa motseng wa ga Dafide lo tsholetswe mmoloki, yo e leng Keresete Morena. Mme seno ke sesupo se lo tla se bonang: Lo tla fitlhela losea lo phuthetswe ka matsela mme lo robaditswe mo bojelong jwa diruiwa.” Ka bonako fela, go tla baengele ba bangwe ba bantsintsi ba bo ba re: “A Modimo yo o kwa legodimong a galalediwe, mme a batho ba ba mo lefatsheng ba a ba amogelang ba nne le kagiso.”—Luke 2:10-14.

Fa baengele ba sena go tsamaya, badisa ba raana ba re: “A re yeng kwa Bethelehema mme re ye go bona se se diragetseng, se Jehofa a se re boleletseng.” (Luke 2:15) Ba itlhaganelela teng mme ba fitlhela losea lo lo sa tswang go tsholwa lo le fa moengele a ba boleletseng gore ba tla lo fitlhela gone. Fa badisa ba bolelela batho dilo tse moengele a di buileng, batho bano ba a gakgamala. Marea o boloka mafoko ano mo pelong a bo a akanyetsa kwa teng ka bokao jwa one.

Batho ba le bantsi gompieno ba dumela gore Jesu o tshotswe ka di 25 tsa December. Mme ka December dipula di a na e bile go tsididi kwa Bethelehema. Ka dinako tse dingwe, kapoko e a wa. Ka nako eo ya ngwaga, go ka se direge gore badisa ba nne kwa nageng bosigo le diruiwa tsa bone. Gape, go ne go ka se direge gore mmusimogolo wa Roma a laele batho ba ba neng ba setse ba batla go mo tlhanogela gore ba tseye loeto mo marigeng gore ba ye go ikwadisa. Go bonala Jesu a tshotswe nako nngwe ka October.