Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 45

O na Le Maatla a go Leleka Madimona a le Mantsi

O na Le Maatla a go Leleka Madimona a le Mantsi

MATHAIO 8:28-34 MAREKO 5:1-20 LUKE 8:26-39

  • O LELEKELA MADIMONA MO DIKOLOBENG

Fa barutwa ba boela kwa lotshitshing morago ga tiragalo e e tshosang e e ba diragaletseng mo lewatleng, ba bona sengwe gape se se gakgamatsang. Banna ba le babedi ba ba galefileng, ba ba laolwang ke madimona, ba tswa mo mabitleng a a gaufi ba bo ba tabogela kwa go Jesu! Efangele ya ga Mareko le ya ga Luke di bua fela ka monna a le mongwe, gongwe e le ka gonne a le bogale go gaisa yo mongwe e bile a na le lobaka lo loleele a ntse a laolwa ke madimona.

Monna yono yo o tlhomolang pelo, o ntse a tsamaya a sa apara. O nna ‘a goa mo mabitleng le mo dithabeng bosigo le motshegare e bile a itshega ka maje.’ (Mareko 5:5) Ga a laolesege mo e leng gore batho ba tshaba go feta ka tsela eo. Bangwe ba kile ba leka go mmofa, mme o kgaola dikeetane tse ba mmofang ka tsone. Ga go na ope yo o mo kgonang.

Fa monna yono a atamela kwa go Jesu a bo a khubama fa dinaong tsa gagwe, madimona a a mo go ene a dira gore a goe a re: “O batla eng mo go nna, Jesu, Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke kopa gore o ntsholofetse fa pele ga Modimo gore ga o kitla o nkotlhaya.” Jesu o bontsha gore o na le taolo mo madimoneng ka go a laela a re: “Tswa mo monneng yono, ledimona ke wena.”—Mareko 5:7, 8.

Boammaaruri ke gore monna yono o na le madimona a le mantsi. Fa Jesu a botsa a re, “Leina la gago ke mang?” ledimona le mo araba le re: “Leina la me ke Mophato, ka gonne re bantsi.” (Mareko 5:9) Setlhopha sa masole a Roma se se nang le masole a le diketekete se bidiwa mophato; ka jalo go na le madimona a le mantsi mo monneng yono e bile a itumelela go mmogisa. A kopa Jesu gore “a se ka a a laela go ya kwa khuting e e kwa tengteng.” A kgona go lemoga gore ke eng se se tlileng go a diragalela, one mmogo le moeteledipele wa one e bong Satane.—Luke 8:31.

Go na le dikolobe di ka nna 2 000 tse di fulang foo. Diphologolo tseno di itshekologile go ya ka Molao wa ga Moshe e bile Bajuda ba ka se di rue. Madimona ao a mo raya a re: “Tsweetswee, re ise kwa dikolobeng tsele gore re tsene mo go tsone.” (Mareko 5:12) Jesu o a letla go ya kwa dikolobeng tseo, mme a ya go tsena kwa go tsone. Ka yone nako eo, dikolobe tseo tsotlhe di a taboga mme fa di fitlha fa thaba e felelang gone, di wela mo lewatleng.

Fa badisa ba bona seo, ba a tshaba ba bo ba ya go bega kwa motseng le kwa mafelong a a dikologileng motse. Batho ba a tswa ba tla go bona se se diragetseng. Fa ba goroga, ba bona monna yo madimona a duleng mo go ene a siame e bile tlhaloganyo ya gagwe e bereka sentle. Jaanong o apere e bile o ntse fa dinaong tsa ga Jesu!

Batho ba ba utlwang dikgang tseno kgotsa ba ba bonang monna yono ba a tshoga, ga ba tlhaloganye gore seno se ka tswa se kaya eng. Ba kopa Jesu gore a tswe mo kgaolong ya bone. Fa Jesu a palama mokoro gore a tsamaye, monna yo o neng a na le madimona o mo kopa go tsamaya le ene. Le fa go ntse jalo, Jesu o raya monna yoo a re: “Ya gae kwa go ba losika lwa gago, mme o ba bolelele dilo tsotlhe tse Jehofa a go diretseng tsone le kafa a neng a go utlwela botlhoko ka gone.”—Mareko 5:19.

Gantsi Jesu o laela batho ba a ba fodisang gore ba se ka ba bolelela ba bangwe, ka gonne ga a batle gore batho ba dire ditshwetso ka ene ba ikaegile ka magatwe a ba a utlwileng. Mo lekgetlong leno, monna yo o neng a na le madimona ke sesupo sa gore Jesu o na le maatla e bile a ka kgona go naya bosupi mo bathong ba Jesu a ka se kgoneng go ba fitlhelela. Gape bosupi jono bo ka nna jwa thusa go ritibatsa pego e e sa itumediseng ya dikolobe tse di suleng. Ka jalo, monna yono o a tsamaya a bo a simolola go bolelela batho mo Dekapolise yotlhe se Jesu a mo diretseng sone.