Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 49

O Rera mo Galalea e Bile o Katisa Baaposetoloi

O Rera mo Galalea e Bile o Katisa Baaposetoloi

MATHAIO 9:35–10:15 MAREKO 6:6-11 LUKE 9:1-5

  • JESU O MO GALALEA GAPE

  • O ROMELA BAAPOSETOLOI GORE BA YE GO RERA

Jesu o ntse a tshwaregile ka tiro ya go rera dingwaga di ka nna pedi. A jaanong eno ke nako ya go iketla le go ikhutsa? Go farologana le seo, Jesu o atolosa tiro ya gagwe ya go rera ka go “etela metse le metsana yotlhe [ya Galalea], a ruta mo disinagogeng tsa bone, a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi e bile a fodisa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.” (Mathaio 9:35) Se a se bonang se mo tlhomamisetsa gore o tlhoka go atolosa tiro ya gagwe ya go rera. Mme gone o tla fitlhelela seno jang?

Fa Jesu a ntse a tsamaya, o a lemoga gore batho ba tlhoka thuso le kgomotso e ba ka nnang le yone fa ba itse boammaaruri. Ba tshwana le dinku tse di se nang modisa, tse di sotlegileng e bile di gasame. O ba tlhomogela pelo a bo a raya barutwa ba gagwe a re: “Eleruri, thobo e kgolo, mme badiri ba mmalwa. Ka jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”—Mathaio 9:37, 38.

Jesu o itse se se tla thusang. O bitsa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 a bo a ba kgaoganya ka bobedi le bobedi, a dira ditlhopha tsa bareri di le thataro. Go tswa foo, o ba naya ditaelo tseno tse di utlwalang sentle: “Lo se ka lwa ya kwa bathong ba ditšhaba tse dingwe, e bile lo se ka lwa tsena mo motseng ope wa Basamarea; mme go na le moo, lo ye kwa dinkung tse di latlhegileng tsa setšhaba sa Iseraele lo sa kgaotse. Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere lo re: ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’”—Mathaio 10:5-7.

Bogosi jo ba tshwanetseng go rera ka jone, ke jo Jesu a ileng a bua ka jone mo thapelong ya Morena. ‘Bogosi joo bo atametse’ ka tsela ya gore Kgosi e Modimo a e tlhomileng, e bong Jesu Keresete, e gone. Mme gone, ke eng se se tla bontshang gore ruri barutwa bano ke baemedi ba Bogosi joo? Jesu o ba naya maatla a go fodisa batho ba ba lwalang le go tsosa ba ba suleng, mme ba tshwanetse go dira jalo mahala. Mme gone, baaposetoloi bano ba tla bona kae dilo tse ba di tlhokang, tse di jaaka dijo tsa letsatsi le letsatsi?

Jesu o laela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba tseela loeto lono mefago. Ba se ka ba tsenya gauta, selefera kgotsa kopore mo dikgetsaneng tsa bone. Tota e bile, ga ba tlhoke go tsaya dijo, diaparo tse dingwe kgotsa ditlhako tse dingwe. Goreng ba sa tshwanela go dira jalo? Jesu o ba tlhomamisetsa jaana: “Modiri o tshwanetse go newa dijo.” (Mathaio 10:10) Batho ba ba tla kgatlhegelang molaetsa wa barutwa bano, ba tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. Jesu o ba raya a re: “Mo legaeng lepe fela le lo tsenang mo go lone, lo nne koo go fitlha lo tswa mo lefelong leo.”—Mareko 6:10.

Gape Jesu o ba naya ditaelo tsa gore ba bue jang le beng ba matlo ka molaetsa wa Bogosi, a re: “Fa lo tsena mo ntlong, lo dumedise batho ba ntlo eo. Fa ba lo amogela, a kagiso ya lona e nne le bone; mme fa ba sa lo amogele, a kagiso ya lona e boele mo go lona. Gongwe le gongwe kwa batho ba sa lo amogeleng kgotsa ba sa reetseng mafoko a lona gone, fa lo tswa mo ntlong eo kgotsa mo motseng oo, lo tlhotlhore lorole mo dinaong tsa lona.”—Mathaio 10:12-14.

Tota e bile, go ka direga gore batho botlhe mo motseng kgotsa mo motsaneng ba gane molaetsa wa bone. Mme go ka direga eng ka lefelo leo? Jesu o tlhalosa gore go ka felela ka gore lefelo leo le atlholwe botlhoko. A re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, lefatshe la Sodoma le Gomora le tla kgona go itshokela Letsatsi la Katlholo go gaisa motse oo.”—Mathaio 10:15.