Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 26

“O Itshwaretswe Maleo a Gago”

“O Itshwaretswe Maleo a Gago”

MATHAIO 9:1-8 MAREKO 2:1-12 LUKE 5:17-26

  • JESU O ITSHWARELA MALEO A MONNA YO O SA KGONENG GO TSAMAYA A BO A MO FODISA

Batho ba ba nnang kgakala ba utlwaletse ka ga Jesu. Ba tla ba tswa koo go tla go mo utlwa a ruta le go mmona a dira dikgakgamatso. Mme gone, morago ga malatsi a se kae, o boela kwa Kaperenama, kwa a neng a nna gone fa a ne a rerela batho. Batho ba ba nnang gaufi le Lewatle la Galalea ba utlwalela gore o boile. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ya kwa a nnang gone. Bangwe ba batho bao ke Bafarasai le barutisi ba Molao ba ba tswang mo Galalea le Judea, ga mmogo le Jerusalema.

‘Ka jalo, bontsi jwa batho bo phuthegela kwa go ene, mme ga go tlhole go na le mo ba ka emang teng, tota le mo kgorong, mme o simolola go ba bolelela lefoko la Modimo.’ (Mareko 2:2) Sengwe se se itumedisang se tloga se direga. Tiragalo eno e re thusa go bona gore Jesu o na le maatla a go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula le gore o tla dira gore batho botlhe ba nne le botsogo jo bontle.

Fa Jesu a ntse a ruta batho, banna ba le banê ba tlisa monna yo o sa kgoneng go tsamaya, a robetse mo bolaong. Ba batla gore Jesu a mo fodise. Le fa go ntse jalo, ga ba kgone go mo tsenya “mo teng kwa go Jesu” ka gonne batho ba bantsi thata. (Mareko 2:4) Seemo seno se ka kgoba marapo. Ba ya kwa borulelong ba bo ba bula phatlha mo go jone. Go tswa foo, ba folosetsa bolao jwa monna yoo kwa go Jesu.

A Jesu o a galefa fa ba mo itaya tsebe? Nnyaa. O kgatlhiwa ke tumelo ya bone, a bo a raya monna yo o sa kgoneng go tsamaya a re: “O itshwaretswe maleo a gago.” (Mathaio 9:2) A mme gone Jesu o kgona go itshwarela batho maleo? Bakwadi le Bafarasai ba simolola go ngongorega ba re: “Ke ka ntlha yang fa monna yono a bua jaana? O a tlhapatsa. Ga go na ope yo o ka itshwarelang batho maleo, ke Modimo fela.”—Mareko 2:7.

E re ka Jesu a itse se ba se akantseng, o ba raya a re: “Ke eng se se motlhofo, a ke go raya motho yono yo o sa kgoneng go tsamaya o re, ‘O itshwaretswe maleo a gago,’ kgotsa go mo raya o re, ‘Ema o tseye bolao jwa gago mme o tsamaye’?” (Mareko 2:8, 9) Jesu o kgona go itshwarela maleo a batho ka gonne o ne a tlile go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo.

Go tswa foo, Jesu o bontsha batho, go akaretsa le ba ba ngongoregang ka ene, gore o na le maatla a go itshwarela batho maleo. O leba monna yo o sa kgoneng go tsamaya a bo a mo raya a re: “Ema, tsaya bolao jwa gago, mme o ye gae.” Mme o a ema, o tsaya bolao jwa gagwe ka bonako a bo a tswa fa pele ga bone botlhe a tsamaya. Batho botlhe ba a gakgamala! Ba galaletsa Modimo ba re: “Ga re ise re ke re bone selo se se ntseng jaana.”—Mareko 2:11, 12.

Jesu o bontsha gore boleo bo tsamaisana le bolwetse le gore fa motho a itshwarelwa maleo, a ka kgona go nna le botsogo jo bontle. Baebele e ruta gore motho wa ntlha e bong Adame o ne a leofa mme rona re ne ra rua boleo mo go ene, ka ntlha ya seo re a lwala e bile re a swa. Mme fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, Jesu o tla itshwarela maleo a batho botlhe ba ba ratang Modimo e bile ba mo direla. Ka nako eo, go tla bo go sa tlhole go na le ope yo o lwalang.—Baroma 5:12, 18, 19.