Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 36

Modiredi wa Masole o Bontsha Tumelo e Kgolo

Modiredi wa Masole o Bontsha Tumelo e Kgolo

MATHAIO 8:5-13 LUKE 7:1-10

  • MOTLHANKA WA MODIREDI WA MASOLE O A FODISIWA

  • BA BA NANG LE TUMELO BA TLA SEGOFADIWA

Fa Jesu a sena go neela Thero ya gagwe ya Kwa Thabeng, o ya kwa motseng wa Kaperenama. Baeteledipele bangwe ba Bajuda ba tla kwa go ene. Ba romilwe ke monna wa setšhaba se sele, yo o okametseng masole a Roma.

Motlhanka wa modiredi wa masole o lwala fela thata e bile o tloga a swa. Le fa gone modiredi yono e le wa setšhaba se sele, o kopa Jesu gore a mo thuse. Bajuda ba bolelela Jesu gore motlhanka yono “ga a kgone go suta mo ntlong ka gonne o sule ditokololo, mme o mo ditlhabing tse di botlhoko.” (Mathaio 8:6) Baeteledipele ba Bajuda ba bolelela Jesu gore modiredi yono wa masole o tlhoka go thusiwa. Ba mo raya ba re: “O rata setšhaba sa rona e bile o ile a re agela sinagoge.”—Luke 7:4, 5.

Ka yone nako eo, Jesu o tsamaya le baeteledipele bao mme ba ya kwa ntlong ya modiredi wa masole. Fa ba ntse ba atamela ntlo, modiredi yono o roma batlhanka ba gagwe gore ba reye Jesu ba re: “Rra, o se ka wa itshwenya ka go tla mo ntlong ya me, ka gonne ga ke tshwanelege gore o ka tsena mo ntlong ya me. Ke ka moo le nna ke neng ke bona ke sa tshwanelege go tla kwa go wena.” (Luke 7:6, 7) Ruri monna yono yo o tlwaetseng go ntsha ditaelo, o bontsha gore o boikokobetso! Gape seno se bontsha gore monna yono o farologane le Baroma ba ba tlwaetseng go gatelela batlhanka ba bone.—Mathaio 8:9.

Modiredi yono wa masole o a itse gore Bajuda ga ba dirisane le batho ba e seng Bajuda. (Ditiro 10:28) Gongwe a ka tswa a akantse ka seno fa a raya batlhanka ba gagwe a re ba reye Jesu ba re: “Bua lefoko, mme motlhanka wa me o tla fola.”—Luke 7:7.

Jesu o a gakgamala fa a utlwa seno a bo a ba raya a re: “Ke a lo bolelela, ga ke ise nke ke bone motho ope mo Iseraele yo o nang le tumelo e kgolo jaana.” (Luke 7:9) Fa batlhanka ba modiredi yono ba boela kwa lapeng, ba fitlhela motlhanka yo a neng a lwala a fodile.

Fa Jesu a sena go fodisa motlhanka yono, o dirisa tshono eno go tlhalosa gore batho ba e seng Bajuda ba ba bontshang tumelo ba tla segofadiwa, a re: “Batho ba le bantsi ba ba tswang kwa botlhaba le kwa bophirima ba tla tla ba bo ba nna fa tafoleng le Aborahame le Isake le Jakobe mo Bogosing jwa magodimo.” Go tweng ka Bajuda ba ba se nang tumelo? Jesu a re “ba tla latlhelwa kwa ntle kwa lefifing. Fa ba le koo ba tla bokolela ba bo ba felelwa ke maatla.”—Mathaio 8:11, 12.

Ka jalo, Bajuda ba ba sa amogeleng tshono e e neilweng bone pele ya gore ba nne karolo ya Bogosi ba busa le Keresete, ba tla ganwa. Mme batho ba e seng Bajuda ba tla amogelwa gore ba nne fa tafoleng ka tsela ya tshwantshetso, “mo Bogosing jwa magodimo.”