Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 12

Jesu o a Kolobediwa

Jesu o a Kolobediwa

MATHAIO 3:13-17 MAREKO 1:9-11 LUKE 3:21, 22 JOHANE 1:32-34

  • JESU O A KOLOBEDIWA A BO A TLODIWA

  • JEHOFA O BOLELA GORE JESU KE MORWAWE

Dikgwedi di ka nna thataro fa Johane Mokolobetsi a sena go simolola go rera, Jesu yo jaanong a nang le dingwaga di ka nna 30, o ya kwa go ene kwa Nokeng ya Joredane. O ya go dira eng? Ga a ye go bona gore tiro ya Johane e tsamaya jang. Go na le moo, o ya kwa go Johane gore Johane a mo kolobetse.

Johane o a gana a bo a mo raya a re: “Ke wena yo o tshwanetseng go nkolobetsa, jaanong goreng o tla mo go nna?” (Mathaio 3:14) Johane o a itse gore Jesu ke Morwa yo o kgethegileng wa Modimo. Gopola gore fa Johane a ne a sa ntse a le mo popelong ya ga mmaagwe, o ile a tlola ka boitumelo fa Marea yo a neng a imile Jesu, a ne a etetse mmaagwe Johane e bong Elisabetha. Ga go pelaelo gore mmaagwe o ile a mmolelela ka tiragalo eno. Gape a ka tswa a ile a bolelelwa ka moengele yo o ileng a itsise ka go tsholwa ga ga Jesu le ka baengele ba ba ileng ba iponatsa kwa badiseng mo bosigong jo Jesu a neng a tsholwa mo go jone.

Johane o tlhaloganya gore o tshwanetse go kolobetsa batho ba ba ikwatlhaelang maleo a bone. Mme Jesu ene ga a na boleo. Le fa gone Johane a gana go kolobetsa Jesu, Jesu o mo raya a re: “O se ka wa nthibela gonne ka tsela eno re tla bo re dira se Modimo a se batlang.”—Mathaio 3:15.

Goreng Jesu a tshwanetse go kolobediwa? Jesu ga a kolobediwe ka gonne a ikwatlhaela maleo a gagwe. Mme kolobetso ya gagwe e bontsha gore o batla go dira thato ya ga Rraagwe. (Bahebera 10:5-7) Jesu e ntse e le mmetli, mme jaanong ke nako ya gore a simolole tiro e Rraagwe yo o kwa legodimong a mo rometseng go tla go e dira mo lefatsheng. A o akanya gore Johane o lebeletse gore go direge sengwe se se sa tlwaelegang fa a kolobetsa Jesu?

Moragonyana Johane o bega jaana: “Ene yo o nthomileng gore ke kolobetse mo metsing o ne a nthaya a re: ‘Fa o bona moya o o boitshepo o fologela mo mothong ope fela o bo o nna mo go ene, yoo ke ene yo o kolobetsang ka moya o o boitshepo.’” (Johane 1:33) Ka jalo, Johane o lebeletse gore moya wa Modimo o tle go nna mo mothong mongwe yo a tla mo kolobetsang. Fa Jesu a tswa mo metsing, Johane a ka tswa a sa gakgamale fa a bona “moya wa Modimo o fologa jaaka lephoi o bo o tla mo go [Jesu].”—Mathaio 3:16.

Mme go direga sengwe gape fa Jesu a kolobediwa. ‘Magodimo a a bulega.’ Seno se kaya eng? Se ka tswa se kaya gore ka nako ya fa Jesu a kolobediwa, dikakanyo tsa fa a ne a tshela kwa legodimong di boela mo mogopolong wa gagwe. O kgona go gopola botshelo jwa fa e ne e le moengele wa Modimo, go akaretsa le boammaaruri jo Modimo a ileng a bo mo ruta fa a ne a le kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng.

Gape, fa Jesu a kolobediwa go tswa lentswe kwa legodimong le re: “Yono ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Ke lentswe la ga mang? Ga se la ga Jesu, ka gonne o na le Johane ka nako eo. Ke lentswe la Modimo. Tota Jesu ke Morwa Modimo; ga se Modimo.

Go a bonala gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng e ne e le morwa yo o itekanetseng wa Modimo, fela jaaka Adame. Fa Luke a sena go tlhalosa kolobetso ya ga Jesu, o ile a kwala a re: “Fa Jesu a simolola tiro ya gagwe, o ne a na le dingwaga di ka nna 30, mme jaaka batho ba le bantsi ba ne ba dumela, e ne e le morwa Josefa, morwa Heli, . . . morwa Dafide, . . . morwa Aborahame, . . . morwa Noa, . . . morwa Adame, morwa Modimo.”—Luke 3:23-38.

Fa Jesu a kolobediwa, Jehofa o tshololela moya wa gagwe mo go ene, mme e nna morwa Modimo ka tsela e e kgethegileng. Ka jalo, go tloga ka nako eo, Jesu o ruta batho boammaaruri ka Modimo e bile o ba bontsha tsela e e isang botshelong. Jesu o simolola go dira tiro e Rraagwe a mo neileng yone, mme o e wetsa ka botlalo fa a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo.