Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 30

Jesu ke Morwa Modimo

Jesu ke Morwa Modimo

JOHANE 5:17-47

  • MODIMO KE RRAAGWE JESU

  • TSHOLOFETSO YA GORE BASWI BA TLA TSOGA

Fa Bajuda ba latofatsa Jesu ba re o tlola molao wa Sabata ka go fodisa motho, Jesu o ba raya a re: “Go fitlha jaanong, Rre o ntse a bereka, le nna ke tsweletse ke a bereka.”—Johane 5:17.

Dilo tse Jesu a di dirang ga di kgatlhanong le molao wa Modimo wa Sabata. O etsa Modimo ka go dira ditiro tse di molemo fa a rera le go fodisa batho. Ka jalo, o tswelela a dira dilo tse di molemo letsatsi le letsatsi. Mme gone, batho ba ba mo latofatsang ga ba rate tsela e a ba arabang ka yone, mme seno se dira gore ba batle go mmolaya. Goreng ba batla go mmolaya?

Ba na le kgopolo e e phoso ya gore Jesu o tlola molao ka go fodisa batho ka letsatsi la Sabata, gape ba kgopisiwa ke gore Jesu a re ke Morwa Modimo. Ba tsaya gore Jesu o a tlhapatsa fa a re ke Morwa Modimo, jaaka e kete fa Jesu a re Jehofa ke Rraagwe, a re o lekana le ene. Le fa go ntse jalo, Jesu o bua ka bopelokgale gore o na le kamano e e kgethegileng le Modimo. A re: “Gonne Rara o rata Morwa mme o mmontsha dilo tsotlhe tse a di dirang.”—Johane 5:20.

Rara ke ene a nayang batho botshelo e bile o ile a bontsha seo mo nakong e e fetileng ka go naya banna bangwe maatla a go tsosa baswi. Jesu a re: “Gonne fela jaaka Rara a tsosa baswi, ka tsela e e tshwanang Morwa le ene o tsosa ope fela yo a batlang go mo tsosa.” (Johane 5:21) Ruri mafoko ano a naya batho tsholofelo. Le gone jaanong, Morwa o tsosa batho ba ba suleng ka tsela ya tshwantshetso. Ke gone ka moo a reng: “Ope fela yo o utlwang lefoko la me e bile a dumela Ene yo o nthomileng o tlile go bona botshelo jo bo sa khutleng, mme ga a kitla a atlholwa, go na le moo, o tshwana le motho yo o neng a sule mme jaanong o a tshela.”—Johane 5:24.

Jesu o ne a ise a tsose ope mo baswing ka nako eo, mme gone o raya batho ba ba mo latofatsang a re o tlile go tsosa batho. A re: “Nako e etla e batho botlhe ba ba mo mabitleng ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tsoga.”—Johane 5:28, 29.

Le fa gone Modimo a neile Jesu seabe se se kgethegileng, Jesu o bontsha sentle gore ga a lekane le Modimo fa a re: “Ga nka ke ka dira sepe ka bonna. . . . Ga ke dire thato ya me, mme ke dira thato ya ga Rre yo o nthomileng.” (Johane 5:30) Jesu o tlhalosa gore o na le seabe se se kgethegileng mo maikaelelong a Modimo mme ke lekgetlo la ntlha a tlhalosetsa batho seo phatlalatsa. Mme gone, batho ba ba neng ba mo latofatsa ba ne ba setse ba itse ka ga gagwe. Jesu a re: “Lo rometse batho kwa go Johane [Mokolobetsi], mme o ne a bua boammaaruri ka ga me.”—Johane 5:33.

Batho ba ba latofatsang Jesu ba ka tswa ba ile ba utlwa ka ga gagwe dingwaga tse pedi pelenyana fa Johane a ne a bolelela baeteledipele ba Bajuda ka yo o tlang kwa morago ga gagwe, yo o neng a bidiwa “Moporofeti” le “Keresete.” (Johane 1:20-25) O ne a ba gopotsa ka Johane yo ba neng ba mo tlotla a re: “Lo ne lo rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakwana fela.” (Johane 5:35) Mme Jesu ene o ntsha bosupi jo bo gaisang jwa ga Johane Mokolobetsi.

Jesu o tswelela a re: “Bosupi joo ke gore ke dira ditiro [go akaretsa le kgakgamatso e a sa tswang go e dira ya go fodisa] tse a nthomileng gore ke di dire. Mme Rara o buile gore o nthomile.” (Johane 5:36, 37) Ka sekai, fa Jesu a ne a kolobediwa, Modimo o ile a ntsha bosupi jwa seo.—Mathaio 3:17.

Tota batho ba ba ganetsang Jesu ga ba na lebaka la go dira jalo. Dikwalo tse ba reng ba a di ithuta di naya bosupi ka ene. Jesu o konela ka go re: “Fa lo ne lo dumetse Moshe lo ne lo tla ntumela, ka gonne o kwadile ka ga me. Mme fa lo sa dumele se a se kwadileng, lo tla dumela jang se ke se buang?”—Johane 5:46, 47.